2013
Dira Tshekatsheko
Phatwe 2013


Banana

Dira Tshekatsheko

Moporesidente Eyring o ne a buisa se Moporesidente Spencer W. Kimball (1895–1985) a neng a se buile are “dijenale ke tsela ya go bala masego a rona le go tlogelela tshekatsheko ya masego a go dikokomana tsa rona.” Ka khonforense ya kakaretso ka Phalane 2012, Moporesidente Thomas S. Monson o ne a fa bopaki jwa gagwe ka go kwala mo jenaleng. O ne a abelana maitemogelo mangwe go tswa mo botshelong jwa gagwe, a tlaleletsa, “Jenale yame ya malatsi otlhe, eo e tshegeditsweng go feta dingwaga tse dintsi, e nthusitse go fa dintlha tse di itebaganyeng tseo Ke kabong ke ka seka ka kgona go di balolola fa gone go se jalo.” O ne a gakolola, “Dira tshekatsheko ya botshelo jwa gago le go lebelela masego a dintlha tse di itebaganyeng, dile ditona le dile dinnye, tseo tse o di amogetseng” (“Consider the Blessings,” Liahona le Ensign, Nov. 2012, 86). Berekela go sala morago kgakololo ya baporofiti ba le go tlhoma dikgele tsa go kwala mo jenaleng ya gago.

Gatisa