2013
Lemoga, Gakologelwa, mme Ofe Malebogo
Phatwe 2013


Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha, Phatwe 2013

Lemoga, Gakologelwa, mme Ofe Malebogo

Setshwantsho
Moporesidente Henry B. Eyring

Modimo o re kopa gore re fe malebogo go Ene mo masegong mangweng le mangwe are a bonang go Ene. Go motlhofo go rona gore re nne ka tateletso mo dithapelong tsa rona tsa tebogo, gantsi re boeletsa mafoko a a tshwanang mme go sena maikemisetso go fa malebogo ele mpho ya pelo go Modimo. Re tshwanetse go “fa malebogo … mo Semoyeng” (D&D 46:32) gore re kgone go ikutlwa tebogo mo go se Modimo a se re fileng.

Re ka gakologelwa jang tota karolo ya dilo tsotlhe tse Modimo a di re diretseng? Moaposetole Johane o ne a kwadile se Mmoloki a se re rutileng ka mpho ya go gakologelwa eo e tlang ka mpho ya Moya o o Boitshepo: Mme Mogomotsi, yo o eleng Moya o o Boitshepo, yo o Rara a tlaa mo romelang mo leineng lame, o tlaa le ruta dilo tsotlhe, mme a tlise go lona dilo tsotlhe mo kgakologelong ya lona, sepe fela seo ke se buileng” (Johane 14:26).

Moya o o Boitshepo o tlisa gape go rona dikgakologelo tseo Modimo a re di rutileng. Mme nngwe ya ditsela tse Modimo a re rutang ke ka masego a Gagwe; mme jalo, fa re itlhophela go diragatsa tumelo, Moya o o Boitshepo o tlaa tlisa bopelontle jwa Modimo mo go dikgakologelong tsa rona.

O ka nna wa lekeletsa jalo ka thapelo gompieno. O kanna wa sala morago taelo e “O tlaa leboga Morena Modimo wa gago mo dilong tsotlhe” (D&D 59:7).

Moporesidente Ezra Taft Benson (1899–1994) o ne a gakolola gore thapelo e tlhola nako go dira jalo. O ne are: “Moporofiti Joseph o ne are nako nngwe gore nngwe ya dibe tse di golo tseo Baitshepi ba Malatsi a Bofelo ba tlhaa nnang molato mo go tshone ke sebe sa gosa feng ditebogo. Ke abelela gore bontsi jwa rona ga bo ise bo akanyetse seo gore ke sebe se segolo. Go na le mokgwa o mogolo wa rona wa gore e re re rapela le go ikuela mo go Morena wa go kopa masego a tlaleletso. Mme nako tse dingwe ke ikutlwa gore re tshwanetse go remelela thata mo dithapelong tsa go fa ditebogo le dimpho tsa malebogo mo masegong ao re setseng re a amogetse. Re ipelela mogo ntsi.”1

O ka nna le maitemogelo le mpho ya Moya o o Boitshepo gompieno. O ka simolola thapelo e e sephiri ya malebogo. O ka re lantlha wa bala masego a gago mme o bo o ema motsotsonyana. Fa o diragatsa tumelo, ka mpho ya Moya o o Boitshepo, o ka bona gore dikgakologelo tsa masego a mangwe a morwalesegela mo tlhaloganyong ya gago. Fa o simolola go bua ditebogo ka nngwe le nngwe ya one, thapelo ya gago e ka nna ya tsaya sebaka se se leele gona le mo go tlwaelesegileng. Kgakologelo e tlaa tla, mme le jalo le ditebogo.

O ka leka selo sele sengwe fela jaaka o kwala ntlha mo jenaleng ya gago. Moya o o Boitshepo o thusitse batho ka seo go simologa tshimologong ya nako. O tlaa gakologelwa gore buka ya ga Moshe yare, “Mme buka ya dikgakologelo e ne ya bewa, eo e neng e kwadilwe, ka puo ya ga Atamo, gonne e ne e filwe botlhe bao ba baneng ba bitsa go Modimo go kwala ka moya wa tlhotlheletso” (Moshe 6:5).

Moporesidente Spencer W. Kimball (1895–1985) o tlhalositse gore kgato ya go kwala ka tlhotlheletso: “Go bao ba ba tshegetsang buka ya kgakologelo ba gaufi thata le go baya Morena go mo gakologelwa mo matshelong a bone a malatsi otlhe. Dijenale ke tsela ya go bala masego a rona le go tlhogelela tshekatsheko ya masego a go dikokomana tsa rona.”2

Jaaka fa o simolola go kwala, o ka ipotsa gore, “Modimo o ntshegofaditse jang le bao ke ba ratang gompieno?” Fa o dira jalo kgapetsakgapetsa thata le ka tumelo, o tlaa iphitlhela o gakologelwa masego. Mme nako dingwe o tlaa nna le dimpho di tlisiwa mo tlhaloganyong ya gago tseo o reteletsweng ke go di lemoga ka sebaka sa letsatsi mme tse o tlaa di itsing jaanang gore ke khumo ya seatla sa Modimo mo botshelong jwa gago.

Ke a rapela gore re ka tswelela ka maiteko mo tumelong go lemoga, go gakologelwa, mme re fe malebogo go se Rraetsho yo o kwa Legodimong le Mmoloki ba di dirileng gape ba di dira go bula tsela go ya gae kwa go bone.

Dintlha

  1. Ezra Taft Benson, God, Family, Country: Our Three Great Loyalties (1974), 199.

  2. Spencer W. Kimball, “Listen to the Prophets,” Ensign, Motsheganong 1978, 77.

Go ruta go tswa Molaetseng o

Mo molaetseng wa gagwe, Moporesidente Eyring o re laletsa go gakologelwa bopelontle jwa ga Rraetsho yo o kwa Legodimong mo dithapelong tsa rona. Buisanya le bao o ba rutang gore go rapela ka ditebogo go ka re thusa go lemoga jang seatla sa Modimo mo matshelong a rona. Akanyetsa go rapela o khubame le bao o ba rutang mme o gakolole go kope yo o tlaa bong a rapela gore a bue malebogo fela.

O ka nna gape wa ithuta botlhokwa jwa ditebogo ka go bala ditemana tse go tlaleletsa se Moporesidente Eyring a se buileng: Pesalema 100; Mosaeya 2:19–22; Alema 26:8; 34:38; Dithuto le Dikgolagano 59:21; 78:19; 136:28.

Gatisa