Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha, Ngwanatsele 2013
“Ga Ke kake Kago Tlhola, kana Kago Tlogela”
Rraetsho yo o kwa Legodimong … o itse gore re ithuta gape re gola le go nna thata jaaka fa re lebagana le go tshela re feta diteko tseo re fetang go tsone.
Mo jenaleng yame gompieno, Ke tlaa kwala, “Se e nnile nngwe ya sebaka sa khonferense ya kakaretso se se tlhotlheleditsweng go gaisa sepe fela se Ke kileng ka se tsenelela Sengwe le sengwe e nnile se se golo le go gaisa ka tlholego ya semoya.”
Barwarre le bokgaitsadiake, dikgwedi tse thataro tse di fitileng jaaka fa re ne re kopane mmogo mo konferenseng ya kakaretso, mogatsake yo o molemo, Frances, o ne a robaditswe kwa sepatela, a sena go golafala go tsweng mo go weng mo go masisi malatsinyana fela a a neng a satswa go feta. Ka Motsheganong, morago ga dibeke a sena go kgaratlha ka bopelokgale go fenya dikgobalo tsa gagwe, o ne a nwelela mo bosakhutleng. Tatlhegelo ya gagwe e nnile e tona thata. Ene le Nna re ne re nyalane mo Tempeleng ya Salt Lake ka Phalane 7, 1948. Ka moso e ne e kabo ele ipelelo ngwaga wa lenyalo la rona wabo 65. E ne ele moratiwa wa botshelo jwame, motshepiwa wa tlotla wame, tsala yame e e gaufi thata. Go re ke mo tlhwaafaletse ga go simolole go bontsha maikutlo a a boteng a ame.
Konferense e e tshwaya dingwaga tse 50 ke nne Ke sale ke bileditswe go khoramo ya Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi ke Moporesidente David O. McKay. Ka dingwaga tsena tsotlhe Ke ntse Ke sa utlwe sepe fa ese thotloesto e e tletseng ka botlalo ya mmati wa me yo o molemo. Mogo sa balegeng ke ditlhabelo tseo a di dirileng gore Ke tle ke kgone go diragatsa pitso yame. Ga Ke ise Ke ke ke utlwe lefoko la go ngongorega gotsweng go ene jaaka gantsi Ke ne ke tlhokega gore ke nne le malatsi a mantsi fa gongwe dibeke kgakala le ene le mo baneng. E ne ele moengele tota.
Ke eletsa go fa malebogo ame, gape go bao ba eleng ba lelwapa lame, mo loratong le le makatsang le le ntshitsweng leo le tlileng go rona e sale Frances a tsamaya. Dikarata tse di makgolo le makwalo a ne a rometswe go tsweng go dikologeng lefatshe a a fa tlotlo go ene le kgomotso go lelwapa la rona. Re ne ra amogela paakanyetso ya bontle jwa dithunya. Re fa ditebogo go dineelelo tse dintsi tseo di filweng ka leina la gagwe go Neo ya Kakaretso ya Mmishene wa Kereke. Mo Kemong ya bao ba re tlogetseng, Ke fa ditebogo tsa boteng go bopelontle jwa lona le maikutlo a a kgomang pelo.
Mo go nkgomoditseng le go fetsa mo sebakeng se sa nako e e boleta ya kgaogano e nnile bopaki jwame jwa efangele ya ga Jeso Keresete le kitso e Ke nang le yone ya gore Frances moratwa wame o ntse o a tshela. Ke itse fa kgaogano ya rona ele ya nakwana. Re ne re konoteletswe mo ntlong ya Modimo ke mongwe yo o nang le tetla ya go tshwaraganya mo lefatsheng le kwa legodimong. Ke itse gore re tlaa kopantshiwa letsatsi lengwe mme ga rene gape re kgaogana gape. Se Ke kitso eo e dirang gore Ke tswelele.
Barwarre le bokgaitsadiake, go ka nna ga akarediwa gore ga go ope motho yo tshedileng gotlhelele kwa ntle ga tshotlego le kutlobotlhoko, kana ga gona sebaka mo ditsong tsa batho tseo di nnileng di sena kabelo ya kgoberego le bosula.
