2013
Lefoko go Moanamisa efangele yo o Boi
Tlhakole 2013


Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha, Tlhakole 2013

Lefoko go Moanamisa efangele yo o Boi

Setshwantsho
Ka Moporesidente Dieter F. Utchtdorf

Barutwana bag a Jeso Keresete ba nnile ka metlha bale ka fa tlase ga maitlamo a go tsaya efangele ya Gagwe go e isa lefatsheng (bona Mark 16:15–16). Lefa go ntse jalo, fa gongwe go thata go bula melomo le go bua ka ga tumelo ya rona go bao ba ba re dikologileng. Le fa bangwe maloko mangwe a Kereke a na le mpho ya tlholego ya go bua le babangwe ka ga bodumedi, bangwe ba na le bo boinyana kgotsa ba ikutlwa ba sa nne sentle, ba tlhajwa ke ditlhong, kgotsa le tota ba tshaba le go dira jalo.

Mo go se, Ke kopa go gakolola dilo tse nne tse mongwe le mongwe a ka di didirang go sala morago taelo ya Mmoloki ya go rera efangele “go sebopiwa sengwe le sengwe” (D&C 58:64).

Nna Lesedi

Nngwe ya puisanyo yaaka e ke e ratang gantsi e tswa kwa go St. Francis wa Assisi e balega jaana, “Rera efangele ka dinako tsotlhe mme fa go tlhokega, dirisa, mafoko.”1 Mo go iphitlhileng mo puong e ke tlhaloganyesego ya gore gantsi di semone tse di matla a matona ke tseo di sa buiweng.

Fa re na le thokgamo le re tshela ka tswelediso ya dikale tsa rona, batho ba a lemoga. Fa re tukisa boipelo le boitumelo, ba lemoga thata ele ruri.

Mongwe le mongwe o batla go nna le boitumelo. Fa rona maloko a Kereke re tuka ka lesedi la efangele, batho ba bona boitumelo jwa rona mme ba dupe lorato la Modimo leo le tlalang mme le tshologa mo matshelong a rona. Ba batla go itse gore ke ka go reng. Ba batla go tlhaloganya gore sephiri sa rona ke eng.

Se se isa kwa go botseng dipotso tsa go nna jaana “Ke eng o na le boitumelo?” kgotsa “Ke eng o nna o na le botho jwa thotloetso?” Dikarabo mo dipotsong tse, yaaka o itse, di isa ka botlalo mo puisanyong ka ga puseletso ya efangele ya ga Jeso Keresete.

Nna ka Phuthologo

Go tlisa puisanyo ya bodumedi—bogolo jang kwa ditsaleng tsa gago le bao o ba ratang—go ka lebega go le thata gape ele kgwetlho. Ga go a tshwanela gore go bo gole jalo. Go ama go bua maitemogelo a semowa kgotsa go bua ka ga metshameko ya Kereke kgotsa ditirego ka puisanyo yeo e iketlileng go kanna ga nna motlhofo gape go le monate fare beeletsa ka bonya mo bopelongkgaleng le mo go feng tlhaloganyo.

Mogatsaka, Harriet, ke sekai sa lorato sa se. E ne ya re ntse re tshela ko Germany, o ne a tle a batle tsela ya go berekela go buisanya ka ditlhogo tse di tsalanyeng le Kereke le ditsala le bao a ba itseng. Sekai, fa motho a boditse ka mafelo a beke a gagwe, o tla bo a re, “Mo Sontageng o re nnile le maitemogelo ao a matona mo kerekeng ya rona! monna potlana yo odingwaga tse 16 o ne a fa puisanyo e e ntle fa pele ga batho ba le 200 ba phuthego ya rona ka go tshela botshelo jo bo sekono.” Kgotsa, “Ke ithutile ka ga mosadi yo o dingwaga tse 90 yo o a rokileng dikobo tse 500 mme a di fa lenaneo la bopelotlhomogi la setho gore di isiwe go batho bao ba tlhokang go dikologa lefatshe.”

Ka bontsi le go feta, batho bao ba neng ba utlwa se bane ba batla go itse montsi ka ga se. Bane ba botsa dipotso. Mme seo sene se isa kwa ditshonong tsa go bua ka ga efangele ka tsela eo e leng ya tlholego, ya manontlhotlho, ye e sa kgorometseng.

Ka kgorogo ya Letlowa le bodiridikgaso jwa botsalanyo, go motlhofo gompieno go bua ka ga dilo tse ka tsela ya puisanyo go feta pele. Seo re se tlhokang ke fela bopelokgale go dira jalo.

Nna le Matlhogonolo a a Tletseng

Ka maswabi, go motlhofo go sa dumalaneng. Go diragala kgapetsakgapetsa gore re omane, re nynyefatsane, le go baa katlholo. Fa re tenega, re kgakgafala, kgotsa re tlhokofatsa batho, selo sa bofelo seo ba batlang go se ithuta ke ka ga rona. Go thata go itse gore ke batho ba le kae bao ba tlogetseng Kereke kgotsa ba sa e tsene ka gore mongw o ne a bua sengwe seo se neng se utlwisa botlhoko kgotsa se ba kgopisa.

