2013
Tla ya, O Kopane le Rona
Ngwanatsele 2013


Molaetsa wa Thuto ya Ketelo, Ngwanatsele 2013

Tlaya, O Kopane le Rona

Go sa kgathalese diemo tsa gago, ditso tsa gago ka bowena, kgotsa thata ya bopaki jwa gago, go na le kamore ya gao mo Kerekeng.

Go kile gabo go na le monna mongwe yo a neng a lora ale mo holong e kgolo ko bodumedi jwa lefatshe bo neng bo phuthegile O lemogile gore tumelo ngwe le ngwe ena le dilo tse di lebegang di kgatlisa e bile di le molemo.

O kopane le batho babedi ba ba neng ba le baemedi ba Church of Jesus Christ of Latter-day Saints mme ba mmotsa gore e batla eng mo bakereking ba yone?

Ga re batle sepe,” ba araba. “MareMorena o re kopa gore re moneele tsotlhe”

Khapole e ne ya tsweledisa ka go tlhalosa ka dineo tse di mo kerekeng, le thuto ya ketelo le ya mogae, mmishene wa nako tsotlhe, mantsiboa a mo gae a lelwapa a beke le beke, tiro ya tempele, tirelo ya setho ya botlhomogi, le mekgaphi ya go ruta.

“A le duela batho ba lona ka tiro yotlhe e ba e dirang?” monna a botsa.

“Ao, nyaa,” khapole e ne ya tlhalosa. “Ba fa nako ya bone ka go ithaopa.”

“Gape,”khapole e ne ya tswelela, “kgwedi tse thataro bakereki ba rona

“Di oura di le lesome tsa batho ba a fa puisanyo?” monna o ne a makala.

“Fa ele tirelo ya lona ya Kereke mo bekeng? Eo sebaka se se kae?”

“Dioura di le tharo, sontaga mongwe le mongwe!”

“he, banna,” monna o ne a bua. “A maloko a kereke ya gago a ba dira tota seo se buileng?”

“Seo le mo go ntsi. Ga re ise ebile re bue ka ditso tsa lelwapa, kampa tsa banana, ditirelo, go ithuta lefoko la tumelo, katiso ya boeteledipele, metshameko ya banana, seminary ya maphakela, go tshegetsa dikago tsa Kereke, gape go na le ka nnete molao wa Morena wa botsogo, go itima dijo ga kgwedi le kgwedi go thusa batlhoki, le tsa bo lesome.”

Monna o ne are,’ Jaanong ke a tsietsega. Ke eng fa mongwe a ka batla go tsena kereke e e ntseng jalo?”

Khapole ene ya a fa monyenyo mme ya re, “Re ne re akanya gore ga o kake wa botsa.’

Ke Eng Fa Mongwe A Ka Batla Go Tsena Kereke e Ntseng Jalo?

Ka nako e dikereke dile dintsi lefatshe ka bophara di nang le maitemogelo a matona a kwelo tlase ya dipalo (tsa maloko), Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo—etswa ele nnye ka go tshwantshanngwa le tse dingwe ka bontsi— ke nngwe ya dikereke tseo di golang ka bofefo mo lefatsheng. Ka Lwetsi 2013 Kereke ena le maloko ale di dikadike tse di fetang 15 lefatshe ka bophara.

Go na le mabaka ale mantsi ka se, mme a Ke lefe a le mokawana?

Kereke ya Mmoloki

Lantlha, Kereke e e ne e puseleditswe mo letsatsing la gompieno ke Jeso Keresete ka Sebele. Fa o tlaa fitlhela tetla go diragatsa ka Leina la Gagwe—go kolobetsa go phimolwa dibe, go fa mpho ya Moya o o Boitshepo, go konotelela mo lefatsheng le kwa legodimong.1

Bao ba ba tsenang Kereke e ba rata Mmoloki Jeso Keresete mme ba eletsa go Mo sala morago. Ba ipelela mo kitsong ya gore Modimo o bua go motho gape. Fa ba amogela ditlhomo tsa boitshepo tsa boperesiti mme ba dira dikgolagano le Modimo, ba kgona go utlwa maatla a Gagwe mo matshelong a bone.2 Fa ba tsena mo tempeleng e e boitshepo, ba lemoga gore ba mo pele ga Gagwe. Fa ba bala lefoko la tumelo3 mme ba tshele ka dithuto tsa baporofiti ba Gagwe, ba golela gaufi le Mmoloki yo ba mo ratang thata.

Tumelo e e Tlhaga

Lebaka le lengwe ke ka gore Kereke e fa ditshono go diragatsa bomolemo.

