2014
Nako e e Siameng ya Go Jwala Setlhare
Ferikgong 2014


Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha, Hirikgong 2014

Nako e e Siameng ya Go Jwala Setlhare

Setshwantsho
Ka Moporesidente Dieter F. Utchtdorf

Roma wa bogologolo, Janus e ne ele modingwana wa tshimologo. O ne gantsi a supiwa ka difatlhego tse pedi—se sengwe se lebile kwa morago kwa go tse di fitileng, se sengwe se lebile kwa pele kwa isagong. Dipuo dingwe di bitsa kgwedi ya Hirikgong Ka ene ka gore tshimologo ya ngwaga ene ele nako ya go lebelela (se se fitileng) le go ithulaganyetsa (se se tlang).

Dikete tsa dingwaga morago ga moo, ditso tse dintsi mo lefatsheng ka bophara dine tsa tswelela ka ngwao ya go nna le maikemisetso mo ngwageng o mosha. Ee go dira maikemisetso go motlhofo—go a tshegetsa ke selo se se farologanyeng gotlhelele.

Monna mongwe yo o dirileng mola o moleele wa maikemisetso a Ngwaga o Mosha o ne a ikutlwa a itumelela thata tswelelopele ya gagwe. O ne a akanya mo teng, “A re, Ka jaana ke setse ke tshegeditse go ja game, Ga ke ise ke latlhegelwe ke go tenega, Ke setse ke tshegeditse thulaganyo yame ya tsa madi, gape ga Ke ise ke ngongorege ka ntlha ya moagisanyi wame. Mme gompieno go di 2 tsa Hirikgong mme setsibosi ga se ise se lele mme Ke nako ya gore Ke tswe mo bolaong. Go ya go tsaya dikgakgamatso gore ke fitlhelele maitlamo ame.”

Go Simolola Gape

Go na le sengwe se se gakgamatsang sa tsholofetso ka go simolola sesha. Ke akanya gore ka nako e nosi kgotsa e nngwe rotlhe re ne re batlile go simolola sesha gape mo sedirisiweng se se phepa.

Ke rata go nna le khomputara e ntsha le se bolokelo sa yone se sesha. Ka nakwana e dira sentle ka botlalo. Mme fa malatsi le dibeke dintse di feta le mananeo a mantsi ntsi a tsenngwa (mangwe ka bomo, mangwe e se ka bomo), kgantele khomputara e simolola go fokola, mme dilo tse e kileng ya bo e di dira ka pele le ka manontlhotlho di nna bonya. Fa gongwe ga e dire gotlhelele. Le go e simolodisa e ka nna ya nna kgwetlho jaaka fa se bolokelo sa yone se fetolwa ke dikhuduego tsa lerole la motlakase. Go na le nako dingwe tse selo sele sengwe fela se se ka dirwang eleng go phimola khomputara mme o e simolole sesha.

Batho le bone ba ka tlelwa ke dipoifo, dipelaelo, le makete a molato. Diphoso tseo re di dirileng (gotlhe kabomo le mo eseng kabomo) di ka re gatelela mo go lebegang gole thata gore re dire seo re se itseng re tshwanetse go se dira.

Mo kgannyeng ya sebe, go na le dikgato tse di gakgamatsang tsa go simolola sesha tse di bidiwang boikotlhao tse di re letlelelang gore re phimole dibolokelo tsa rona tsa mo teng tsa go tlelwa ke makete mo dipelong tsa rona. Efangele, ka kgakgamatso le bopelotlhomogi jwa Tefo ya ga Jeso Keresete, e re supegeditse tsela ya go phephafatsa mewa ya rona mo lesweng la sebe mme gape re nne bashwa, re itshekile, ebile re sena selabe sepe jaaka ngwana.

Mme fa gongwe dilo tse dingwe dire fokoletsa tlase le go re emisetsa morago, di re dira gore dikakanyo tsa rona di se nne ka bonatla le go dira gore go nne thata gore re simolole.

Go Tsisa Mo go Gaisang go Rona

Go baya boikaelelo ke mokgwa o o boikanyego. Re itse fa Rraetsho yo o kwa Legodimong a na le maikaelelo ka gore O re boleletse gore tiro ya Gagwe le kgalalelo ke “go tsisa go diragatsa bosasweng le botshelo jo bosakhutleng jwa motho” (Moshe 1:39).

