2014
Mmishene wa Selegodimo wa ga Jeso Keresete: Mokaedi (wa dilo)
Ferikgong 2014


Molaetsa wa Thuto ya Ketelo, Hirikgong 2014

Mmishene wa Selegodimo waga Jeso Keresete: Mokaedi (wa dilo)

Ka thapelo ithute sedirisiwa se mme o batle go itse gore o ka abelana eng. Go tlhaloganya botshelo le mmishene wa Mmoloki go ka oketsa tumelo ya gago jang mo go Ene le gore go ka segofatsa jang bao o ba tlhokometseng ka thuto ya ketelo? Go bona molaetsa yo montsi, ya ko reliefsociety.lds.org

Tumelo, Lelwapa, Thuso

Jaaka fa re tlhaloganya Jeso Keresete ele sekao sa rona mo sengweng le sengweng, re ka oketsa keletso ya rona ya go Mo salang morago. Dikwalo tsedi boitshepo di tletse ka gore kgothatsa go sala mo dikgatong tsa ga Keresete. Go Banifae, Keresete o ne a re, “Mo ditirong tseo le boneng ke di dira le lona gape le tlaa di dira” (3 Nifae 27:21). Go Thomase Jeso o ne a re, “Ke nna tsela, le boammaruri, le botshelo: ga go motho ope yo o tlang go Rara, mme fa e se ka nna” (Johane 14:6).

Gompieno baeteledipele ba rona ba re gakolola gore re tlhome Mmoloki ele sekao sa rona. Linda K. Burton, moporesidente wa kakaretso wa Mokgatlho wa Thuso, o ne a re, “Fa mongwe le mongwe wa rona a na le dithuto tsa Tefo di kwadilwe kwa boteng ga dipelo tsa rona, jalo re tlaa bo re simolole gonna batho bao Morena a batlang a nna bone.”1

Moporesidente Thomas S. Monson o ne a re, “Morena le Mmoloki wa Rona, Jeso Keresete, ke Mokaedi le nonofo ya rona”.2

A re tseyeng tshwetso ya go atumela go Jeso Keresete, go obamela melao ya Gagwe, le go iteka thata go boela go Rraetsho yo o kwa Legodimong.

Gotsweng Dikwalong tse di boitshepo

2 Nifae 31:16; Alema 17:11; 3 Nifae 27:27; Moronae 7:48

Gotsweng mo Ditsong tsa Rona

“O tshwaile dikgato mme a etelelapele tsela,” ga kwala Eliza R. Snow, moporesidente wa bobedi wa kakaretso wa Mokgatlho wa Thuso, a bua ka boruti jwa selefatshe jwa ga Jeso Keresete.3 O ne a ruta batho—ka bongwe ka bongwe. O re rutile gore re tlogele tse di masome a robang bongwe le boroba bongwe go ya go pholosa ele nngwe e e timetseng (bona Luke 15:3–7). O fodisitse le go ruta batho, le tota go tsaya nako go mongwe le mongwe mo matshwititshwiting a a 2,500 a batho (bona 3 Nifae 11:13–15; 17:25).

Go basadi ba Baitshepi ba Malatsi a bofelo, Moporesidente Dieter F. Uchtdorf, Mogakolodi wa Bobedi mo boporesidenteng jwa Ntlha, o ne a re: “Lona barweetsana baba makatsang lo fa tirelo ya bopelotlhomogi go ba bangwe ka mabaka ao a gaisang dipoelo go lona. Mo go seo lo etsa Mmoloki. … Dikakanyo tsa Gagwe dine ka metlha di reeleditswe go thusa ba bangwe.”4

Dintlha

  1. Linda K. Burton, “Is Faith in the Atonement of Jesus Christ Written in Our Hearts?” Ensign kgotsa Liahona, Nov. 2012, 114.

  2. Thomas S. Monson, “Meeting Life’s Challenges,” Ensign, Nov. 1993, 71.

  3. “How Great the Wisdom and the Love,” Sefela, sabo. 195.

  4. Dieter F. Uchtdorf, “Happiness, Your Heritage,” Ensign kgotsa Liahona, Nov. 2008, 120.

Ke ka dirang?

  1. Ke ka goreng le gore ke ka jang Jeso Keresete eleng mokaedi go nna?

  2. Go ruta bakaulengwe bao ke ba etelang go ka nthusa jang go sala Mmoloki morago?

Gatisa