Go dumela mo Modimong go a a kgolega, mme bontsi jwa batho ba batla go dira mo go feteng go reetseng disemone tse di tlhotlheleditsweng kgotsa go lora ka matlotlo a bone godimo.4 Batla go baya tumelo ya bone mo tiragatsong. Ba ba tla go goga dihempe tsa bone mme ba nwele mo tirong e kgolo ena.

Mme se ke sere se diragalang fa ba kopana le rona— ba nna le ditshono tse dintsi go fetola ditalente tsa bone, bopelotlhomogi, le nako mo ditirong tse di molemo, Ka gore ga rena morui yo o duelwang wa selegae mo lefatseng ka bophara mo diphuthegong tsa rona, maloko a rona a diragatsa tiro outi ka bo bone. Ba bitswa ka tlhotlheletso. Fa gongwe re a ithaopa, fa gongwe re a “tlhophiwa.” Re bona go fiwa tiro e se makete mme ele tshono ya go diragatsa dikgolagano tsa tseo re ipelelang go di dira go direla Modimo le bana na Gagwe.

Masego a a Tlotliwang

Lebaka la boraro le batho ba tsenang Kereke ke gore go tsamaela tseleng ya borutwana go isa kwa masegong a a boleng.

Re bona kolobetso ele ntlha ya tshimologo mo mosepeleng wa rona wa borutwana. Tsamao ya malatsi otlhe

Bao ba salang morago tsela e ka boikanyego ba thibela gowela mesimeng e mentsi, kutlobotlhoko, le go ikwatlhaya ga botshelo.

Bahumanegi semoyeng le bao ba ba nang le boammaaruri ba bona matlotlo a kitso a magolo fana.

Bao ba ba sotlegang kgotsa ba lela ba bona phodiso fana.

Bao ba ba imelwang ele sebe ba bona go itshwarelwa, kgololesego, le boikhutso.

Go Bao Ba Ba Tlogelang

Go senka boammaaruri go eteletsepele didikadike tsa batho kwa Kerekeng ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo. Lefa go ntse jalo, go na le bangwe bao ba tlogelang Kereke eo baneng ba e rata pele.

Mongwe a ka botsa, “Fa ele gore efangele e monate thata, ke eng fa ope motho a ka e tlogela?”

Fa gongwe re akanyetsa gore ke ka gorebane ba kgopisitswe ke mongwe kgotsa baditshwakga kgotsa ke ba dira dibe. Tota, ga go motlhofo jalo. Nnete ke gore, ga go na lebaka lele lengwefela leo le leng lone fela mo diemong tse di farologanyeng.

Bangwe ba maloko a bo mmamoratwa ba sokola dingwaga ka potso ya gore a ke gore ba kgaogane gotsweng mo Kerekeng.

Mo Kerekeng e e tlotlang goithophela ga motho mo go nonofileng, eo e neng e buseleditswe ke monna potlana yo o neng a buditse dipotso mme a senka dikarabo, re tlotla bao ka nnete ba senkang boammaaruri. Go re thuba dipelo fa mosepele wa bone o ba tsaya kgakala gotsweng mo Kerekeng eo re e ratang le mo boammaaruring jo re bo boneng, mme re tlotla tshwanelo ya bone ya go obamela Modimo Mogolo ka fa kgogelong ya dikakanyo tsa bone, fela jaaka re batla tshwanelo eo go rona.5

Dipotso Tse Disa Arabiwang

Bangwe ba sokola ka dipotso tseo disa arabiwang ka dilo tseo di neng di dirilwe kgotsa tseo di builweng tsedi fetileng. Re amogela ka phuthologo gore mo dingwageng tse di gaufi le 200 tsa ditso tsa Kereke— go pataganya le mola wa tlhotlheletso eo e neng e sa kgoreletsiwa, ka tlotla, le ka selegodimo sa ditirelo— go na le dilo dingwe tseo di builweng le go diriwa tseo di ka nnang tsa dira gore motho a ipotse dipotso.

Dipotso tse dingwe di tswa ka gore rona ka motlho ga re na kitso yotlhe mme re tlhokana le gore re nne pelotelele. Fa boammaaruri jotlhe bo setse bo itsiwe, dilo tseo di neng di sa fe tlhaloganyo go rona pele di tlaa bankanngwa mo kgotsofatsong ya rona.

Fa gongwe go na le pharologanyo ya kakanyo mo go se tota “nnete” e se rayang. Potso e e simolodisang pelaelo mo go ba bangwe, e kanna morago fa go elwa tlhoko ka tlhtlhomiso, ya aga tumelo mo go ba bangwe.

