2013
Go Nnisa tlhaga
Mopitlo 2013


Molaetsa wa Thuto ya Ketelo, Mopitlo 2013

Go Nnisa tlhaga

Bala sedirisiwa se ka thapelo mme, fa go tlhokega, buisanya le bakaulengwe bao o ba etelang. Dirisa dipotso go thusa gore o thatafatse bakaulengwe mme o dire Mokgatlho wa Thuso gore e nne ntlha nngwe ya botshelo jwa gago e e tlhaga. Go bona molaetsa yo montsi, ya ko www.reliefsociety.lds.org

Tumelo, Lelwapa, Thuso

Moporofiti wa rona, Moporesidente S. Monson, o re rotloeditse go “otlololela go imolola bao ba ba tlhokang thuso ya rona le go ba tsoletsa go ba isa kwa tseleng e e kwa godimo ye eleng tsela e e botoka. … Se ke tiro ya Morena, le gore fa re le mo tirong ya Morena, … re tshwanelwa ke thuso ya Morena.1

Dingwaga tse di fitileng LaVene Call le mopati wa gagwe wa thuto ya ketelo ba ne ba etela mokaulengwe yo seng tlhaga. Ba ne ba kokota mo kgorong mme ba fitlhela mmaagwe ale mo seaparong sa mogae. O ne a lebega a lwala, mme ba ne ka bofefo ba lemoga gore bothata jwa gagwe ke bojalwa. Baruti ba ketelo bane ba nna fa fatshe mme ba bua le mmaabo bana yo o nang le kgwetlho.

Morago ga ba sena go tsamaya, ba ne bare, “Ke ngwana wa Modimo. Re na le maikarabelo a go mo thusa.” Ka jalo ba ne ba mo etela kgapetsakgapetsa. Nako le nako, ba ne ba kgona go bona le go ikutlwa phetogo e e molemo. Bane ba botsa mokaulengwe wa gagwe go tsena Mokgatlho wa Thuso. Lefa a ne ekete ga a batle, o ne kgabagare a tsena gantsi. Morago ga thotloetso, e ne le mogatse le morwaetsana wa gagwe ba ne ba tsena kereke. Mogatse one a ikutlwa Moya o o Boitshepo. Ke ya go dira, “Se Bishopo a se gakololang.” Jaanong ba tlhaga mo Kerekeng le gone ba setse ba konoteletswe mo tempeleng.2

Gotsweng Dikwalong tsedi boitshepo

3 Nephi 18:32; Dithuto le Dikgolagano 84:106; 138:56

Gotsweng mo Ditsong tsa Rona

Go thusa bao ba ba duleng motseleng gore ba boele mo efangeleng ya ga Jeso Keresete e sale enna karolo ya Moitshepi wa Malatsi a Bofelo le a leloko la Mokgatlho wa Thuso. Moporesidente Brigham Young (1801–77) o ne are, “Tla re nneng le bopelotlhomogi go mongwe le mongwe, … mme nte bao ba ba ka bonang ba kaele bao ba ba foufetseng go fitlhela ba bona tsela ka bo bone.”3

Eliza R. Snow, moporesidente wa Mokgatlho wa Thuso ka kakaretso, o ne ka malebogo a itsise maiteko a bakaulengwe kwa Ogden, Utah, USA, gore ba thatefatsane. “Ke a lemoga sentle gore bontsi jo bogolo jobo fiwang [ka fa tirelong] ga boke bo fitlhelela kwa [dikwalong] tsa dibuka, o ne a rialo. Mme go lemoga gore lekwalo la selegodimo le a tshegediwa la tiro tsa mokaulengwe jaaka fa ba otlololela go bao ba dipelo tsa bone di godileng go nna tsididi, o ne a re: “Moporesidente Joseph Smith o rile mokgatlho yo o rulaganyeditswe go pholosa batho. … Buka e nngwe e a tshegediwa ya tumelo ya gago, bopelontle jwa gago, ditiro tsedi molemo tsa gago, le mafoko. … Ga go sepe seo se latlhegileng.”4

Dintlha

  1. Thomas S. Monson, “The Sacred Call of Service,” Liahona, Motsheganong 2005, 55, 56.

  2. Lekwalo go boporesidente jwa Mokgatlho wa Thuso ka kakaretso gotsweng go morwaetsana wa LaVene Call.

  3. Brigham Young, mo Daughters in My Kingdom: The History and Work of Relief Society (2011), 107.

  4. Eliza R. Snow, mo Daughters in My Kingdom, 83.

Ke ka dirang?

  1. A Ke phuthulogile go botsa mokaulengwe yoo a sa tleng go tsenelela phuthego ya Mokgatlho wa Thuso le nna?

  2. A bakaulengwe bao ke ba lebeletseng a ba ikutlwa ba tshosologile go mpotsa dipotso ka ga efangele?

Gatisa