2013
Dikgolagano tsa Tempele
Moranang 2013


Molaetsa wa Thuto ya Ketelo, Moranang 2013

Dikgolagano tsa Tempele

Bala sedirisiwa se ka thapelo mme, fa go tlhokega, buisanya le bakaulengwe bao o ba etelang. Dirisa dipotso go thusa gore o thatafatse bakaulengwe mme o dire Mokgatlho wa Thuso gore e nne ntlha nngwe ya botshelo jwa gago e e tlhaga. Go bona molaetsa yo montsi, ya ko reliefsociety.lds.org.

Setshwantsho
Kano ya Mokgatlho wa Thuso

Tumelo • Lelwapa • Thuso

“Ditlhomo tse di bolokang tse di amogelwang mo tempeleng tse di re letlelelang gore letsatsi lengwe re boele go Rara yo o kwa Legodimong ka botsalano ba lelwapa la bosakhutlheng le go nna le entaomente ka masego le thata gotsweng godimo a itekaneletse setlhabelo sengwe le sengwe le maiteko mangwe le mangwe.1 go bua Moporesidente Thomas S. Monson. Fa o ise o ye tempeleng, o ka ipaakanyetsa go amogela ditlhomo tse di boitshepo tsa tempele ka go:

  • Dumela mo go Rara wa Legodimo, Jeso Keresete, le Moya o o Boitshepo.

  • Tlhagolela bopaki jwa Tefo ya ga Jeso Keresete le efangele e e buseleditsweng.

  • Etleetsa le go sala morago baporofiti ba ba tshelang.

  • Kgonego ya teseletso ya tempele ka go duela di tsa bolesome, setho se se phepa, o le boikanyego, go tshegetsa Lefoko la Tlhalefo, le go tshela mo kagisong le dithuto tsa Kereke.

  • Go neela nako, ditalente, le gotlhe go thusa go aga bogosi jwa Morena.

  • Go tsaya karolo mo tirong ya lelwapa ya ditso.2

Moporesidente Monson o ne a tswelela ka go ruta, “Fa re gakologelwa dikgolagano tse re di dirang mo [tempeleng], re tlaa kgona thata go itshokela le go fenya thaelo nngwe le nngwe.”3

Gotsweng Dikwalong tse di boitshepo

Dithuto le Dikgolagano 14:7; 25:13; 109:22

Gotsweng mo Ditsong tsa Rona

“Baitshepi ba feta 5,000 ba ne ba dikologa Tempele ya Nauvoo morago ga go tshwaelwa. …

“Nonofo, thata, le masego a dikgolagano tsa tempele a [etleeleditse] Baitshepi Ba Malatsi a Bofelo ka nako ya loeto la bone go ya [bophirima], fa ba [boga] serame, mogote, tlala, lehuma, malwetse, dikotsi, le loso.”4

Jaaka bakaulengwe ba bantsi ba Mokgatlho wa Thuso, Sarah Rich o diretse ele modiredi wa tempele. O ne a bua ka maitemogelo a gagwe: “Fa e ne e se ka tumelo le kitso e e beilweng mo go rona mo tempeleng eo ka … Moya wa Morena, loeto la rona e ne ekete jaaka mongwe a tsaya kgato mo lefifing. … Mme re ne re na le tumelo mo go Rara wa rona wa Legodimo, … maikutlo a gore re batho ba ba kgethegileng ba Gagwe … , mme mo boemong jwa bohutsana, re ne re ikutlwa go ipela gore letsatsi la kgololo ya rona e tsile.”5

Ekesodase e ne e se “kgato mo lefifing” ya basadi ba ba boikanyego ba Baitshepi Ba Malatsi a Bofelo. Ba ne ba etleediwa ka dikgolagano tsa bone tsa tempele.

Dintlha

  1. Thomas S. Monson, “The Holy Temple—a Beacon to the World,” Liahona, Motsheganong 2011, 92.

  2. Bona Daughters in My Kingdom: The History and Work of Relief Society (2011), 21.

  3. Thomas S. Monson, Liahona, Motsheganong 2011, 93.

  4. Daughters in My Kingdom, 29–30.

  5. Sarah Rich, mo Daughters in My Kingdom, 30.

Ke ka dirang?

  1. A Ke obamela mo tempeleng nako le nako?

  2. A Ke rotloetsa bokgaitsadi bame go amogela masego a tempele?

Gatisa