2013
Ka tswee tswee Fodisa Pelo ya Me
Mopitlo 2013


Banana

Ka tswee tswee Fodisa Pelo ya Me

Ngwaga morago ga loso la morwarre, Ke ne ka sekaseka nako ya me fa a sena go swa. Ke ne ka gakologelwa eseng fela botlhoko jo bo tona jo ke bo utlwileng mme gape masego ao Modimo a a mphileng.

Ke ne ke sa tlhaloganye batho gore ba ka bua jang gore loso lwa yo o moratang le ka tlisa masego jang. Kene ke sa tlhaloganye gore Ke ka kgona gonna jang le boipelo le malebogo mo go sengwe seo se nkwitlisitseng botlhoko thata. Go ne ga nna bosigo bole bongwe, le fa go ntse jalo, joo bo fetotseng tebelelo yame gotlhelele.

Ke ne ka tsoga gare ga bosigo ka pelo e e bokete go gaisa eo ke neng ke ise ke nne nayo. Botlhoko joo bo ne bo nkhupetsa. Ke ne ka wela fatshe ka mangole mme ka tshololela ka thapelo go Rraetsho yo o kwa Legodimong. Botshelo jwame jotlhe Ke ne ke rutilwe kaga Tefo leka dikgakgamatso tsa ga Jeso Keresete tsa maatla a phodiso. Jaanong tumelo yame ene e lekiwa. A Kene tota ke dumela? Ke ne ka botsa Rraetsho yo o kwa Legodimng gore a fodise pelo yame. Botlhoko bone bole bontsi go nna go ka bo itshokela ke le nosi.

Jalo maikutlo a kagiso, kgomotso, le lorato a ne a feelela mo mmeleng wame otlhe. Kene ka ikutlwa ekete Modimo o ile a mphuthela ka matsogo a gagwe go ntikologa le gore o ne a ntshireletsa gotsweng mo botlhokong jo bo bogale joo Ke neng ke bo utlwile. Ke santse ke swela morwarre, mme Ke ne ka kgona go bona ka matlho ao a a farologanyeng. Go ne go na le mogo ntsi mo go nna moo ke neng ke ka go ithuta gotswa mo maitemogelong a.

Ke itse gore lorato lwa Morena le kagiso gore diteng. Re tlhokana fela gore re nwe.

Gatisa