2013
Goruta le go Ithuta Efangele
Phukwi 2013


Molaetsa wa Thuto ya Ketelo, Phukwi 2013

Goruta le go Ithuta Efangele

Bala sedirisiwa se ka thapelo mme, fa go tlhokega, buisanya le bakaulengwe bao o ba etelang. Dirisa dipotso go thusa gore o thatafatse bakaulengwe mme o dire Mokgatlho wa Thuso gore e nne ntlha nngwe ya botshelo jwa gago e e tlhaga. Go bona molaetsa yo montsi, ya ko www.reliefsociety.lds.org.

Tumelo • Lelwapa • Thuso

Jeso Keresete ene ele mongwaa baruti. O tlhomile sekai go rona jaaka a ne A “ruta basadi le matshwititshwiti le ka bongwe, mo mebileng le mo lotshitshing la lewatle, kwa sedibeng le mo magaeng a bone. O bontshitse lorato la bopelontle go bone mme a ba fodisa le ba maloko a malwapa a bone.”1

O rutile Maratha le Marea mme a ba “laletsa go nna barutwana ba Gagwe le go amogela pholoso, ‘bontlha joo jo bo molemo’ [Luke 10:42] joo bo ka sekeng bo tsewe mo go bone ka gope.”2

Mo dikwalong tsedi boitshepo tsa malatsi a bofelo, Morena o re laetse gore “rutanang dithuto tsa bogosi” (D&D 88:77). Ka go ruta le go ithuta dithuto, Cheryl A. Esplin, mogakolodi wa bobedi mo boporesidenteng jwa Poremari jwa kakaretso, o ne are, “Go ithuta ka botlalo go tlhaloganya dithuto tsa efangele ke kgato ya botshelo jotlhe mme e tla ka ‘tsela mo tselaneng, molawana mo molawaneng, utlwa gole gonnye mme le fale gole gonnye’ (2 Nifae 28:30).”3

Jaaka fa re ithuta, re bala, le go rapela, re tlaa ruta ka maatla a Moya o o Boitshepo, yo o tlaa tsayang molaetsa wa rona “go isa mo dipelong tsa bana ba banna [le basadi]” (2 Nifae 33:1).

Gotsweng Dikwalong tsedi boitshepo

Alema 17:2–3; 31:5; Dithuto le Dikgolagano 42:12–13; 84:85

Gotsweng mo Ditsong tsa Rona

Baporofiti ba ba fitileng ba re gakolotse rele basadi gore re na le karolo ya botlhokwa rele baruti mo gae le kwa Kerekeng. Ka Lwetsi 1979, Moporesidente Spencer W. Kimball (1895–1985 o ne a re botsa gore re nne “barwaetsana ba babadi ba dikwalo tsa boitshepo.” O ne are: “Nnang baithuti ba tlhwatlhwa ba lefoko le le boitshepo—eseng go isa ba bangwe ko tlase, mme go ba tsholeletsa godimo! Morago ga gotlhe, ke mang yo o nang le letlhoko le legolo la go ‘boloka’ boammaaruri jwa efangele (eo e ba ka bitsang mo go yone ka dinako tsa bone tsa letlhoko) go na le basadi le bomme bao ba ba dirang tiro e ntsi ya go otla le go ruta?”4

Rotlhe re baruti le baithuti. Fa re ruta gotsweng mo dikwalong tsedi boitshepo le mafoko a a tswang kwa moporofeti yo o tshelang, re ka thusa babangwe go tla go Keresete. Fa re itebaganya le dikgato tsa go ithuta ka go botsa dipotso tseo di maleba mme re reetse, re ka bona dikarabo tseo di itebaganyeng le matlhoko a rona.

Ke ka dirang?

  1. Ke Ipaakanyetsa go nna morutintshi jang yo o botoka?

  2. A ke abelana bopaki jwame le bakaulengwe bao Ke ba lebeletseng godimo?

Dintlha

  1. Daughters in My Kingdom: The History and Work of Relief Society (2011), 3.

  2. Daughters in My Kingdom, 4.

  3. Cheryl A. Esplin, “Teaching Our Children to Understand,” Liahona le Ensign, Motsheganong 2012, 12.

  4. Spencer W. Kimball, mo Daughters in My Kingdom, 50.

Gatisa