2013
Go sokologela go Moreneng
Tlhakole 2013


Molaetsa wa Thuto ya Ketelo, Tlhakole 2013

Go sokologela go Moreneng

Bala sedirisiwa se ka thapelo mme, fa go tlhokega, buisanya le bakaulengwe bao o ba etelang. Dirisa dipotso go thusa gore o thatafatse bakaulengwe mme o dire Mokgatlho wa Thuso gore e nne ntlha nngwe ya botshelo jwa gago e e tlhaga. Go bona molaetsa yo montsi, ya ko www.reliefsociety.lds.org

Setshwantsho
Kano ya Mokgatlho wa Thuso

Tumelo, Lelwapa, Thuso

Bakaulengwe ba basha ba Kereke—go balelwa Basadi Potlana ba ba tsenang Mokgatlho wa Thuso, bakaulengwe ba ba boelang go nna tlhaga, le basokologi ba ba sha—ba tlhoka go rotloetswa le go tsalanngwa ke baruti ba ketelo. “Maloko fa a tsaya karolo go botlhokwa thata go nnisa tshokologo le go tlisa maloko a a seng tlhaga thata go boela mo botlhageng ka botlalo,” ga bua Mogolwane M. Russell Ballard wa Khwaramo ya Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi. “Tshwara tebelopele ya gore Mokgatlho wa Thuso … e ka nna [nngwe ya] m[e]otswedi yo o [e e] maatla wa [ya] botsalanyo jo re nang nabo mo Kerekeng. Otlolela go bao ba ba rutiwang go sale phakela mme o ba dire tlhaga gape, mme o ba rate go tla Kerekeng ka thulaganyo ya gago.”1

Jaaka fa re le maloko Mokgatlho wa Thuso, re ka thusa maloko a masha go ithuta ditirego tsa ntlha tsa Kereke, jaaka tse:

  • Go fa puisanyo.

  • Go fa bopaki.

  • Go tshela molao wa go itima dijo.

  • Go duela tsa bolesome le dikabelo tse dingwe.

  • Go tsaya karolo mo tirong ya lelwapa ya ditso.

  • Go diragatsa dikolobetso le ditlhomamiso go badimo ba bone bao ba tlhokafetseng.

“Go tlhoka ditsala tse di maleba go dira maloko a masha gore a ikutlwe a na le kgomotsego gape a amolesegile kwa kerekeng,” ga bua Mogolwane Ballard.2 Rotlhe, bogolo jang baruti ba ketelo, re na le maikarabelo a botlhokwa a go simolodisa botsala le maloko a masha ele tsela ya go ba thusa gore ba nne ka maitsetsepelo mo “tshokologong go Morena” (Alma 23:6).

Gotsweng Dikwalong tsedi boitshepo

2 Nephi 31:19–20; Moroni 6:4

Gotsweng mo Ditsong tsa Rona

“Ka dipalo tseo di oketsegang ka gale tsa basokologi,” ga bua Moporesidente Gordon B. Hinckley (1910–2008), “re tshwanetse gore re oketse maiteko a a utlwalang go ba thusa jaaka fa ba fitlhelela tsela ya bone. Mongwe le mongwe wa bone o tlhoka dilo tse tharo; tsala, maikarabelo, le go otliwa ka ‘lefoko le le molemo la Modimo’ (Moroni 6:4).”3

Baruti ba ketelo ba mo bodulong jwa go thusa bao ba ba lebeletseng. Botsalano gantsi bo tla pele, jaaka go dirigetse mokaulengwe yo mmotlana wa Mokgatlho wa Thuso yo eneng ele moruti wa ketelo go mokaulengwe yo mogolwane. Bannile bonya mo go ageng botsalano gofitlhela ba bereka ba bapile mo matlhakoreng otlhe mo go tlhatsweng porojeke. Banna ne ba nna ditsala, mme e ne ya re ba bua kaga Molaetsa wa Thuto ya Ketelo, ba ne botlhe ba otliwa ke “lefoko le le molemo la Modimo.”

Moporesidente Joseph Fielding Smith (1876–1972) o ne are Mokgatlho wa Thuso “o botlhokwa thata ele karolo ya bogosi jwa Modimo mo lefatsheng le … go thusa maloko a yone a a boikanyego go nna le botshelo jwa bosa khutlheng mo bogosing jwa ga Rara.”4

Dintlha

  1. M. Russell Ballard, “Members Are the Key,” Liahona, Sept. 2000, 18.

  2. M. Russell Ballard, Liahona, Sept. 2000, 17.

  3. Gordon B. Hinckley, “Every Convert Is Precious,” Liahona, Feb. 1999, 9.

  4. Joseph Fielding Smith, mo Daughters in My Kingdom: The History and Work of Relief Society (2011), 97.

Ke ka dirang?

  1. A ke rapelela mopati wame le go kopa gore Moya o re kaele jaaka fa re e fa boruti go bakaulengwe ba rona?

  2. Ke ka ditsela difeng tse re direlang mokaulengwe mongwe le mongwe wa rona yo re mo lebeletseng gore a itse boammaaruri jwa gore re a kgathala ka bone?

Gatisa