2013
A Kgweeleditswe ka Tumelo
Phukwi 2013


Banana

A Kgweeleditswe ka Tumelo

Mokwadi o nna kwa North Carolina, USA.

Ga ke kitla ke lebala go tsamaya mo Winter Quarters, Nebraska, USA, koo, batholobodi ba neng ba tshedile dingwaga tse di fetileng pele. Lefatshe le ne la utlwala le le boitshepo, mo amporeng go tshwana le fa Ke etetse mo tempeleng ya ka kwa ntle.

Matlho ame a tletse ka dikeledi, di fitlha pono yame. Ke ne ka bona sefikantswe mme ka seka ka kgona go itse gore ke sa eng. E ne yare ke sutlha matlho ame, Ke ne ka bona monna le mosadi bao difatlhego tsa bone di neng di tletse ka bohutsana. E ne yare ke lebelela gaufi, Ke ne ka bona setshwantsho sa ngwana a rapaletse mo lebitleng mo dinaong tsa bone.

Ponelo eo e ne ya ntlatsa ka maikutlo a mantsi: khutsafalo, tenego, malebogo, le boipelo. Ke ne ke batlile go ntsha botlhoko jwa baitshepi bao ba ba boutlwileng, mme gape Ke ne gape Ke lebogela seo ba se fileng ele setlhabelo sa efangele.

Maitemogelo ame kwa Winter Quarters a nthusitse gore ke lemoge gore Rraetsho yo o kwa Legodimong o fa efangele go bana ba Gagwe mme a letlelele itlhophelo gore ba dire seo ba batlang ka yone. Batsadi ba ngwana yoo ba kabe ba itlhophetse tsela eo eleng motlhofo. Ka go sala moporofiti morago le go tshela efangele e e tlhokagalang batholobodi bao bane ba gatelapele le tota mo go neng go raya gore ba fitlhe bana ba bone. Mme ba ne ba tsere tshwetso ya go sala morago efangele mo matshelong a bone le go amogela dikgwetlho tsa bone. Ke ithutile gore tshwaelo ya Baitshepi mo efangeding le maikemisetso a bone go gatelelapele a ne a kgweeleditswe ke tumelo le tsholofelo—tsholofelo ya isago e e phatshimang le tumelo eo Morena a itsileng ka bone gore e ka fokotsa botlhoko jwa bone.

Gatisa