2012
Go supa Borutwana jwa Rona ka Lorato le Tirelo
Phukwi 2012


Molaetsa wa Thuto ya Ketelo, Phukwi 2012

Go supa Borutwana jwa Rona ka Lorato le Tirelo

Ithute ka thapelo sedirisiwa se mme, fa go tlhokega, buisanya le bakaulengwe ba o ba etelang. Dirisa dipotso go thusa gore o thatafatse bakaulengwe ba gago le go dira Mokgatlho wa Thuso gore e nne ntlha nngwe ya botshelo jwa gago e e tlhaga.

Tumelo, Lelwapa, Thuso

Ka tsamao ya botshelo jwa Gagwe mo lefatsheng, Jeso Keresete o supile lorato la Gagwe go ba bangwe ka go ba direla. O ne a re, “Ka se batho botlhe ba tla a itse gore lo barutwana ba me, fa lo ratana” (Johane 13:35). O beile sekai mme o batla re “tlamela bao ba tlhokang tlamelo ya [rona]” Mosaeya 4:16). O bitsa barutwana ba Gagwe gore ba dire le Ene mo bodireding jwa Gagwe, a ba neela tshono ya go direla ba bangwe le go nna tota jaaka Ene.1

Tirelo ya rona rele baruti ba ketelo e tlaa tshwana thata le bodiredi jwa Mmoloki wa rona fa re supa lorato go bao re ba etelang go ba ruta k go dira mo tsedi latelang:2

  • Re gakologelwa maina a bone le maina a maloko a ba malwapa a bone le go itsalanya le bone.

  • Ba rate o sa ba atlhole.

  • Batlhokomele e bile o nonotshe tumelo ya bone ka “bongwe ka bongwe,” jaaka Mmoloki a dirile (3 Nifae 11:15).

  • Nitamisa botsalano ka bopelontle le bone mme o ba etele mo malwapeng a bone le go sele.

  • Kgathalela mokaulengwe mongwe le mongwe. Gakologelwa malatsi a matsalo, a dikaloso,a manyalo, a dikolobetso, kgotsa dinako tse dingwe tse di nang le bokao go ene.

  • Otlololela go maloko a masha le a a seng tlhaga.

  • O ye go ba ba jewang ke bodutu kgotsa bao ba ba tlhokang kgomotso.

Go tsweng Mafokong a tumelo

3 Nifae 11; Moronae 6:4; Doctrine and Covenants 20:47

Go tsweng mo Ditsong tsa Rona

“Kgolagano e Ntsha e akaretsa dipego tsa basadi, ba builwe ka maina le ba sa buiwa ka maina, bao ba bontshitseng tumelo mo go Jeso Keresete. … Basadi ba ba nnile sekai sa borutwana. … [Ba] tsamaile le Jeso le Baaposetole ba Gagwe ba ba Lesome le Bobedi. Ba file di tshompelo tsa bone go thusa mo Bodireding jwa Gagwe. Morago ga loso le go Tsoga mo baswing ga Gagwe, [ba] ne ba tswelela ka go nna barutwana ba ba boikanyego.”3

Paulo o ne a kwadile ka mosadi a bidiwang Phebe, yo o e neng “e le motlhanka wa kereke” Baroma 16:1). O ne a kopa batho gore ba “mo thuse mo go sengwe le sengwe sa tiro se a tla a se ba lopang: gonne o ne a nnile motlamedi wa ba bantsi” (Romans 16:2). “Tirelo ya mofuta o o fiwang Phebe le ba bangwe basadi ba bagolo ba Kgolaganyo e Ntsha e tswelela gompieno ka maloko a Mokgatlho wa Thuso—baeteledipele, baruti ba ketelo, bo mme, le ba bangwe—ba ba dirang e le batlamedi, kgotsa bathusi, go ba bantsi.”4

Dintlha

  1. Bona Daughters in My Kingdom: The History and Work of Relief Society (2011), 105.

  2. Bona Handbook 2: Administering the Church (2010), 3.2.3.

  3. Daughters in My Kingdom, 3.

  4. Daughters in My Kingdom, 6.

Ke Ka Dira Eng?

  1. Ke dira eng go oketsa bokgoni jwa me go tlamela ba bangwe?

  2. Ke dira eng go supa gore bokaulengwe ba Ke ba tlhokometseng ba itse gore Ke a ba rata?

Gatisa