Maikaelelo a rona a ka tsisa mo go gaisang go rona. Lefa go ntse jalo, nngwe ya sengwe seo se ka re faposang mo maitekong a rona a go dira le go tshegetsa maikaelelo a rona ke go a atolosetsa mo nakong e e tlang. Fa gongwe re diega go simolola, re emetse nako e e siameng go simolola—letsatsi lantlha la ngwaga o mosha, tshimologo ya selemo, fa re biditswe go nna mobishopo kgotsa moporesidente wa Mokgatlho wa Thuso, morago ga bana ba sena go tsena mo sekoleng, fa re sena go nna re tlogela tiro.

Ga o tlhoke taletso pele ga o ka simolola go sutelela mo tseleng ya maikaelelo a gago a tshiamo. Ga o tlhoke go emela go fiwa teseletso go nna motho yoo e betlilweng go nna ene. Ga o tlhoke go emela go lalediwa go direla mo Kerekeng.

Fa gongwe re kgona go dia dingwaga tsa botshelo jwa rona re emetse gore re tlhophiwe (bona D&D 121:34–36). Mme seo ke kakanyo e e fosagetseng, O setse o tlhophilwe!

Mo dinakong dingwe mo botshelong jwame Ke ne ke nna masigo a ke sa robaleng ke ngakaletse le dikgwetlho, matshwenyego, kgotsa kutlobotlhoko yame. Mme mo go sa kgathalesegeng gore go lefifi la bosigo jang, Ke nna ke rotloediwa ke kakanyo e: mo mosong letsatsi le tlaa tlhaba.

Ka letsatsi lengwe le lengwe le lesha, tshimologo e e ntsha e e tla—e seng fela go lefatshe mme le mo go rona. Mme ka letsatsi le lesha go tla tshimologo e ntsha—tshono ya go simolola gape.

Mme Fa Re Ka Tlholwa?

Fa gongwe selo seo se re busetsang morago Ke poifo. Re ka nna ra tshwa re tshoga gore ga rene re atlega, gore re tlaa atlega, gore re tlaa tlhajwa ke ditlhong, gore katlego e ka nna ya re fetola, kgotsa gore re ka fetola batho bao re ba ratang.

Mme ka jalo re eme. Kgotsa ra leseletsa.

Selo se sengwe se re tlhokang gore re se gakologelwe fa go tla mo go beyeng maikaelelo ke sena: Gongwe re tla tlholwa—mo go feteng nakong e khutshwane. Mme gona le gore re nyeme moko, re ka thatafadiwa ka gore tlhaloganyo e e phimola ketsaketsego ya go nna ka botlalo jaanong gone jaana. E amogela gotsweng kwa tshimologong gore ka nako nngwe kgotsa e nngwe, re ka nna ra wela tlase. Go itse sena kwa pele go tsaya bontsi jwa go gakgamadiwa le go nyema moko ga go tlholwa.

Fa re atamela maikaelelo a rona ka tsela e, go tlholwa ga go kake ga re kganela. Gakologelwa, gore le fa tota re ka tlholwa go atololesegela kwa re go batlang, kwa kgorogong e re e eletsang ka bonako, re tlaa bo re dirile tswelelopele mo tseleng e e isang teng koo.

Mme se se botlhokwa—seo se raya sengwe.

Le fa tota re ka wela tlase mo moleng o re o tlolang, mme go tswelela mo mosepeleng go tlaa re dira batona go feta se re neng rele sone.

Nako e e Siameng ya Go Simolola Ke Jaanong

Seane sa bogologolo sa re, “Nako e e siameng ya go jwala setlhare ke dingwaga tse 20 tsedi fitileng. Nako enngwe ya bobedi le go gaisa ke jaanong.”

Go na le sengwe seo se makatsang sena le tsholofetso ka lefoko jaanong. Go na le sengwe se se thatafatsang ka netefatso ya gore re itlhophela go tsaya tshwetso jaanong, re ka sutela pele gone jaanong.

Jaanong ke nako e e gaisang go simolola motho yo re batlang go nna ene—e seng fela dingwaga tse 20 gotsweng jaanong mme gape go isa bosakhutlheng.

Go ruta go tswa Molaetseng o

Moporesidente Uchtdorf o tlhalositse gore fa re tlholwa ke go tshwara maikaelelo a rona, “re ka thatafadiwa. … Lefa tota re ka wela tlase mo moleng wa rona wa pheleletso, re tswelela kwa pele fela mo mosepeleng go tlaa re dira gore re nne batona mo go se re neng rele sone pele.” Botsa maloko a lelwapa gore ba abelane maitemogelo ao ba neng ba ithutile mo dikgatong go feta gotsweng mo maduong, jaaka mo go alogeng gotsweng sekolong kgotsa go amogeleng katso.

Gatisa