Go tletse boseng botho mo lefatsheng gompieno. Ka go bo go na le go fitlha leina mo Letloweng, go motlhofo le go feta go bua dilo tseo di leng botlole kgotsa tseo di kgotlhotlhotsang mo phefong. A ga re a tshwanela, rona barutwana ba gagawe ba tsholofelo ba ga Keresete yo o bonolo, re nne le sekale seo se kwa godimo, seo se nang le bopelonomi jo bontsi? Dikwalo tse di boitshepo di ruta gore, “Mpe puo ya gago e nne ka metlha ka matlhogonolo, e lukilwe ka letswai, gore o tle o itse gore o ka araba jang motho mongwe le mongwe” (Colossians 4:6).

Ke rata kakanyo ya mafoko a rona a ntse phepa jaaka loapi le le nang le letsatsi le tletse ka matlhogonolo. Ao ka akanya gore malwapa, diwate, ditŝhaba, le tota lefatshe gore le ka nna jang fa re ka itseela molawana o o o mothlofo?

Tlala ka Tumelo

Fa gongwe re tsaya go rona legofi lelentsi kgotsa re ipona phoso thata fa go tla mo go amogeleng efangele ga ba bangwe. Go botlhokwa go gakologelwa gore Morena ga a re solofele gore re sokolole.

Tshokololo e tla e seng ka mafoko a rona mme ka boruti jwa selegodimo jwa Moya o o Boitshepo. Fa gongwe gotlhe mo go tlhokegang ke lefoko le le lengwe fela la bopaki jwa rona kgotsa ka ga maitemogelo a baakanyetsa mo go direng pelo boleta kgotsa go bula lebati leo le ka isang kwa maitemogelong a ba bangwe a go ineela mo boammaaruring ka tlhotlheletso ya Moya.

Moporesidente Brigham Young (1801–77) o ne are o itsile gore efangele e boammaaruri fa “a bona monna a sena mpho ya puo, kgotsa talente mo go bueng ga phatlhalatsa, yo o a neng a rile, ‘Ke a itse, ka maatla a Moya o o Boitshepo, gore Buka ya ga Momone e boammaaruri, gore Joseph Smith ke Moporofiti wa Morena.’” Moporesidente Young o ne are fa a utlwa bopaki jo jwa boikokobetso, “Moya o o Boitshepo o o neng o tsamaela o tswa mo mothong yoo o ne wa phatshimisago tlhaloganya ga gagwe, le lesedi, kgalalelo, le bosasweng [bo] ne bole fa pele ga gagwe.”2

Barwarre le bokgaitsadiaka, nnang le tumelo. Morena a ka godisa mafoko ao o a buwang mme a a dire gore a nne magolo. Modimo ga a kope gore o sokolole mme tota go bula melomo ya gago. Tiro ya go sokolola ga se ya gago—eo ke ya motho yo o utlwang le ya Moya o o Booitshepo.

Leloko lengwe le lengwe ke Moanamisa efangele

Ditsala tsame tse di rategang, gompieno go na le ditsela tse dintsi le go feta go rona go bula melomo ya rona le go abelana le babgwe dikgang tsa boipelo tsa efangele ya ga Jeso Keresete. Go na le tsela go mongwe le mongwe—le tota go moanamisa efangele yo o boi—go tsaya karolo mo tirong e kgolo e. Rotlhe re ka bona tsela ya go dirisa ditalente tsa rona tse di kgethegileng le dikeletso mo go rotloetseng tiro e kgolo e ya go tlatsa lefatshe ka lesedi le boammaaruri. Jaaka fa re dira jalo, re tlaa bona boipelo jo bo tlang go bao baba boikanyego jo bo lekaneng gape ba le bopelokgale “go ema ele basupi ba Modimo ka dinako tsotlhe” (Mosiah 18:9).

Dintlha

  1. St. Francis of Assisi, mo William Fay and Linda Evans Shepherd, Share Jesus without Fear (1999), 22.

  2. Teachings of Presidents of the Church: Brigham Young (1997), 67.

Go ruta go tswa Molaetseng o

Tsela nngwe ya botlhaga ya go ruta key a “go rotloetsa bao o ba rutang go tlhama …dikgele tse di ka ba thusang go tshela molawana yo o o rutileng” (Teaching, No Greater Call [1999], 159). Akanyetsa mo go laletseng bao o ba rutang gore ba rapelele go tlhama sekgele go abelana efangele le mongwe kgotsa bangwe batho kgwedi e. Batsadi ba ka buisanya ka ditsela tseo bana ba bannye ba ka thusang ka tsone. O ka thusa gape maloko a lelwapa go akanyetsa kgotsa go tsaya karolo ka motshameko mo ditseleng tsa go tlisa efangele go dipuisanyong tsa malatsi otlhe le go akanya ga gotla ga metshameko e e tlang ya Kereke mo ba ka laletsang tsala.

Gatisa