2012
Ka metlha mo Gare
Phukwi 2012


Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha, Phukwi 2012

Ka metlha mo Gare

Setshwantsho
Moporesidente Dieter F. Utchtdorf

Ka di alemanaka tse dintsi tsa lefatshe, Phukwi o tshwaya bogare jwa ngwaga. E re ka tshimologo le bokhutlo jwa dilo bo itumelelwa le go gakologelwa, dilo tse di fa gare gangwe le gape di tsamaya di sa lemogiwe.

Tshimologo ke dinako tsa go dira tshwetso tsa popota, go dira dipolane, go phatlhalatsa natla. Bokhutlo ke dinako tsa go tsopodiegela tlase le gore bo ka nna jwa akaretsa maikutlo a go fetsa kgotsa a go retelelwa. Mme ka tebelelo e e lolameng, fa re itsaya jaaka re le fa garega dilo go ka re thusa e seng fela go tlhaloganya botshelo mo go botoka mme gape go bo tshela mo go nang le bokao jo bontsi.

Bogare jwa Tiro ya Thomo

Fa Ke buwa le barongwa ba rona ba ba botlana, gangwe le gape Ke ba bolelela gore ba fa gare ga dithomo tsa bone. Le ntswa e le gone ba gorogang maabane kgotsa ba emelela go ya gae kamoso, Ke ba kopa gore ba ikakanye ka metlha ba le fa gare.

Barongwa ba basha ba ka ikutlwa ekete gabana maitemogelo go dira ka botswerere, mme ka jalo ba diege go buwa kgotsa go dira ka thokgamo le botlhaga. Barongwa ba ba setseng ba tlhwaetse ba ba gaufi le go fetsa dithomo tsa bone ba ka utlwa botlhoko gore dithomo tsa bone di tla bokhutlong, kgotsa ba ka goga dinao fa ba akanya ka se ba tlileng go se dira morago ga dithomo tsa bone.

Seemo sefe kapo sefe le gore ba direla kae, boammaaruri ke gore barongwa ba Morena letsatsi le letsatsi ba jwala dipeo tse di sa balegeng tsa dikgang tse di molemo. Fa ba ikakanya ka metlha ba le mo gare ga dithomo tsa bone go tla a ba rotloetsa le go bathatafatsa baemedi ba ba boikanyego ba Morena. Jaaka fela go ntse le barongwa ba nako tsotlhe, go ntse jalo le ka rona rotlhe.

Re fa Gare ka Metlha

Phetogo e mo tshedimosetsong e feta go tsietsa tlhaloganyo ka motlhofo. Go nale boammaaruri jo bo papametseng mo morago ga mogopolo wa gore re fa gare ka metlha. Fa re lebelela lefelo la rona mo mmepeng, re reelesega gore re re rekwa tshimologong. Mme fa re lebelela ka kelotlhoko, gongwe le gongwe kwa re leng teng ka motlhofo re mo bogareng jwa lefelo le le tona.

Jaaka gontse mo lefaufaung, gontse jalo leka nako. Re ka nna ra utlwa ekete re kwa tshimologong kgotsa bokhutlong jwa matshelo a rona, mme fa re lebelela ko re leng gone kgatlhanong le seemo sa bosakhutleng— fa re lemoga gore mowa wa rona o tshidile ka nako go feta mo re ka go akanyang go lekanyetsa le, ka ntlha ya setlhabelo se se itekanetseng le Tefo ya ga Jeso Keresete, gore mewa ya rona e tla a tshela ka bosakhutleng jo bo tlang—re ka lemoga gore ka boammaaruri re fa gare.

Mo bosheng Ke ne ka ikutlwa gore ke dire gape letlapa la lebitla mo lebitleng la batsadi ba me. Nako e ne ya seka ya nna bonolo mo lefelo la lebitla, mme ka ikutlwa gore letlapa la lebitla le lesha le tla a bo le tshwanetse matshelo a bone a sekai. Fa ke lebelela matsatsi a matsalo le a loso lwa bone mo letlapeng la lebitla a kopantswe ke mola yo o seng botlhokwa yo monnye, letshwao le le lennye la sebaka sa botshelo ka bofefo la tlala mo tlhaloganyong le mo pelong yame ka bontsi jwa dikgakologelo tse dihumileng. Nngwe le nngwe ya dikhumo tsa dikgakologelo tse di bontsha nakwana mo gare ga matshelo a batsadi ba me le mo gare ga botshelo jwa me.

Gore dingwaga tsa rona ke eng, gore lefelo la rona le fa kae, fa dilo di diragala mo matshelong a rona, re gale fa gare. Gore ke eng mo gontsi, re tla a nna ka metlha rele fa gare.

Tsholofelo ya go Nna fa Gare

Ee, go tla a nna le dinakwana tsa tshimologo le dinakwana tsa bokhutlo mo tsamaong ya matshelo a rona, mme tse ke matshwao fela mo tseleng ya bogolo jwa bo gare jwa matshelo a rona a bosakhutleng. Le fa re ka tswa rele kwa tshimolong kgotsa rele kwa bokhutlong, le fa re ka tswa re le ba botlana kgotsa rele bagolo, Morena o ka re dirisa mo maikaelelong a Gagwe fa ka motlhofo re ka baya kwa thoko eng fela seo sere fokoletsang kgonagalo ya rona go direla le go letlelela thato ya Gagwe go bopa matshelo a rona.

Mopesalema a re, “Le ke letsatsi le Morena a le dirileng; re tshwanetse go itumela le go ipela mo go lone” (Pesalema 118:24). Amuleke o re gakolola gore “botshelo jo ke nako ya batho go ipaakanyetsa go kopana le Modimo; ee, bonang letsatsi la botshelo jo ke letsatsi la batho go dira ditiro tsa bone” (Alema 34:32; emphasis added). Mme mmoki o akanya gore, “Ka go senang bokhutlo—go dirilwe ke bo Jaanong.”1

Fa ka metlha re nna re lefa gare go raya gore motshameko ga o fele, tsholofelo ga e nke e latlhega, tatlhegelo ga e nke e fela. Go sa kgathalesege gore re ko kae kgotsa gore diemo tsa rona ke eng, bosakhutleng jwa tshimologo le bosakhutleng jwa bokhutlo bo atologa fa pele ga rona.

Ka metlha re nna re le fa gare.

Ntlha

  1. Emily Dickinson, “Forever—is composed of Nows,” in The Complete Poems of Emily Dickinson, ed. Thomas H. Johnson (1960), 624.

Go ruta Molaetsa O

Akanya ka go buisana le lelwapa ka fa “ka metlha ba leng fa gare,” le fa tota ba ka tswa ba simolola kgotsa ba khutlisa sengwe. Ba rotloetse gore ba dire bojotlhe mo ditirong tsa bone tse ba di dirang jaanong, e seng go remelela mo go se se fitileng kgotsa mo go emeleng tiro kgotsa porojeke e e latelang. O ka nna wa batla go ba gakolola gore ba tlhophe sengwe se ba ka se dirang ele lelwapa go diragatsa kgakololo e le go baya letsatsi leo ba solofelang gore ba tla fitlhelela sekgele sa bone.

Gatisa