Diphoso tsa Batho Ba ba nang le Selabe

Tota, go bua ka tlhamalalo, go na le dinako tseo maloko kgotsa baeteledipele mo Kerekeng baneng ka motlhofo ba dira diphoso. Go ka tswa gona le dilo dingwe tseo dibuilweng kgotsa di dirwa tseo di neng di se mo molemong wa boleng, melawana, kgotsa dithuto.

Ke akanya gore Kereke e ka bo esena selabe sepe fa ene ele gore e tsamaisiwa ke batho ba ba senang selabe sepe. Modimo ga ana selabe, le dithuto tsa Gagwe ga di kgothelesega. Mme o bereka ka rona—bana ba Gagwe bao banang le selabe— mme batho ba ba nang le selabe ba dira diphoso.

Mo setlhogong sa tsebe ya Buka ya ga Momone re bala jaana, Mme jaanong, fa go na le diphoso ke diphoso tsa motho; jalo he, se kgaleng dilo tsa Modimo, gore le tle le fitlhelwe le le phepa kwa setulong sa ga Keresete.”6

Se ke tsela eo e neng e ntse ele teng mme go tlaa nna jalo go fitlhela letsatsi la botlalo fa Keresete ka bo Ene a busa mo lefatsheng.

Go a swabisa gore bangwe ba bo ba kgopiwa ka ntlha ya diphoso tseo di dirilweng ke motho. Mme le fa gontse jalo, boammaaruri jwa puseletso ya efangedi eo e fitlhelwang mo Kerekeng ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo ga e phimolwe, kana e fokodiwa, kgotsa e senngwa.

Jaaka Kele Moaposetole wa ga Morena Jeso Keresete mme ke le mongwe yo o Ke boneng lantlha khansele le ditiro tsa Kereke e, Ke fa bosupi jo bo masisi jwa gore ga go na tswetso e kgolo eo e tsewang e ama Kereke kgotsa maloko a yone e e ka dirwang go sa kopiwe ka tlwaafalo tlhotlheletso, kaelo, le kgotsofatso ya ga Rara wa Bosa khutlheng. Se ke Kereke ya boammaaruri ya ga Jeso Keresete. Modimo ga a kitla a letlelela Kereke ya Gagwe gore e fapoge mo tseleng eo e tshwanetseng gore e tsamaye mo go yone kgotsa e tlholwe go diragatsa phelelong ya yone ya selegodimo.

Go na Le Kamore ya Gago

Go bao ba ba ikgaogantseng ba tswa mo Kerekeng, Ka re, ditsala tsame tsa mmamoratwa, go nale le gape lefelo go lona fana.

Tlayang mme le tlhakanyeng ditalente tsa lona, le dimpho, le matlhagaga a lona go a rona. Re tlaa nna botoka morago ga maduo ao.

Bangwe ba ka nna ba botsa , “Mme gone dipelaelo tsame tsone?”

Ke ka bomotho go nna le dipotso— kakgolo ya potsoloso ya bonnete gantsi golela le go tswelela mo setlhareng) sa oke wa go tlhalong. Go na le maloko a le mmalwa a Kereke ao, ka nako nngwe kgotsa tse dingwe, ga a ise a ba nne le ithuthuntsho ka dipotso tse di tlwaafetseng kgotsa tse di nenekediwang. Nngwe ya maikemisetso a Kereke ke go otla le go tlhagola peo ya tumelo— le mo gongwe mmung o o motlhaba wa pelaelo le wa ketsaketsego. Tumelo ke tsholofelo ya dilo tseo di sa bonweng mme dile boammaaruri.7

Ka jalo, barwarre le bokgaitsadiake ba barategang— baratwa ba ditsala— ka tswee tswee, lwantlha belaelang dipelaelo tsa lona pele ga o belaela tumelo ya gago.8 Ga re a tshwanela go letlelela pelaelo gore e re tshware batshwarwa le go re tshegetsa go tsweng mo loratong la selegodimo, kagiso le dimpho tseo di tlang ka tumelo mo go Morena Jeso Keresete.

Bangwe ba kanna bare, “Ga ke amogelesege le batho ba Kerekeng.

Fa o ne o ka bona mo dipelong tsa rona, o ka bona gore o amogelesegile that mo o neng o sa go akanya. O ka nna wa gakgamalela go fitlhela gore re na le dikeleletso le ditshokolo le ditsholofelo tse di tshwanang le tsa gago. Go goleng kgotsa kgodiso ya lona e kanna ya tswa e le pharologano go tsweng mo o go akanyang mo Baitsheping ba Malatsi a Bofelo ka bontsi, mme se e kanna ya nna lesego. Barwarre le bokgaitsadiaka, baratwa ba ditsala, re tlhoka ditalente tsa lona tseo di haphegileng le tebo ya lona. Dipharologano tsa motho le batho botlhe go dikologa lefatshe ke thata ya Kereke e.

