2013
Lefatshe Le Tlhokana Le Batholobodi Gompieno
Phukwi 2013


Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha, Phukwi 2013

Lefatshe Le Tlhokana Le Batholobodi Gompieno

Setshwantsho
Moporesidente Thomas S. Monson

Go ba bantsi, mosepele wa basimolodi ba 1847 ga wa simolola kwa Nauvoo, Kirtland, Far West, kgotsa kwa New York mme sentlentle kwa Enyelane, Sekotelante, Sekhantanefia, kgotsa Jeremane. Bana ba ba nnyenye ba ne ba sa kgone go ka lemoga tumelo e e fotogang eo e neng e rotloetsa batsadi ba bone go tlogela kwa morago malwapa, ditsala, matobetobe, le tshireletso ya bone.

Yo monnye mongwe a ka nna a botsa gore, “Mama, ke eng fa re tswa mo gae? Re ya ko kae?”

“Tla le rona, wena moratwa; re ya kwa Sione, toropokgolo ya Modimo.”

Gareng ga tshireletsego ya legae le tsholofetso ya Sione go ne go ntse metsi a a tenegileng ao a a diphatsa a magolo a Atlantic. Ke mang yo a ka bolelang gape poifo eo e neng ya tshwara pelo ya motho ka sebaka seo sa kotsi ya go kgabaganya. Ba tlhotlheleditswe ke Moya wa tidimalo o o sebang, ba tlametswe ke tumelo e e nnileng nabo e e motlhofo, batholobodi bao ba Baitshepi ba ne ba tshepa mo Modimong mme ba sepelela ba kgabaganya [lewatle] mo mosepeleng wa bone.

Bane lwa bofelo ba goroga kwa Nauvoo fela go kopana gape le makete mo tseleng. Matlapa a diphuphu tseo di gasamesitsweng ka ditlhatshana le mabitla ao a tshwayang tsela yotlhe gotswa Nauvoo go ya kwa Salt Lake. Moo e ne ele tlhwatlhwa eo bangwe ba batholobodi ba e duetseng. Mebele ya bone e fitlhiwe ka kagiso, mme maina a bone a tshelela pele le go feta.

Dipoo tse di lapileng di bogisegile, maotwana a kara a ne a tlhodia, banna ba ba bogale ba ne ba huhula, medumo ya ntwa ya meropa ya lela, bo phokoje ba lela. Mme batholobodi bao ba ba neng ba na le tumelo ba tlhotlheleditswe ba kgweeleditswe ka setsuatsue ba ne ba gatelapele. Gantsi ba ne ba opela:

Tlayang, tlayang, Ee Baitshepi, nnya setshabe pereko kana go boifa mmereko;

Mme ka boipelo tsamayang tsela ya lona.

Eka tswa go lebega go le thata mo mosepeleng wa lona,

Matlhogonolo a tlaa nna a lona jaaka letsatsi. …

Tsotlhe di siame! Tsotlhe di siame!1

Batholobodi bana ba ne ba gakologelwa mafoko a Morena: ‘Batho bame ba tshwanetse go lekwa mo dilong tsotlhe, gore batle ba baakanyediwe go amogela kgalalelo eo Ke nang nayo go bone, le tota kgalalelo ya Sione.”2

Tsela ya nako e fifatsa dikgakologelo tsa rona mme e fokotse malebogo a rona go bao ba ba tsamaileng mo tseleng ya botlhoko, ba tlogela kwa morago mabitla ao a a tshwailweng ka dikeledi a a senang maina. Mme ra reng ka dikgwetlho tsa gompieno? A ga gona mebila eo e matlapa go e tsamaya, a ga gona dithaba tse di makgwakgwa go di pagama, a ga gona diphotlha go di kgabaganya, a ga gona ditsela go di phatshimisa, a ga gona dinoka go di tlola? Kgotsa a go na le letlhoko gompieno la moya wa botholobodi gore kaela go re isa kgakala le dikotsi tseo di re tshosetsang go re khurumetsa mme dire ise kwa tshireletsegong ya Sione?

