2013
Go abelana le Tsala
Tlhakole 2013


Banana

Go abelana le Tsala

Letsatsi lengwe ke ntse ke ithutela tlelase ya seminary, Ke ne ka nna le tlhotlheletso e e faphegileng. E ne yare ke ntse ke balela thuto eo ya letsatsi le le latelang, Ke ne ka bona sefatlhego sa tsala gotswa kwa sekolong mme ka nna le maikutlo a magolo A gore ke abelane bopaki jwame le ene.

Lentswa go ne tlhotlheletso e ene e tlhamaletse, Ke ne ka boifa. Ke ne ke tshwenyegile gore tsala yame a kanna a intatola, bogolo jang ka gore o ne a sa lebege ele mofuta wa basetsana bao ba neng ba lebega ba ka tsena Kereke.

 Ke ne ka akanya kwa morago kwa puisanyong nngwe ka Mokaulengwe Mary N. Cook wa boporesidente jwa kakaretso jwa Basadi Potlana ye a neng a re gwetlha gore re bereke thata mme re ntshe ga tshwene.1 Ke ne ke batlile go nna jalo, jalo Ke ne ka kwalela mosetsana yo lekwalo mme ka fa bopaki jwa boammaaruri jwa Kereke le jwa lorato lwame go Buka ya ga Momone. Mo letsatsing le le latelang ke ne ka sutleletsa kgatiso ya Buka ya ga Momone, ga mmogo le lekwalo lame, mo bekeng ya gagwe.

 Mo go ileng ga nkgakgamatsa, tsala yame o ne a nna le keletso e kgolo mo efangeleng. Go simolola letsatsi leo, o ne a mpolelela se a se ithutileng fa a bala Buka ya ga Momone. Mo dibekeng tseo dineng tsa tla morago, Ke ne ka mo mmontsha baanamisa efangele. Ka ponyo ya leitlho, o ne a amogela tlhomamiso gotsweng go Moya o o Boitshepo gore seo a se ithutang ke boammaaruri. Baanamisa efangele le nna re ne ra lela fa ane a re bolelela maikutlo a gagwe. Tsala yame o ne ka bonako a kolobediwa, mme batsadi ba gagwe ba ne ba gakgamaletse diphetogo tseo di tsileng go ene.

 Ke itumetse thata gore Ke ne ka kgona go fenya poifo yame le go thusa go tlisa efangele mo botshelong jwa gagwe.

Ntlha

  1. Bona Mary N. Cook, “Never, Never, Never Give Up!” Liahona, Motsheganong 2010, 117–19.

Gatisa