2013
bopelotlhomogi
Phatwe 2013


Molaetsa wa Thuto ya Ketelo, Phatwe 2013

bopelotlhomogi

Bala sedirisiwa se ka thapelo mme, fa go tlhokega, buisanya le bakaulengwe bao o ba etelang. Dirisa dipotso go thusa gore o thatafatse bakaulengwe mme o dire Mokgatlho wa Thuso gore e nne ntlha nngwe ya botshelo jwa gago e e tlhaga. Go bona molaetsa yo montsi, ya ko www.reliefsociety.lds.org.

Tumelo • Lelwapa • Thuso

Maikemisetso a bopelotlhomogi jwa Kereke ke go thusa maloko go ipelega, go tlhokomela bahumanegi le batlhoki, le go fa tirelo. Bopelotlhomogi ke legare la tiro ya Mokgatlho wa Thuso. Moporesidente B. Eyring, Mogakolodi wa Ntlha mo Boporesidenteng jwa Ntlha, o rutile gore:

“[Morena] o nnile gotsweng tshimologong ya nako go fa ditsela tseo barutwana ba Gagwe ba ka thusang ka teng. O laleditse bana ba Gagwe go tshwaela nako ya bo ne, ditsompelo tsa bo ne, le bo ne go kopana le Ene mo go direleng ba bangwe. …

O laleditse gape a re laotse go tsaya karolo mo tirong ya Gagwe go tsholetsa bao ba tlhokang. Re dira dikgolagano go dira seo mo metsing a kolobetso le mo ditempeleng tsa Modimo. Re ntshahatsa kgolagano ka Disontaga fa re ja selalelo.1

Ka fa tlase ga kaelo ya mobishopo kgotsa moporesidente wa lekalana, baeteledipele ba selegae ba thusa ka tsa semoya le tsa selefatshe. Tshono ya go direla gantsi e simologa ka baruti ba mo gae bao ba ba tlhokang tlhotlheletso ya go itse gore ba ka fetogela jang ditlhoko tsa bakaulengwe bangwe le bangwe bao ba ba etelang.

Gotsweng Dikwalong tsedi boitshepo

Luke 10:25–37; Jakobe 1:27; Mosaeya 4:26; 18:8–11; Dithuto le Dikgolagano 104:18

Gotsweng mo Ditsong tsa Rona

Ka Seetebosigo ale di 9, 1842, Moporofiti Joseph Smith o ne a gwetlha bakaulengwe mo Mokgatlhong wa Thuso go “thusa bahumanegi” le go “boloka mewa.”2 Dikgele tse di santse dile mo pelong ya Mokgatlho wa Thuso mme di filwe mo mmothong wa rona, “Bopelonomi ga bo ke bo palelwa” (1 Bakorintha 13:8).

Moporesidente wa kakaretso wa rona wa botlhano wa Mokgatlho wa Thuso, Emmeline B. Wells, le bagakolodi ba gagwe bane ba simolodisa mmotho ona ka 1913 ele kgakololo ya melawana ya rona ya tshimololo: “Re bega gore ke ikemisetso ya rona go … [ngaparela] thata go dithuto tseo di tlhotlheleditsweng tsa Moporofiti Joseph Smith fa a ne a senola thulaganyo e basadi baneng ba tlaa matlafadiwang ka pitso ya boperesiti eo e neng e kgobokanyeditswe mo dithulaganyong tse di siameng mo maikemisetsong a go direla balwetsi, go thusa batlhoki, go gomotsa bagodi, go tlhagisa bao ba ba sa tlhokomeleng, le go thusa dikhutsana.”3

Gompieno Mokgatlho wa Thuso o na le otlololelo lefatsheng ka bophara jaaka fa bakaulengwe ba isa bopelonomi, lorato la ga Keresete le le itshekileng, go baagisanyi ba bones (bona Moronae 7:46–47).

Dintlha

  1. Henry B. Eyring, “Opportunities to Do Good,” Liahona le Ensign, Motsheganong 2011, 22.

  2. Joseph Smith, mo Daughters in My Kingdom: The History and Work of Relief Society (2011), 63.

  3. Daughters in My Kingdom, 63.

Ke ka dirang?

  1. Ke Ipaakanyetsa go itlhokomela le ba lelwapa lame ka semoya le ka selefatshe jang?

  2. Ke ka sala sekai sa Mmoloki morago jang jaaka Ke thusa go itepatepana le ditlhoko tsa bakaulengwe bao Ke ba lebeletseng.

Gatisa