2013
Bokgoni jwa go Itshetsa
Lwetse 2013


Molaetsa wa Thuto ya Ketelo, Lwetse 2013

Bokgoni jwa go Itshetsa

Bala sedirisiwa se ka thapelo mme, fa go tlhokega, buisanya le bakaulengwe bao o ba etelang. Dirisa dipotso go thusa gore o thatafatse bakaulengwe mme o dire Mokgatlho wa Thuso gore e nne ntlha nngwe ya botshelo jwa gago e e tlhaga. Go bona molaetsa yo montsi, ya ko reliefsociety.lds.org

Setshwantsho
Kano ya Mokgatlho wa Thuso

Tumelo, Lelwapa, Thuso

Bokgoni jwa go itshetsa ke bokgoni, maikemisetso, le maiteko a go fepa ka semowa le ka senama boleng jwa rona le jwa malwapa a rona.1

Jaaka re ithuta re bo re dirisa dithuto tsa bokgoni jwa go itshetsa mo malwapeng a rona le mo metseng, re na le ditshono tsa go tlhokomela batlhoki le go thusa babangwe go nna le bokgoni jwa go itshetsa gore ba kgone go itsetsepela ka nako tsa bomadi-mabe.

Re na le tshono le tiro ya rona go dirisa boagente jwa rona go nna le bokgoni jwa go itshetsa ka semowa le ka senama. Fa a bua ka bokgoni jwa go itshetsa ka semowa le go ikaega ga rona mo go Rraetsho yo o kwa Legodimong, Mogolwane Robert D. Hales wa Khoramo ya Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi o rutile: “Rea sokologa e bile re nna le bokgoni jwa go itshetsa ka semowa jaaka re tshela dikgolagano tsa rona ka thapelo—ka go ja selalelo ka tshepafalo, go tshelela go nna le teseletso ya tempele, le go tswa setlhabelo re direla ba bangwe.”2

Mogolwane Hales o re gakolotse go nna le bokgoni jwa go itshetsa ka senama, “se se akaretsa go nna le thuto e e fetang ya sekolo se se golwane kgotsa thuto ya tiro ya diatla, re ithute go bereka, le go tshelela mo lemmeng le re nang nalo. Ka go itsa sekoloto le go boloka madi gompieno, re ipaakanyetsa tirelo ya metlha-yotlhe mo Kerekeng go ya ngwaga-tlola. Mosola wa bokgoni jwa go itshetsa ka senama le semowa ke go ikgoleletsa godimo gore re tle re tsholetse ba ba tlhokang.”3

Gotsweng Dikwalong tse di boitshepo

Mathaeo 25:1–13; 1 Timothei 5:8; Alema 34:27–28; Dithuto le Dikgolagano 44:6; 58:26–29; 88:118

Gotsweng mo Ditsong tsa Rona

Morago ga kgobokanyo ya Baitshepi ba Malatsi-a-Bofelo mo Salt Lake Valley, kwa go neng go le sekaka se se lolea, Moporesidente Brigham Young o ne a batla gore ba ungwe e bile ba age metse ya sennela-ruri. Se se ne se raya gore Baitshepi ba ne ba tshwanelwa ke go ithuta botsipa jo bo tlaa ba letlang go nna le bokgoni jwa go itshetsa. Mo maitekong a, Moporesidente Young o ne a na le tshepo e kgolo mo bokgoning, ditalente, go tshephafala, le maitlamo a bomme, e bile o ne a ba etleetsa mo ditirong tse di rileng. Lentswa ditiro tseo tsa bomme ba Mokgatlho wa Thuso gantsi di le pharologanyo gompieno, dithuto tsone di nna di sa fetoge:

  1. Ithute go rata tiro gape iphape mo boitsemeng.

  2. Nna le mowa wa bokgoni jwa go itshetsa.

  3. Amogela maikarabelo a gago a maatla a semowa, botsogo, thuto, khiro, tsa-madi, dijo, le tse dingwe tse di tlhokegang go itshetsa.

  4. Rapelela tumelo le bopelokgale go lebana le dikgwetlho.

  5. Kgotlhatsa babangwe ba ba tlhokang thuso.4

Dintlha

  1. Bona Handbook 2: Administering the Church (2010), 6.1.1.

  2. Robert D. Hales, “Coming to Ourselves: The Sacrament, the Temple, and Sacrifice in Service,” Liahona le Ensign, Motsheganong 2012, 34.

  3. Robert D. Hales, “Coming to Ourselves,” 36.

  4. Bona Daughters in My Kingdom: The History and Work of Relief Society (2011), 51.

Ke ka dirang?

  1. Ke thusa jang bomme ba ke ba okameng go bona ditlharabololo tsa letlhoko lwa bone lwa senama le semowa?

  2. A ke a gola mo bokgoning jwa go itshetsa ke semowa ka go ipaakanyetsa selalelo le go tswa setlhabelo go direla?

Gatisa