2012
Go lemoga gape Mowa wa Keresemose
Sedimonthole 2012


Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha, Sedimonthole 2012

Go lemoga gape Mowa wa Keresemose

Setshwantsho
Moporesidente Thomas S. Monson

Dingwaga tse di fitileng kele mogolwane yo mmotlana, Ke ne ka bilediwa le ba bangwe kwa kokelong mo Toropokgolong ya Salt Lake go fa masego go bana ba bannye. Ka go tsena, re ne ra bona setlhare sa Keresemose sena le dipone tse di phatshimang sele tebego mme ra bona mephuthelwana eo e neng e phuthetswe ka bonontlhotlho ka fa tlase ga dikala tsa sone tseo dineng di phuthulogile. Mme re ne ra ya mo dikhoritoyeng koo basimanyana le basetsanyana — bangwe ba hapilwe ka polasetara mo letsogong kgotsa mo leotong, bangwe ka malwatsi a gongwe a neng a ka se kake a fodisiwe ka go ipaakanya ba ne ba — re dumedisa ka difatlhego tsa menyenyo.

Mosimanyana yo monnye, yo a neng a lwala thata o ne a mpitsa, “Leina la gago ke mang?”

Ke ne ka mmolelela leina lame, mme o ne a batlisisa, “A o tlaa mpha tshegofatso?”

Tshegofatso e ne ya fiwa, mme e ne ya re re retologela go tswa mo bolaong jwa gagwe, o ne a re, “Kealeboga thata.”

Re ne ra tsamaya dikgato dile mokawana, mme Ke ne ka mo utlwa a bitsa, “Ao, Morwarre Monson, itumelele Keresemose.” Mme monyenyo o mogolo o ne wa nna gareng ga sefatlhego sa gagwe.

Mosimane yo o ne a na le mowa wa Keresemose. Mowa wa Keresemose ke sengwe se Ke solofelang rotlhe re ka nna le sone mo dipelong le mo matshelong a rona — e seng fela mo pakeng e fela mme gape le mo ngwageng otlhe.

Fa re na le mowa wa Keresemose, re a mo gakologelwa Ene yo o matsalo a gagwe re a ipelelang ka paka e ya ngwaga: “Gonne go lona go tshotswe letsatsing le mo toropokgolong ya ga Tafite Mmoloki, yo o eleng Keresete Morena” (Luke 2:11).

Mo letsatsing la rona mowa wa go fa dimpho go tsaya karolo e kgolo mo go ipeleleng paka ya Keresemose. Ke ipotsa gore a re ka seke re boelwe ka go ipotsa gore, Ke dife dimpho tse Morena a ka di ntetlelelang gore ke di Mofe kgotsa ke di fe babangwe ka paka e e tlhwatlhwa e ya ngwaga?

Mpe Ke gakolole gore Rraetsho yo o kwa Legodimong o batla mongwe le mongwe wa rona gore a mofe Ene le Morwaa wa Gagwe mpho ya kobamelo. Ke ikutlwa gape gore O ka re batla gore re fe ka borona le eseng gonna bopelo tshetlha kgotsa boikgakgapelo kgotsa go omana, jaaka Morwa wa Gagwe wa tlhwatlhwa a gakolola mo Bukeng ya ga Momone.

“Ammaaruri, ammaaruri Ke ya lo raya, e ne yo o nang le mowa wa komano ga se wame, mme ke wa ga diabole, yo o … fuduwang dipelo tsa batho go ganetsana ka tshakgalo, go mongwe ka yo mongwe.

“Bonang, se ga se thuto yame, go fuduwa dipelo tsa batho ka tshakgalo, mongwe kgatlhanong le yo mongwe; mme se ke thuto ya me, gore dilo tse di jalo di tshwanetse go fedisiwa” (3 Nephi 11:29–30).

Mo tebalebong e e e hakgamatsang ya dinako tsa botlalo, ditshono tsa rona tsa go rata le go fa ka borona di ka tota di sa feleng, mme gape di na le go latlhega ka tiegelo. Gompieno go na le dipelo go itumedisa, mafoko a bopelontle go a bua, dithuso go di dira, le mewa go pholoswa.

Mongwe yo o neng ana le tebo e e maatla mo moweng wa Keresemose o ne a kwala:

Ke nna Mowa wa Keresemose —

Ke tsena mo legaeng la khumanego, ke dira bana ba ba difatlhego di phaphaletseng go bula matlho thata, go itumela ka kgakgamalo.

Ke dira gore seatla se se tshwereng sa moikgagapedi se tlogele mme ka jalo ke take mo felwaneng ya mowa wa gagwe phatshimo.

Ke dira gore bao bagodileng ba shafatse bonana jwa bone mme ba tshege ka tsela ya bogolo ya boitumelo.

Ke tshegetsa keletso ya lorato gore e tuke mo pelong ya bonyana, mme ke phatshimise boroko ka ditoro tseo di rokeletsweng ka masalamose.

Ke dira maikemisetso a go thusa bao ba ba tlhokang, ke ba tlogela ka dipelo tse di hakgamatsang ka bomolemo jwa lefatshe.

Ke dira gore morwa sesenyi a eme ka nakwana tsela ya gagwe ya bophologolo, ya go sesomareleng mme a mo romelele mme a romelwe kwa lorato le le tlhobaelang ele sesupegetso seo se ntshang dikeledi tsa boitumelo — dikeledi tseo di tlhatswang meradi eo e thata ya bohutsana.

Ke tsena mo diseleng tse di lefifi, ke gakolola bonna jo bo tshogileng ka ga se e kannang sone le go ba supegetsa kwa pele ka malatsi a a molemo a a tlang.

Ke tla ka boleta ka bo iketlo, mo legaeng le le sweu la botlhoko, le dipuonama tse di bokowa go bua ele fela go roroma ka tidimalo, malebogo ao a a buegang sentle.

Ka ditsela tse sekete, Ke dira gore lefatshe leo le lapileng le lebe godimo go sefatlhego sa Modimo, mme ka nakwana e nyenyane ba lebale dilo tse di nnye tseo di tlhabisang ditlhong.

Ke nna Mowa wa Keresemose.1

A rotlhe re lemogeng sesha mowa wa Keresemose — eleng tota Mowa wa ga Keresete.

Ntlha

  1. E. C. Baird, “Christmas Spirit,” mo James S. Hewitt, ed., Illustrations Unlimited (1988), 81.

Go ruta go tswa Molaetseng o

Jaaka fa o abelana molaetsa wa ga Moporesidente Monson le lelwapa, akanyetsa o gatelela potso eo ae boditseng ka ga dimpho tseo Morena o ka re batlang gore re di fe go Ene kgotsa go ba bangwe mo pakeng e. Rotloetsa maloko a lelwapa gore a kwale dikakanyo le megopolo ya bone (kgotsa, go bana ba ba botlana, tshwantsha setshwantsho) ka ga gore o ka “lemoga jang sesha mowa wa Keresemose — eleng tota Mowa wa ga Keresete.”

Gatisa