Bangwe baka nna bare, “Ga ke bone gore a Ke ka tshelela sekalo sa lona.

Gotlhe mo go ntsi go tla! Kereke e bopetswe go otla bao ba ba nang le selabe, bao ba ba sokolang, le bao ba ba lapileng. E tletse ka batho baba eletsang ka dipelo tsa bone botlhe go tshegetsa melao, le fa ntswa gone ba ise ba e tshware ka botlalo gotlhelele.

Mongwe a ka nna are, “Ke itse leloko la Kereke ya lona leo eleng moitimokanyi. Ga ke kake ka tsena kereke eo e nang le mongwe yo o tshwanang jaaka ene ele leloko.

Fa o tlhalosa boitimokanyi ele mongwe yo o tlholwang ke go tshela a sena selape sepe mo go seo ene kgotsa bone ba se dumelang, ka jalo rotlhe re nna ba itimokanyi. Ga go ope wa rona yo o tshwanang le Keresete Jaaka re itse fa re tshwanetse go nna jalo. Mme ka keletso ya tlwaafalo re batla go fenya diphoso le moya wa go sekamela sebeng. Ka pelo le mowa re eletsa go nna botoka ka thuso ya Tefo ya ga Jeso Keresete.

Fa ele gore se ke dikeletso tsa gago, ka jalo go sa kgathalesege gore diemo tsa gago ke eng, ditso tsa gago ka bowena, kgotsa thata ya bopaki jwa gago, go na le kamore ya gago mo Kerekeng e. Tlaya, o kopane le rona!

Tlaya, O Kopane le Rona!

Go sa kgathalesege go na selabe mogo rona rele batho, Ke na le tshepo ya gore o tlaa fitlhela gareng ga rona maloko a Kereke e a mantsi a mewa e e boleta ao lefatshe le le ka a fang. Kereke ya ga Jeso Keresete e lebega e ngoka bao ba ba pelontle ba ba kgathalang, bao ba ba nnete bana le dinatla.

Fa o solofetse go bona batho bao ba ba tletseng, o tlaa nna ka maswabi. Mme fa o senka dithuto tse di sa leswafatswang tsa ga Keresete, lefoko la Modimo “leo le fodisang mowa yo o bolaisegileng,”9 le goitshepisa tlhotlheletso ya Moya o o Boitshepo, jalo koo o tlaa le bona. Mo dingwageng tse tsa tumelo eo e leng tlase—mo ngwageng ona o bontsi bo ikutlwang bo le kgakala le go tlamparela bomodimo— fana o tla a bona batho bao ba nyoretsweng go itse le go ikgogela gaufi go Mmoloki ka go mo direla Modimo le bankabone, jaaka wena. Tlaya, le kopane le rona!

A Le Lona Le Tla Tsamaya?

Ke gakologelwa ka nako eo mo botshelong jwa Mmoloki fa bontsi bone bo Mo tlogetse.10 Jeso o ne a botsa barutwana ba Gagwe:

“A lelona le tlaa tsamaya/

“Ka jalo Simon Peter o ne a mo araba, Morena, re tlaa ya go mang? o na le mafoko a botshelo jwa bosa khutlheng.”11

Tse ke dinako tseo re tshwanelwang ke go araba potso e e tshwanang. A lerona re tlaa tsamaya? Kgotsa a re tlaa, jaaka Petoro, re itshwarelela go mafoko a botshelo jwa bosa khutlheng?

Fa o senka boammaaruri, karabo, le tsela eo o ka fetolang tumelo mo tiragatsong; fa o senka lefelo leo o ka nnang gone: Tlaya, kopana le rona!

Fa o tlogetse tumelo eo o kileng wa bo o e galaletsa: Boela morago gape. Kopana le rona!

Fa o raelesega go leseletsa: Nna gape sebakanyana. Go na le kamore ya gago fa.

Ke kopa ka tswetswee go botlhe bao ba utlwang kgotsa ba balang mafoko a: Tlaya o kopane le rona. Tla o rekegele pitso ya ga Keresete yo o bonolo. Tsaya sefapaano sa gago mme o Mosale morago.12

Tlaya, o kopane le rona! Fana o tlaa bona seo eleng boleng jwa bo senang tlhwatlhwa.

Ke fa bopaki jwa gore fa o tlaa bona mafoko a botshelo jo bo sa khutlheng, tsholofetso ya tshegofatso ya thekololo, le tselana ya kagiso le boitumelo.

Ke rapela ka thata gore tshenko ya boammaaruri ya gago e tlaa go sedimosetsa mo pelong ya gago keletso ya go tla go kopana le rona. Ka leina le le boitshepo la ga Jeso Keresete, amene.

Gatisa