2012
Bosigo ka Botlalo Pele ga Keresemose
Sedimonthole 2012


Bonana

Bosigo ka Botlalo Pele ga Keresemose

E rile ke gola, nngwe ya karolo e e neng e gaisa thata ya ngwaga mongwe le mongwe e ne ele bosigo pele ga Keresemose. Lelwapa lame le ne le dira phitsha, ba ye kopelong ya di kherole, mme gape ba kgobokane go nna le neelo ya Keresemose. Re ne re opela difela ka bosenang boiketlo ka molodi wa karolo tse nne mme ra opela di kherole godimo ka go farologana ga rona mo go neng go sa tlwaelesega. Ntate o ne ka metlha a swetsa mantsiboa ka kakanyo ya Keresemose eo e neng e re tlogela ka dikeledi tsa boitumelo. Botshelo bo ne bo sa nne botoka gona le Bosigo pele ga Keresemose.

E ne ya re ke setse ke godilenyana, mme wa me o ne a simolola go tlhokomela moagisanyi yo mmotlana, Kelly. Kelly o ne a tla kwa ntlong ya rona letsatsi le letsatsi morago ga sekolo fa mme wa gagwe, Patty, a bereka. Kelly o ne a ntshala morago jaaka ntsanyana — ka modimo le ka letlhoko. E ne ka metlha go thusa fa Patty a tsaya morwaetsana wa gagwe mme a tswe mo legaeng la me le lelwapa la me ka kagiso.

Sedimonthole mongwe, Ke ne ke tshwenyegile fa mme wa me a laletsa Patty le Kelly gore ba kopane le rona ka Bogiso pele ga Keresemose. Bosigo jwa Me Pele ga Keresemose. Mme wame o ne a nnetefaletsa gore, “Ga gone go fetola sepe.” Mme Ke ne ke itse botoka. Batlile go ja phitsha ya rona yotlhe. Kelly o ya go tshega go opela ga rona. Ke ne ka tlogelela go rona Bosigo pele ga Keresemose jo bo maswe le go feta.

E rile fa mantsiboa a goroga, Patty le Kelly ba ne ba kopana le rona, mme re ne ra bua le go tshega le go opela. Mme wa me o ne a nepagetse. E ne e le ka botlalo. Ka bosigogare ba ne ba re leboga mme ba kgaogana le rona e se ka keletso. Ke ne ka ya ko bolaong ka pelo e e tletseng. Ke ne ka lemoga fa dimpho tseo di tlhwatlhwa tsa Keresemose ga di nyelediwe fa di abelanwa. Mo boemong joo di a natifisiwa gape di okediwe fa re di fa.

Gatisa