2013
O Tsogile
Moranang 2013


Molaetsa wa Boporesidente Jwa Ntlha, Moranang 2013

O Tsogile

Setshwantsho
Moporesidente Henry B. Eyring

Bopaki jwa boammaruri jwa Tsogo mo Baswing ya ga Jeso Keresete ke motswedi wa tsotlhe tsholofelo le bonokopila. Ebile e ka nna jalo go ngwana mongwe le mongwe wa Modimo. Gone go le gonna ka selemo sa letsatsi la Seetebosigo 1969 fa mme a ne a tlhokafala, go fitile dingwaga tse di ntsi e sale jalo, ebile go tlaa nna jalo go fitlhela Ke mmona gape.

Bohutsana go tswa mo kgaoganong ya nakwana ka bonako bone jwa fetolwa ke boitumelo. Go ne go feta tsholofelo ya boitumelo jwa go kopanagape. Ka ntlha ya gore Morena o senotse mo gontsi ka baporofiti ba Gagwe le gore Moya o o Boitshepo o rurifaditse boammaaruri jwa Tsogo ya Baswi go nna, Ke a bona mo tlhaloganyong yame gore go tlaa nna jang mo bokopano jwa rona le ba ba itshepisitsweng ba tsositswe baswing bao re ba ratang:

“Ba ke bao ba ba tlaa tlang mo tsogong ya baswi ya basiami. …

“Ba ke bao maina a bone a kwadilweng kwa legodimong, koo Modimo le Keresete e leng batlhodi ba botlhe.

“Ba ke batho ba basiami ba ba dirilweng ka botlalo ka Jeso moletlanyi wa kgolagano e ntsha, yo o a dirileng tefo ya botlalo ka go tshololwa ga madi a gagwe” (D&D 76:65, 68–69).

Ka ntlha ya gore Jeso Keresete o kgaotse dikgole tsa loso, botlhe bana ba ga Rara yoo kwa Legodimong ba ba tshotsweng mo lefatsheng ba tlaa tsosiwa mo baswing mo mmeleng o sekitlang o o swa. Ka jalo bopaki jwa me le jwa gago jwa boammaaruri jo bo galalelang bo ka ntsha lebolela la go latlhegelwa ke leloko le le rategang la lelwapa kgotsa tsala le go fetolela boipelo jo botlang le bonokopila jo bo tlhomameng.

Morena o re neetse rotlhe mpho ya tsogo ya baswi, moo mewa ya rona e tlaa tsenngwang mo mebeleng e e gololesegileng mo go sa itekanelang ga senama (bona Alema 11:42–44). Mme wame o tlaa bonala a le mmotlana a thamile, ditlamorago tsa bogodi le dingwaga tsa go sotlega di ntshitswe. Seo se tlaa tla go ene le rona ele mpho.

Mme bangwe ba rona ba re lebeletseng go nna le ene ka bo senang bokhutlo re tshwanetse go dira tshwetso ya go ipaakanyetsa bokopano joo, go tshela ko Rara le Morwa Gagwe yo o Rategang o o tsogileng mo baswing ba nnang mo kgalalelong. Ke lone lefelo fela ka nosi le botshelo jwa lelwapa bo ka tswelela ka bosakhutleng. Bopaki jwa boammaaruri jo bo okeditse bonokopila jwame go ipaakanyetsa ka bonna le bao Ke baratang selekanyo se se kwa godimodimo sa bogosi jwa selesetiale ka Tefo ya ga Jeso Keresete e e dirang mo matshelong a rona (bona D&D 76:70).

Morena o re file kaelo mo keletsong e ya botshelo jo bosakhutleng mo thapelong ya sakaramente e e nthusang le go ka go thusa. Re laletswa go shafatsa dikgolagano tsa rona tsa kolobetso mo nngwe le nngwe phuthaganong ya sakaramente.

Re solofetsa ka metlha go gakologelwa Mmoloki. Matshwao a setlhabelo sa Gagwe a re thusa go lebogela boleng jwa tlhwatlhwa e a E duetseng go kgaola dikgole tsa loso, gore abela kutlwelobotlhoko, le go tlamela boitshwarelo jwa dibe tsotlhe tsa rona fa re itlhophela go ikotlhaya.

Re solofetsa go tshegetsa ditaelo tsa Gagwe. Go bala dikwalo tse di boitshepo le mafoko a baporofiti ba ba tshelang le go reetsa babui ba ba tlhotlheleditsweng mo diphuthegong tsa rona tsa sakaremente gore gakologela dikgolagano tsa rona go dira jalo. Moya o o Boitshepo o tsisa mo ditlhaloganyong tsa rona le dipelo ditaelo tse re ditlhokang tota go di tshegetsa letsatsi leo.

Mo dithapelong tsa sakaramente, Modimo o solofetsa go romela Moya o o Boitshepo go nna le rona (bona Moronae 4:3; 5:2; D&D 20:77, 79). Ke bone gore mo nakong eo gore Modimo o ka nneela se se utlwalang jaaka potsolotso ya bong. O tsisa go nna se Ke se dirileng se se mo itumedisang, go tlhoka go ikotlhaya ga me le maitshwarelo, ga mmogo le maina le difatlhego tsa batho bao A batlang gore Ke ba direle.

Fa dingwaga di feta, maitemogelo ao a a boeleditsweng a fetotse tsholofelo go nna maikutlo a bopelonomi le go tsisa go rurifatsa gore kutlwelobotlhoko e lotlolotswe go nna ka Tefo ya Mmoloki le Tsogo ya baswi.

Ke fa bopaki gore Jeso ke Keresete yoo tsogileng, Mmoloki wa rona, le sekao se se itekanetseng ka botlalo le kaedi ya botshelo jo bosakhutleng.

Go ruta go tswa Molaetseng o

Re tshwanetse go “diragatsa dikwalo tse di boitshepo mo go rona, gore di nne poelo go rona le go ithuta” (1 Nifae 19:23). Batla go bala dithapelo tsa sakaramente, tse di bonwang mo Dithuto le Dikgolagano 20:76–79. Morago ga go bala dithuto tsa ga Moporesidente Eyring ka dithapelo tsa sakaramente, o ka batla go laletsa bao o ba rutang go akanya ka ditsela tseo dithapelo tse di ka kaelang matshelo a bone le go ba thusa go boela go tshela gape le Rara wa Legodimo le Jeso Keresete.

Gatisa