2012
Thuto ya Ketelo, Tiro ya Pholoso
Sedimonthole 2012


Molaetsa wa Thuto ya Ketelo, Sedimonthole 2012

Thuto ya Ketelo, Tiro ya Pholoso

Bala sedirisiwa se ka thapelo mme, fa go tlhokega, buisanya le bakaulengwe bao o ba etelang. Dirisa dipotso go thusa gore o thatafatse bakaulengweba gago mme o dire Mokgatlho wa Thuso gore e nne ntlha nngwe ya botshelo jwa gago e e tlhaga.

Setshwantsho
Kano ya Mokgatlho wa Thuso

Tumelo, Lelwapa, Thuso

Thuto ya ketelo e fa basadi tshono ya go lebelelana, go thatafatsa, le go rutana — ke ka boammaaruri gore ke tiro ya pholoso. Ka thuto ya ketelo, bakaulengwe ba fa boruti mo boemong jwa Mmoloki le go thusa go baakanyetsa basadi masego a botshelo jwa bosa khutlheng.

“Re tla ya ‘go tlhagisa, go atolosa, go kgothatsa, le go ruta, le go laletsa [ba bangwe] go tla kwa go Keresete’ (D&C 20:59), jaaka Morena a buile mo di tshenolong tsa gagwe,” ga bua Moporesidente Spencer W. Kimball (1895–1985). Go godimo ga moo, o ne are, “Bopaki jwa lona ke tsela ya go buisa molaetsa jo bogolo.”1

Fa rona rele baruti ba ketelo re oketsa kitso ya rona ya boammaaruri jwa efangele, bopaki jwa rona bo thatafatsa le go rotloetsa bakaulengwe bao ba ipaakanyetsang go kolobediwa le go tlhomamisiwa. Re thusa maloko a masha gore a tseye karolo thata mo efangeleng. Diketelo tsa rona le lorato di re thusa go “fenya gape bao ba ba duleng mo tseleng [le] go thuthafatsa dipelo tsa bao ba ba goletseng mo botsididing mo efangeleng.”2 Mme re rotloetsa bakaulengwe go tla go Keresete ka go tsena tempele.

“O ya go pholosa mewa,” ga bua Moporesidente Kimball go etela baruti, “mme ke mang yo o ka bolelang fa e se gore bontsi jwa batho ba ba siameng bale tlhaga mo Kerekeng gompieno ba tlhaga ka gore o ne o ile mo magaeng a bone le gore o ne wa ba fa tebego e ntsha, tebelelo e ntsha. O ba sedimoseditse dilo dingwe tseo ba neng ba sa di tlhaloganye. O ba okeleditse dikgonego tsa bone. …

“O a bona, ga se fela gore o boloka bakaulengwe ba, mme gongwe gape le banyadi ba bone le magae a bone.”3

Go tsweng mo Mafokong a tumelo

Dithuto le Dikgolagano 20:59; 84:106; 138:56

Gotsweng mo Ditsong tsa Rona

E ne ya re fa Moporofiti Joseph Smith a rulaganya Mokgatlho wa Thuso, o ne are basadi ga se fela gore ba tlhokomele bahumanegi, mme gape gore ba pholose mewa. O ne gape a rutile basadi mo Kerekeng go tsaya karolo ya botlhokwa mo thulaganyong ya pholoso ya ga Rraetsho yo o kwa Legodimong.4 Re kaelwa ka melawana e e rutilweng ka Moporofiti Joseph Smith, rele bakaulengwe le malwapa mo Mokgatlhong wa Thuso re ka bereka mmogo le go baakanyetsa basadi le malwapa a bone masego a magolo thata a Modimo.

“Tlaa re nneng le bopelotlhomogi mo go ba bangweng ka rona,” ga buwa Moporesidente Brigham Young (1801–77), “mme [bao ba] nonofileng ba oke ka lorato ba o baba leng bokowa mogo ba nonotsheng, mme mpe bao baba bonang ba kaele difofu go fitlhela ba bona tsela kabo bone.”5

Dintlha

  1. Spencer W. Kimball, mo Daughters in My Kingdom: The History and Work of Relief Society (2011), 116.

  2. Eliza R. Snow, mo Daughters in My Kingdom, 83.

  3. Spencer W. Kimball, mo Daughters in My Kingdom, 117.

  4. Bona Joseph Smith, mo Daughters in My Kingdom, 171–72.

  5. Brigham Young, mo Daughters in My Kingdom, 107.

Ke ka dirang?

  1. Mokgatlho wa Thuso o mpaakanyetsa jang masego a botshelo jwa bosa khutlheng?

  2. Ke ka dira eng go oketsa tumelo ya bao ba ke ba lebeletseng godimo?

Gatisa