2013
Ke ne ka Kgona go Latlha Khutsafalo Yame
Lwetse 2013


Banana

Ke Ne Ka Kgona go Latlha Khutsafalo Yame

Mokwadi o tlholega kwa Taiwane.

Fa ditsala tsame Mokaulengwe Chen le mosadi wa gagwe ba kolobediwa mo wateng ya rona, ke ne ke tletse boitumelo. Ngwaga morago ga kolobetso ya bone, ba ne ba nyalana mo tempeleng, e bile morwa wa bone yo a neng a tlhokala pele ba nna maloko a Kereke o ne a kopanngwa le bone. Go ne go le molemo go bona boChen ba gola mo efangeding.

Mokaulengwe Chen o ne a bolawa mo kotsing ya koloi mo ngwageng o o latelang. Morago ga kotsi, loso lwa gagwe lo ne lo etle lo nne mo mogopolong wame ka metlha yotlhe e bile le nna fela ditorong tsame. Ke ne ka tsoga ke le dikeleding ke ipotsa gangwe le gape, gore “Ka goreng? Ke ka goreng Modimo a letlelela matlhotlhapelo a go tshwana le a a diragala? Ke eng fa selo sa go nna jaana se ka diragalela lelwapa le le ntle le?” Tsatsi lengwe, fa ke ntse ke sokola le dipotso tse, ke ne ka tsaya bukana ya thuto mme ka bala mafoko a go tswa go Moporesidente Spencer W. Kimball (1895–1985):

“Fa re lebile botshelo jwa selefatshe e le jone fela re bo tshelelang, kutlobotlhoko, khutsafalo, go tlholwa le botshelo jo bo khutshwane, di ka bo di le matlhotlhapelo. Mme fa re ka leba botshelo jaaka selo sa bosakhutleng se se boelang kgakala mo ditsong tsa pele ga lefatshe le thaiwa go gogela mo isagong ya bosakhutleng, jalo ditiragalo tsotlhe di ka nna mo ponelopeleng e e lolameng. …

“A ga re a neelwa thaelo go leka maatla a rona, bolwetse gore re ithute boitshoko, loso gore re tle re bone bosakhutleng le kgalalelo?”1

Ka motsotso oo, ke ne ka tsaya tshwetso ya go tlogela khutsafalo mme ka leba go isago ee solofeditsweng e bile e kgonagala. Ke ne ka bona mo dikakanyong tsame Mokaulengwe Chen a boelane le lolwapa lwa gagwe ka boitumelo. Pono eo e ne ya ntsisetsa kagiso. Kea itse gore Rraetsho yoo kwa Legodimong o tlaa re fa kitso le kgotlhatso ya go lebana le bomadi-mabe.

Ntlha

  1. Dithuto Tsa Boporesidente ba Kereke: Spencer W. Kimball (2006), 15.

Gatisa