Mo dingwageng tse di masome e sale Ntwa ya Bobedi e ema, seemo sa boleng se ile kwa tlase gape le gape. Borukhutlhi bo itshokeletsa godimo; botho bo fefofetse go ya tlase. Bontsi bo mo sekolokotwaneng se segolo go ya phatlakanong, ba senka monate wa nakwana ka setlhabelo boemong jwa boipelo jwa bosa khutleng. Ka jalo re latlhegelwe ke kagiso.

Re lebala gore Magerika le Maroma gore ba ne ba fenya mogo hakgamatsang mo lefatsheng la matlhomola mme katlego ya bone gore e feletse jang—gore ka goitlhokomolosa le boleta boneng jwa ba fenyang ka go ba senyang ka teng. Mme kwa bofelelong, go gaisa mo baneng ba batla kgololo, bane ba batla tshireletso le botshelo jo bo kgotsofatsang; mme ba ne ba latlhegelwa ke sengwe le sengwe—kgomotso le tshireletso le kgololo.

Se khurumetswe ke ditaletso tsa ga Saatane; mo boemong, ema ka natla mo boammaaruring. Bosa kgotsofaleng jwa keletso ya moya ga bo ne bo kopana le go batla boipelo jo bo sa emeng gareng ga menate ya maikutlo a bosula. Bosula ga bo nke bo isa kwa bomolemong. Kilo ga enke e rotloetsa lorato. Bogatlapa ga bo nke bo fa bopelokgale. Pelaelo ga enke e tlhotlheletsa tumelo.

Bangwe ba bona go le thata go emela go tshegwa le dipuo tse di sa jeseng diwelang ga bao ba ba dimatla bao ba ba tshegang boitsheko, bonnete, le go obamela melao ya Modimo. Mme lefatshe le sale le baya kobamelo ya molawana ele selo se se seng sa botlhokwa. E ne ya re Noa a laetswe go aga araka, batho ba ba dimatla bao ba baneng ba le palo e ntsi bane ba lebelela godimo kwa loaping leo le neng le sena leru mme ba tshega mme ba leba bao ba ba boikanyego ka tsela ya tshotlo—go fitlhela pula e tla.

A ke re ithute dithuto tse di ntseng jaana ka tlhwatlhwa e e kwa godimo gantsintsi gape? Nako e a fetoga, mme boammaaruri bo a tswelela. Fa se tlholwa ke go bona matsheno gotsweng mo maitemogelong a a fitileng, re sule mo go a boeletseng otlhe ka pelo e e opang, tshotlhego, le botlhoko. A gare na botlhale jwa go mo obamela Ene yo o itseng tshimologo gotsweng kwa bofelong—Morena wa rona, yo a tlhamileng thulaganyo ya pholoso—e seng noga eo, yo a kgadileng bontle jwa yone?

Tlhanodi ya re motholobodi go tewa “ene yo o yang pele go baakanyetsa kgotsa go bulela tsela go ba bangwe gore ba sale morago.”3 A re ka seke re phuthe bopelokgale le boiketlo jwa maikaelelo ao a mokgwa wa batholobodi ba dinako tse di fitileng? O ka nna, le Nna Ke ka nna jang, tota, motholobodi?

Ke ka itse gore re ka kgona. Ao, ka fa lefatshe le tlhokang batholobodi gompieno!

Dintlha

  1. “Come, Come, Ye Saints,” Sefela, sabo. 30.

  2. Dithuto le Dikgologano 136:31.

  3. Oxford English Dictionary, 2nd ed. (1989), “pioneer.”

Go ruta go tswa Molaetseng o

Dikwalo tse di boitshepo di tlhalosa gore baruti ba mogae ba tshwanetse go “tlhagisa, go atolosa, go rotloetsa, le go ruta, le go laletsa botlhe go tla go Keresete” (D&D 20:59). akanyetsa go supa ditlhagiso le ditaletso tseo di bonwang mo molaetseng wa ga Moporesidente Monson go bao o ba etelang. O kanna wa buisanya le bone ditsela tsa go lemoga le go sala morago dikai tsa tshiamo, go fapoga go aketswa, le go ithuta go tsweng mo go ba bangwe’ ka diphoso tsa bone. Botsa bao o ba rutang gore ba ka nna batholobodi gompieno jang.

Gatisa