Fa tselana ya botshelo e tsaya phekelo e sele, gona le thaelesego ya go botsa potso e “Ke eng ele nna?” Ka dinako tse dingwe go bonagala go sena lesedi kwa pheletsong ya kgabaganyo, go sena tlhabo ya letsatsi go emisa lefifi la bosigo. Re ikutlwa re dikologilwe ke go swabisiwa ke go nyelega ga ditoro tseo di phatlakanyeng le go nna ka tlhobaelo ya go phimoga ga ditsholofetso. Re kopana mo go begeng kopo ya baebele e e reng, “ A ga gona setlolo sa phodiso kwa Gilead?”1 Re ikutlwa re tlogetswe, re thobegile dipelo, re le nosi. Re na le gore re itebe ka borona re bone go tlhoka masego ga rona ka galase e e tlhakatlhakaneng ya go akanya ka bosenang molemo. Re nna re sena bopelotelele re batla karabo go mathata a rona, re lebala gore gantsi boleng jwa selegodimo jwa go nnaka bopelotelele bo a tlhokafala.
Go palega mo go tlang go rona go re fa teko e e tshelang ya kgonego ya rona go itshokelela pele. Potso ya motheo e nna e emetse go arabiwa ke mongwe le mongwe wa rona: A Ke tlaa tlholwa, kgotsa a Ke tla fetsa? Bangwe ba a tlholwa jaaka fa ba ipona ba sa kgone go golela godimo ga dikgwetlho tsa bone. Go fetsa go amana le go itshokelela kwa bokhutlong jwa botshelo ka bo bone.
Jaaka fa re akanya thata ka ditiragalo tseo di ka di diragalelang, re ka re le Jobe wa bogologolo, Motho o tsalelwa mo mathateng.”2 Jobe e ne ele monna yo o “tletseng ele mosiami mogolo” yo o neng a “boifa Modimo, a thibogela bosula.”3 Pious mo maitsholong a gagwe, o ne a atlega mo dikhumong tsa gagwe, Jobe o ne a tshwanetse go itebagana le diteko tseo di neng di kanna tsa senya mongwe fela. A kgaoletswe ditsompelo tsa gagwe, a tshegwa ke ditsala tsa gagwe, a bogisigilwe ke tshotlego tsa gagwe, a phatlhakantswe ke tatlhegelo ya lelwapa la gagwe, o ne a kgoromeletswa go “fa Modimo dikgaba, mme a swe.”4 O ganne thaelo e mme a bega gotsweng ga moya wa gagwe wa segosi:
“Bonang, bosupi jwame bo kwa legodimong, mme pego yame e kwa godimo.”5
“Ke a itse gore morekolodi wame o a tshela.”6
Jobe o ne a tshegetsa tumelo. A re ka se dire fela jalo jaaka fa re bo re lebagana le dikgwetlho tseo e tlaabong ele tsa rona?
Nako epe fela fa re ikutlwa re ketefaletswe tlase ka mabole a botshelo, tla re gakologelweng gore ba bangwe ba fetile motseleng e e tshwanang, ba itshokile, mme bane ba fenya.
Ditso tsa Kereke mo, tebalebong ya dinako tsa botlalo, e tletse ka maitemogelo a bao ba ba sokotseng mme ba nnile ka tsisibalo gape ba na le boipelo. Lebaka/ Bane ba dirile efangele ya ga Jeso Keresete legare la botshelo jwa bone. Se ke seo se tlaa re gogang gotsweng sepe seo re tlaa kopanang naso. Re tlaa nna fela re nna le maitemogelo a dikgwetlho tse di thata, mme re tlaa kgona go itebagana natso, go kopana le tsone ka phatla, le go tswa rele bafenyi.
Gotsweng bolaong jwa botlhoko, gotsweng mosamong o o metsi ele dikeledi, re a tsholelediwa go leba kwa legodimong ka netefatso ya selegodimo le tsholofetso ya boleng: “Ga kena ke lo tlholwa, kana ke le tlogela.”7 Kgomotso e e ntseng jaana ga e na tlhwatlhwa.
Jaaka Ke tsamaile kgakala le ka bophara mo lefatsheng ka bophara ke diragatsa maikarabelo a pitso yame, Ke ne ka tla go itse dilo dile dintsi— e seng fela bonnye jwa gore gosa itumeleng le go sotlega go lobopong Ga ke kake ka simolola go kala dipelo tse di thubegileng le kutlobotlhoko eo Ke e boneng jaaka Ke ne Ke etela bao ba ba neng ba itebaganye le selelo, ba itemogela bolwetsi, ba itebagantse le tlhalo, ba sokola ka ngwana wa mosimane kgotsa ngwanyana yo o itaolang, kgotsa ba sotlegela maduo a boleo. Palo e ka tswelela go isa kwa pele pele, go nne go na le mathata a mantsi ao a ka e balweng ao a a kare amang. Go fa sekai sele sengwefela go thata, mme fa Ke akanya ka dikgwetlho, dikakanyo tsame di ya kwa go Mokaulengwe Brems, mongwe wa moruti wa Sekolo sa Tshipi sa bosimaneng jwame. E ne ele leloko la Kereke lele boikanyego, monna wa pelo ya gauta. Ene le mogatse, Sadie, bane ba nale le bana bale borobabobedi, bontsi jwa bone bane bana le dingwaga tse di tshwanang le balelwapa la rona.
