2014
Dikgolagano tsa Lorato
Tlhakole 2014


Bana

Dikgolagano tsa Lorato

Kopa mogolo go go segela dipampitshana di le 28, nngwe le nngwe ya tsone e nne bophara jwa disentimithara di le 2.5 le boleele jwa disentimithara di le 20. Letsatsi lengwe le lengwe mo kgweding e, direla mongwe sengwe go supa fa o mo rata. O ka thusa batsadi ba gago go phepafatsa lelwapa kgotsa wa kwalela moagisanyi lekwalonyana go mo itumedisa.

Kwala ka se o se dirileng tsatsi le letsatsi mo nngweng ya dipampitshana tse o di segileng, mme o kokometse pampitshana e o kwaletseng mo go yone dintlha tsotlhe go dira sekele. O ka golaganya disekele tsa gago ka go somela bontlha bongwe jwa pampitshana e ncha fa gare ga sekele e o setseng o e dirile pele ga go kokometsa dintlha tsotlhe tsa yone go dira disekele tse di golaganeng. Lebelela dikgolagano tsa gago tsa lorato di gola! E bile o ka tswelela ka go oketsa tirelo ya gago le fa Tlhakole a fedile.

Gatisa