2013
Baitshepi ka Dipaka Tsotlhe
Lwetse 2013


Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha, Lwetse 2013

Baitshepi ka Dipaka Tsotlhe

Setshwantsho
Ka Moporesidente Dieter F. Utchtdorf

Ke gakologelwa go tswa bonnyennyaneng bontlha bongwe jwa lefatshe jo bo ka nnang sekai sa popota sa phetogo ya dipaka tsa ngwaga. Kgwedi nngwe le nngwe e ne e galalela e le bonolo. Ka letsatsi le le lolameng la mariga, kapoko e e lakaselang e ne e apesa dithaba le mebila ya toropo jaaka kobo. Dikgakologo di ne di tla ka pula ee alafang le go thunya ga tlhago ka botala. Loapi lo lo iketlileng lwa selemo lo ne lo dira moalo o montle o motala o wa o go supang kgalalelo ya letsatsi. Le letlhafula la go bonwa le ne le fetola tlhago go nna mebala e e lakaselang ya serolwana, lephutshe le bohibidu. Jaaka ngwana, ke ne ke rata paka nngwe le nngwe, e bile go fitlha gompieno, ke rata boleng le pharologano tsa nngwe le nngwe ya tsone.

Re na le dipaka le mo matshelong a rona. Dingwe di boruma e bile di bonolo. Tse dingwe ga dia nna jalo. Malatsi a mangwe a botshelo jwa rona a mantle jaaka ditshwantsho tsa mo khalentareng. Mme fela go na le malatsi le dieemo tse di tsisang kutlobotlhoko e bile di ka tsisa maikulto aa boteng a boitlhobogo, letlhoo le bosula.

Ke dumela gore ka nako nngwe rotlhe re kile ra akanya gore go ka nna monate go tsaya boagedi mo lefatsheng le le tletseng fela ka malatsi a tshiamo dipaka tsotlhe, re ikgatholose dinako tse di seng monate.

Mme se ga se kgonagale. E bile ga se eletsege.

Fa ke lebelela botshelo jwame, go a bonala gore bontsi jwa dinako tsa kgolo e tona bo tsile go nna fa ke ralela bontsi jwa dipaka tse di matsubutsubu.

Rraetsho yo o kwa legodimong yo o kitso-yotlhe o ne a itse fa bana ba gagwe ba ka gola go nna batho ba a thaileng gore ba nne sone, fela fa ba ka nna le maitemogelo a dipaka tsa bomadi-mabe fa ba santse ba le mo loetong lwa botshelo jwa senama. Moporofite wa Buka ya ga Momone Lehi o rile ntle le phapang, “tshiamo e ne e ka se diragatswe” (2 Nifae 2:11). Ele ruri, ke botlhoko jwa botshelo jo bo re letlelelang go lemoga, go bapisa le go amogela tswine ya jone (bona D&D 29:39; Moses 6:55).

Moporesidente Brigham Young o e beile jaana: “Batho botlhe ba ba botlhale ba ba rwesitsweng dikorone tsa kgalalelo, le botshelo ja bosakhutleng ba tshwanetse ba feta ka diteko dingwe le dingwe tse di rulaganyeditsweng bao ba ba botlhale go feta ka tsone, go newa kgalalelo le bosakhutleng. Matlhotlhapelo mangwe le mangwe a a ka welang batho ba senama a tlaa letlelelwa … go ba baakanyetsa go ipela mo bonnong jwa Morena. … Teko nngwe le nngwe le maitemogelo a o kileng wa feta ka one a ne a lebane poloko ya gago.1

Potso ga se gore a re tlaa bona dipaka tsa bomadi-mabe mme ke gore re tlaa fenya jang matsubutsubu a tsone. Tshono ya rona e kgolo mo dipakeng tsa botshelo tse di fetogetseng ruri ke go ingangatlela ka lefoko le le boitshepo la Modimo, gonne kgakololo ya Gagwe ga e re thuse fela ka go fenya matsubutsubu a botshelo mme e re kaela go a fenya. Rraetsho yo o kwa Legodimong o re file lefoko lwa Gagwe ka baporofite ba Gagwe—kitso e e kgethegileng e e rulaganyeditsweng go re kaela gareng ga dipaka tse di boima go re isa kwa boitumelong jo bo sa buiweng le lesedi le le galalelang la botshelo jo bosakhutleng. Ke karolo e e botlhokwa ya botshelo go gola ka maatla, bopelokgale, le bonnete le go ingangatlela ka boammaaruri le tshiamo ntle le dipetso tse re tlaa di bonang.

Ba ba tseneng mo metsing a kolobetso ba bo ba amogela mpho ya Mowa yo o Boitshepo ba tlhomile dinao tsa bone mo moleng wa borutwana e bile ba nonofile go sala morago ka tlhamalalo le ka tshepo dikgato tsa Mmoloki wa rona.

Mmoloki o rutile gore letsatsi le phatsimela “baleofi le basiami, gape … pula [e nela] baitshepi le ba e seng baitshepi” (Mathaeo 5:45). Nako tse dingwe ga re kgone go tlhaloganya gore ke eng dilo tse di thata, e bile di se dintle, di diragala mo botshelong. Mme jaaka balatedi ba ga Keresete, re tshepa gore fa re ka “senka ka thata, ra rapela ka nako tsotlhe, e bile re dumela, … dilo tsotlhe di tlaa re berekela bomolemo, fa [re] tsamaya ka tlhamalalo” (D&D 90:24; go gateletswe).

Jaaka maloko a Kereke ya Gagwe, re le Baitshepi, re direla ka boitumelo le maitlamo mo diemong tsotlhe tsa loapi le ka dipaka tsotlhe. Fa re dira jalo, dipelo tsa rona di tlala ka tumelo ee boitshegang, tsholofelo ee fodisang, le lorato la selegodimo.

Le fa go ntse jalo, re tlaa dika re raletse dipaka tsotlhe—tse dintle le tse di botlhoko. Mme paka efe kgotsa efe, jaaka balatedi ba ga Jeso Keresete, re tlaa baya tsholofelo ya rona go Ene jaaka re tsamaela leseding la Gagwe.

Ka bokhutshwane, re Baitshepi ba Modimo, re ikemiseditse go ithuta ka ga Ene, go Mo rata, le go rata bangwe-ka-rona. Re baeti mo tseleng ee segofetseng ya borutwana, mme re tlaa tsamaya ka tsitlamo go ya maitemogelong a rona a selegodimo.

Ka jalo, a re nneng Baitshepi ka dikgakologo, selemo, letlhafula le mariga. A re nneng Baitshepi ka dipaka tsotlhe.

Ntlha

  1. Teachings of Presidents of the Church: Brigham Young (1997), 261–62.

Go ruta go tswa Molaetseng o

Boperesidente jwa Ntlha bo rutile, “Dingwe tsa dithero tse dikgolo di rerwa ka kopelo ya difela” (Difela, ix). Jaaka le buisanya ka molaetsa o, akanyetsa go opela le ba o ba rutang nngwe ya difela tse kgotsa pina nngwe ka ga go itsetsepela ka nako ya bomadi-mabe: “How Firm a Foundation” (sa bo. 85); “The Lord Is My Shepherd” (sa bo. 108); kgotsa “Let Us All Press On” (sa bo. 243). Fa o utlwa go lebane, amogana le bone ka fa nako ya paka ya matsubutsubu mo botshelong jwa gago e kileng ya fetoga go nna letlhogonolo.

Gatisa