Morago ga Frances le Nna re sena go nyalana mme ra tswa mo wateng ya rona, re ne ra bona Morwarre le Kgaitsadiaarona Brems le maloko a lelwapa la bone kwa manyalong le kwa diphitlhong, fela le kwa meketeng ya bokopano jwa wate.
Ka 1968, Mokaulengwe Brems o ne a latlhegelwa ke mogatse, Sadie. Bana ba gagwe ba babedi go tsweng mo go ba ba robang bobedi le bone bane ba tlhokafala fa dingwaga dintse di tsamaya.
Letsatsi lengwe mo dingwageng tse di gaufi le 13, ngwana wa ngwana yo motona wa Mokaulengwe Brem o ne a nteletsa. O ne a ntlhalosetsa gore rraagwemogolo o fitlhile mo ngwageng wa matsalo a gagwe a bo 105. O ne are, “O tshela mo tlhokomelong ya legare e nnye mme o kopana le lelwapa la gagwe lotlhe Sontaga mongwe le mongwe, koo a fang thuto ya efangedi.” O ne a tswelela, “Sontaga o ntseng a feta, Ntatemogolo o ne a bega go rona gore, “ Baratiwa, Ke ya go tlhokafala beke e. A ko ka tsweetswe lo bitse Tommy Monson. O tlaa itse gore o tshwanetse go dirang.”
Kene ka etela Mokaulengwe Brems mantsiboeng a a neng a latela. Go ne go le lebaka lo lo leele ke sa mmone. Ke ne ke sa kgone go bua le ene, go nne o ne a latlhegetswe ke go utlwa. Ke ne ke sa kgone go mo kwalela molaetsa gore a o bale, gonne o ne a latlhegetswe ke pono. Ke ne ka bolelelwa ke balelwapa gore ba buisanya le ene ka go tsaya monwana wa letsogo la gagwe la moja mme ba kwale mo seatleng sa letsogo la gagwe la molema leina la motho yo o mo etetseng. Molaetsa ope fela o ne o tshwanelwa ke go diragatswa fela jalo. Ke ne ka sala morago tsamaiso ka go tsaya monwana mme ka peletsa T-O-M-M-Y M-O-N-S-ON, leina leo ka lone a saleng a nkitsile ka lone. Mokaulengwe Brems o ne a simolola go itumela mme, o ne a tsaya matsogo a me, mme a a baya mo tlhogong ya gagwe. Ke ne ka itse keletso ya gagwe gore ene ele go fiwa tshegofatso ya boperesiti. Mokgweetsi yo o neng a nkisitse go yeng kwa legareng la lefelo la tlhokomelo o ne a mpata jaaka rene re baya matsogo a rona mo tlhogong ya Mokaulengwe Brems mme re fe tshegofatso eo e neng e eleditswe. Morago ga moo, dikeledi dine tsa tshologela gotsweng kwa matlhong a gagwe ao a neng a sa bone. O ne a ngaparela matsogo a rona ka malebogo. Lentswa a ne a sa utlwa tshegofatso eo re mo e fileng, Moya o ne o nonofile, mme Ke dumela gore o ne a sedimosetswa go itse gore re mo file tshegofatso eo a neng a e batla. Monna yo o molemo yo o ne a sa kgone go tlhola a bona. O ne a sa kgone go tlhola a utlwa. O ne a beilwe bosigo le motshegare mo kamoreng ya legare la lefelo la tlhokomelo. Mme monyenyo wa sefatlhego sa gagwe le mafoko ao a a buileng a ne a ama pelo yame. “Ke a leboga,” o ne a rialo. “Rraetsho yo o kwa Legodimong o nnile molemo thata go nna.”
Mo go sa feteng beke, jaaka Mokaulengwe Brems a ne a lepile, o ne a tsamaya. Ga a ise ake a gatelele mogo se a se tlhokang; fa eseng fela gore, o ne ka metlha a na le malebogo a a boteng go masego a mantsi a a nang nao.
