2013
Kagiso, A e nne Teng
Mopitlo 2013


Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha, Mopitlo 2013

Kagiso, A e nne Teng

Setshwantsho
Moporesidente Thomas S. Monson

Letsatsi lengwe dingwaga tse di fitileng, morago ga ke sena go tlhokomela mathata mangwe kwa ofising, Ke ne ka ikutlwa tlhotlheletso e tona go etela motlholagadi mongwe wa motsofe yo eneng ele molwetsi kwa senthareng e kgolwane mo Toropokgolong ya Salt Lake. Ke ne ka kgweeletsa teng ka tlhamalalo.

E ne yare ke ya kwa kamoreng ya gagwe, Ke ne ka e fitlhela e sena ope. Ke ne ka botsa mo tlhokomedi mabapi le gore okae mme ka tlhamaleletswa kwa lefelong la boiketlo. Koo ke ne ka fitlhela motlholagadi yo o lorato a na le kgaitsadie le tsala e nngwe. Re ne ra nna le puisanyo e e monate mmogo.

E ne ya re re santse re buisanya, monna o ne a tla kwa lebating la kamore go tsaya thini ya sotara gotsweng motŝhining wa dinotshididi. O ne a nteba mme are, “Ka goreng, a o Tom Monson.”

“Ee ke nna,” Ke ne ka fetola. “Mme o lebega jaaka wa ko ga bo Hemingway.”

O ne a dumalana gore ke ene Stephen Hemingway, morwaagwe Alfred Eugene Hemingway, yo o diretseng ele mogakolodi waaka fa Ke ne kele bishopo dingwaga tse dintsi tse di fitileng le yo ke mmitsang Gene. Stephen o ne a mpolelela gore rraagwe o teng mo dikamoreng tseo mme o gaufi le loso. Gene o ne a biditse leina lame, mme lelwapa la gagabo le ne le batlile go ntshwara mme ba ne ba sa kgona go bona nomore ya mogala wame.

Ke ne ka ikopa go tswa ka ponyo ya leitlho mme ka ya le Stephen kwa kamoreng ya mogakolodi wame wa pele, koo ba bangwe ba bana ba gagwe baneng ba kgobokane gone, le mosadi wa gagwe a ileng a tlhokafala dingwaganyana morago. Maloko a lelwapa ane a tsaya bokopano jwame le Stephen kwa lefelo la intsho bodutu ele phetolo ya ga Rraetsho yo o kwa Legodimong go dikeletso tsa bone tse dikgolo gore Ke tlaa bona rraabo pele ga a tlhokafala mme ka araba pitso ya gagwe. Ke ne ka ikutlwa gore seo ke sone, gonne fa Stephen a ne a sa tsena mo kamoreng eo ke neng ke e etetse ka nako e e tshwanang le e a e dirileng, Ke ne ke ka seka ka itse gore Gene o teng tota mo kamoreng eo.

Re ne ra mo segofatsa. Moya wa kagiso o ne wa ata. Re ne ra nna le ketelo e e monate, mme morago Ke ne ka tsamaya.

Moso yo o latelang mogala o ne wa senola gore Gene Hemingway o tlhokafetse— metsotso e e 20 morago ga a sena go segofadiwa ke nna le morwaagwe.

Ke ne ka fa thapelo ya setu go fa malebogo go Rraetsho yo o kwa Legodimong gobo a file kaelo ya Gagwe ya tlhotlheletso, yeo e neng ya nkgwetlha gore ke etele senthara ya tlhokomelo mme ya nketelela go tsala yame Alfred Eugene Hemingway.

Ke rata go akanya gore dikakanyo tsa ga Gene Hemingway mantsiboa ao— jaaka fa re ne re arametse kgalalelo ya Moya, a tsaya karolo ka thapelo ya boikokobetso, le go bega lesego ya boperesiti— o tsisitse gape mafoko ao a builweng mo sefeleng “Mongarona, Sefefo se Gaketse”.

Nna, Ao Morekolodi yo o segofetseng!

Sa ntese kele bodutung gape,

Mme ka boipelo Ke tlaa tsamaela lotshitshing lwa tshireletsego

Mme ke ikhutse mo letshitshing lwa kagiso.

Ke santse Ke rata sefela seo mme ke fa bopaki kgomotso eo e e efang:

Kgotsana tŝhakgalo ya setsuatsue sa maphatŝha a lewatle

Kgotsa matimona kgotsa batho sepe fela se e kannang sone,

Ga go metsi ape ao a ka khurumetsang sekepe seo go robetseng

Mong wa mawatle le lefatshe le loapi.

Tsotlhe ka bonolo di tlaa obamela thato ya gagwe:

Kagiso, a e nne teng.1

Ka dilelo le diteko, ka poifo le bohutsana, ka pelo tse di thubegileng le ka bodutu jwa go latlhegelwa ke bao re ba ratang, go na le nepagatso ya gore botshelo bo tswelelela ruri. Morena le Mmoloki wa rona ke motshidi wa mosupi wa gore go ntse jalo.2 Mafoko a gagwe a mo mekwalong e e boitshepo a lekanye: Nnang ka tshisibalo, mme lo itse gore Ke nna Modimo” (Psalm 46:10). Ke fa bopaki jwa boammaaruri jo.

Dintlha

  1. “Master, the Tempest Is Raging,” Sefela, sa bo. 105.

  2. Bona Richard L. Evans, “So Let Us Live to Live Forever,” New Era, July 1971, 18.

Go ruta go tswa Molaetseng o

Molaetsa o o ka gomotsa bao ba ba latlhegetsweng ke bao ba baratang ele ka ntlha ya loso kgotsa bao ba ba nang le kgwetlho ya teko. Mo tlaleletsong ya molaetsa waga Moporesidente Monson, akanyetsa go abelana nngwe ya mafoko a tumelo, o ikaegile ka matlhoko a bao o ba rutang: Job 19:25–26; 1 Corinthians 15:19–22; Mosiah 24:13–15; Dithuto le Dikgolagano 122:7–9 Fa o gwetlhwa, o ka a fa bopaki jwa kagiso e Mmoloki a go e fileng mo ditekong tsa gago.

Gatisa