2014
Bodiredi jo bo Boitshepo jwa ga Jeso Keresete: Modisa yo o Molemo.
Tlhakole 2014


Molaetsa wa Thuto ya Ketelo, Tlhakole 2014

Bodiredi jo bo Boitshepo jwa ga Jeso Keresete: Modisa yo o Molemo

Ka thapelo ithute tiriso e mme o senke go itse gore o ka abelana eng. Go tlhaloganya botshelo le mmishene wa Mmoloki go ka oketsa jang tumelo ya gago mo go Ene le go segofatsa ba o ba lebeletseng ka thuto ya ketelo? Go bona molaetsa yo montsi, ya ko reliefsociety.lds.org

Tumelo • Lelwapa • Thuso

Jeso Kereste, Modisa yo o Molemo, o rutile:

“Ke ofe monna mo go lona, yo o nang le dinku di le lekgolo, e re go latlhegelwa ke ele nngwe, a seke a tlogele tse masome a robang bongwe le borobabongwe mo sekgweng, mme a latele ee latlhegileng, go filthela a e bona? …

“Kea lo raya, ka re … go tlaa nna boipelo kwa legodimong ka modiradibe a le mongwe fela yo o sokologang” (Luke 15:4, 7).

Fa re tla go tlhaloganya gore Jeso Keresete ke Modisa yo o Molemo, keletso ya rona go sala sekai sa gagwe morago le go thusa ba ba tlhokang ea gola. Jeso o rile: “Ke modisa yo o molemo, gape ke itse dinku tsame, le tsone di a nkitse … E bile ke ka swela dinku tsame(Johane 10:14–15) Ka lebaka la Tefo ya ga Keresete, ga go ope wa rona yo o tla kitlang a latlhega mo a ka sekeng a bone gape tsela go boela gae (bona Luke 15).

Moporesidente Thomas S. Monson o rile, “Ya rona tiro ke go tlhokomela letsomane. … A rotlhe re emeng go bereka.”1

Gotsweng Dikwalong tse di boitshepo

Pesalema 23; Isaiah 40:11; Mosaeya 26:21

Gotsweng mo Ditsong tsa Rona

Elizabeth Ann Whitney, yo o tsamaileng phuthego ya ntlha ya Mokgatlho wa Thuso, o buile se ka go sokologa ga gagwe ka 1830: “E rile fela ke sena go utlwa Efangele jaaka Bagolwane ba ne ba e rera, ke ne ka itse fa e le lentswe la Modisa yo o Molemo.”2 Elizabeth o setse morago lentswe la Modisa yo o Molemo mme a kolobediwa a bo a tlhomamisiwa leloko la kereke.

Le rona re ka utlwa lentswe la Modisa yo o Molemo mme ra abelana dithuto tsa Gagwe le ba bangwe. Moporesidente Monson o rile, “Re mabogo a Morena mo lefatsheng, ka thomo ya go direla le go tsholetsa bana ba Gagwe.”3

Fela jaaka Modisa a senka nku e e timetseng, batsadi le bone ba ka senka ngwana yo o timetseng. Moporesidente James E. Faust (1920–2007), Mokhanselara wa Bobedi mo Boporesidenteng jwa Ntlha, o rile: “Go batsadi ba dipelo tsa bone di thubegileng, ba ba tshelang ka boitshepo, botlhaga le ka thapelo, ba ruta bana ba bone ba ba tlhokang tsebe, re lo raya re re, Modisa yo o Molemo o ba okame. Modimo o a itse e bile o tlhaloganya kutlobotlhoko ya lona e e boteng. Go na le Tsholofelo.”4

Dintlha

  1. Thomas S. Monson, “Heavenly Homes, Forever Families,” Liahona, Seetebosigo 2006, 70.

  2. Elizabeth Ann Whitney, in Daughters in My Kingdom: The History and Work of Relief Society (2011), 128.

  3. Thomas S. Monson, “What Have I Done for Someone Today?” Liahona, Nov. 2009, 86.

  4. James E. Faust, “Dear Are the Sheep That Have Wandered,” Liahona, Motsheganong 2003, 68.

Ke ka dirang?

  1. Go itse gore Mmoloki ke Modisa yo o Molemo go tsisa jang kagiso mo matshelong a rona?

  2. Ke ditsela dife tse re ka direlang ba ba “timitseng” mo bodireding jwa Kereke kgotsa ba eseng ba tumelo ya rona?

  3. Ke ka thusang jang batsadi ba bana bone ba tlogetseng go tshela efangele?

Gatisa