Rraetsho yo o kwa Legodimong, yo o re fang bontsi jwa se re ka se ipelelang, gape o itse fa re ithuta le go gola gore re nne ka nonofo jaaka fa re itebagana le go tshela diteko tseo re tshwanetseng gore re feta ka tsone. Re itse gore go na le dinako tseo re tlaa nnang le maitemogelo a go thubega ga pelo ele kutlobotlhoko, nako eo re tlaa lelang, le nako eo retlaa lekwang go fela go isa go gotlhe more ka go dirang. Lefa gontse jalo, mathata ao a re letlelela gore re fetogele go nna botoka, go aga sesha matshelo a rona ka tsela eo Rraetsho yo o kwa Legodimong a re rutang ka teng, le gore re nne sengwe se se farologanyeng gotsweng mo go seo reneng rele sone— botoka mo go seo re neng re le sone, re tlhaloganya thata go feta mo re neng re le sone, re le kutlwelobotlhoko thata go tsweng mo re neng le re gone, ka bopaki jo bo nonofileng go gaisa jo re neng rena le bone pele.
Se e tshwanetso gore enne maikemisetso a rona— gore re gatelepele re itshoke, ee, gape go nna ka semoya thata re phatshimisiwa jaaka fa re tsamaela pela go kgabaganya letsatsi le kutlobotlhoko. Fa e ne ese ka dikgwetlho gore re di fenye le mathata gore re a rarabolole, re ka nna ra nna fela jaaka re ntse, ka mo go nnye, kgotsa ka bosenang tswelelopele go iseng dikgeleng tsa botshelo jwa bosa khutlheng. Mmoki o ne a baya kakanyo eo ka go tshwana thata fa a ne are ka mafoko a:
Lepako le le molemo ga le gole ka motlhofo,
Fa sefefo se nonofile, setlhare se a nonofa.
Go iseng lewaping kgakala thata, go nneng ga bophara jo bogolo.
Go nneng ga matsubutsubu, go nneng ga thata e ntsi.
Ka letsatsi le botsididi, ka pula le mouwane,
Mo ditlhareng le mo bathong mapako a a molemo a a gola.8
Ke fela Mongwarona yo o itseng boteng jwa diteko tsa rona, botlhoko jwa rona, le tshotlego ya rona. Ke ene ka esi yo o fang kagiso ya bosa khutlheng ka dinako tsa bosula. Ke ene ka esi a kgomang mewa ya rona eo e bogisitsweng ka mafoko a Gagwe ao a fang kgomotso:
“Tlayang go nna, lotlhe ba le berekang mme lo imeleletswe, mme Ke tlaa lo fa phomolo.
“Tsayang joko yame go lona, mme lo ithute ka mo go nna; Go nne Ke bokgwabo mme kele pelo tlase: mme lo tlaa bona boikhutso go mewa ya lona.
“Go nne joko yame e bobebe, mme makete ame a motlhofo.”9
Go sa kgathalesege gore a ke dinako tse di gaisang kgotsa ke ka dinako tse di botlhoko, O na le rona. O re solofeditse gore ga A kitla a fetoga.
Barwarre le bokgaitsadiaka, ako renneng le maitlamo go Rraetsho yo o kwa Legodimong yo o a sa fokotsegeng gape a sa tshologeng ka dingwaga kgotsa ka bomadimabe jwa matshelo a rona. Ga go tlhokege gore re nne le maitemogelo a mathata gore re Mo gakologelwe, gape ga re a tshwanela gore re isiwe mo boikokobetsong gore pele ga re ka Mo fa tumelo le tshepo ya rona.
A ko re lekeng ka metlha gore re atumele Rraetsho yo o kwa Legodimong ka bojotlhe jwa rona. Go dira jalo re tshwanetse go rapela go Ene le go reetsa go Ene letsatsi le letsatsi. Ka nnete re a mo tlhoka oura nngwe le nngwe, go sa kgathalesege gore a go letsatsi kgotsa go dipula. A ditsholofetso tsa Gagwe di nne ka lefoko-la-tebelelo go rona: “Ga Ke kake Kago tlhola, kana kago tlogela.”10
Ka thata ya moya wame otlhe, Ke fa bopaki jwa gore Modimo o a re rata, gore Morwa wa Gagwe o o Esi o a tshidile mme a re swela, le gore efangele ya ga Jeso Keresete ke lone lesedi leo le le bonesetsang gareng ga lefifi la matshelo a rona. A ko go nne jalo ka metlha, Ke a rapela ka leina lele itshepisitsweng la ga Jeso Keresete, amene.
© 2013 by Intellectual Reserve, Inc. All rights reserved. E gatisitswe mo USA. Tetla ya Sekgoa: 6/13. Tetla ya Thanolo: 6/13. Thanodi ya bo First Presidency Message, November 2013. Setswana. 10671 763