2014
Direla Morena ka Lorato
Tlhakole 2014


Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha, Tlhakole 2014

Direla Morena ka Lorato

Setshwantsho
Moporesidente Thomas S. Monson

Morena Jeso Keresete o rutile gore, “ Ope yo o tlaa bolokang botshelo jwa gagwe o tlaa bo latlhegelwa: mme ope yo o tla nayang botshelo jwa gagwe ka leina lame, o tla bo boloka” (Luke 9:24).

“Ke dumela gore,” ga bua Moporesidente Thomas S. Monson, “Mmoloki o re bolelela gore fa re sa ineelele go direla ba bangwe, matshelo a rona a na le boleng jo bo kwa tlase. Ba ba ikakanyetsang ba le nosi ba tlaa felela ba swabile e bile matshelo a bone a latlhegelwe ke boleng, mme ba ba ineelang go direla ba bangwe bone ba tlaa gola ba bo ba ungwe— ka jalo ba boloke matshelo a bone.”1

Mo mekwalong e e latelang go tswa bodireding jwa ga Moporesidente Monson, o gakolola Baitshepi ba Malatsi a Bofelo gore ke mabogo a Morena le gore masego a sa khutleng a emetse ba ba direlang ba bangwe ka nako tsotlhe.

Tirelo mo Tempeleng

“Tirelo e kgolo e fiwa mo tempeleng fa re direla ba ba tlhokafetseng. Gantsi re a bo re sa itse batho ba re ba direlang tiro eo. Re abo re sa solofela go lebogiwa, e bile re a bo re sena kitso ya gore a ba re ba direlang ba tlaa amogela se re se nayang. Le fa gontse jalo, re a ba direla, e bile mo tirong eo re kgona se se sa bonweng ka tsela epe gape: ka nnete re nna baboloki mo Thabeng ya Sione. Jaaka Mmoloki a neile botshelo jwa Gagwe e le setlhabelo sa rona, le rona, ka tsela nngwe, re dira se a se dirileng fa re direla ba ba tlhokafetseng tiro mo tempeleng, ba ba senang tsela epe gape ya go ka tswelela fa re sa ba direle sepe mo lefatsheng mo.”2

Re Mabogo a Morena

“Bakaulengwe, re dikaganyeditswe ke ba ba tlhokang nako ya rona, kgothatso, kgomotso le bopelotlhomogi jwa rona— e ka tswa e le bamalwapa a rona, ditsala kgotsa ba re sa ba itseng. Re mabogo a Morena mo lefatsheng, ka maitlamo a go direla le go tsholetsa bana ba Gagwe. O ikantse mongwe le mongwe wa rona. …

“Tirelo e rotlhe re e bileditsweng ke ya go direla Morena Jeso Keresete.”3

Go direla mo Moriting wa Mmoloki

Mo lefatsheng le lesha, Morena yo o tsogileng baswing, o ne a bega are, “Ee lo itse dilo tse le tshwanetseng go di dira mo Kerekeng yame; gonne ditiro tse lo mponeng Ke di dira le tlaa di dira gape le lona; go nne se lo se boneng Ke se dira le tota lo tlaa se dira.” [3 Nifae 27:21].

Re segofatsa ba bangwe jaaka fa re direla mo moriting wa ga “Jeso wa Nasaretha … yo o a ileng a direla ka bomolemo.” [Ditiro 10:38] 11 Modimo a re segofatse go bona boipelo mo go direleng Rraetsho yo o kwa Legodimong jaaka re direla bana ba Gagwe mo lefatsheng.4

Botlhokwa jwa go Direla

“Re tlhoka monyetla wa go direla. Re tshwanetse ra rapelela go itse gore re ka thusa jang maloko a a emisitseng go tla kerekeng kgotsa ba ba meriti e tsididi. Go ba kopa go direla ka nngwe epe tiro e ka nna kgothatso e ba e tlhokang go boela kerekeng. Mme baeteledipele ba ba ka thusang ka se ba maoto a tshupa ka nako tse dingwe. Re tshwanetse ra gakologelwa gore batho ba ka fetoga. Ba kgona go latlha mekgwa e e bosula. Ba kgona go sokologa. Ba ka nna baporisita ba ba boitshepo. E bile ba ka direla Morena ka botlhaga.”5

A re Dira Tsotlhe Tse re Tshwanetseng go di Dira?

“Lefatshe le tlhoka thuso ya rona. A re dira tsotlhe tse di re lebaneng? Ke a ema fa ke akanya ka mafoko a Moporesidente John Taylor (1808–87): “Fa o sa godise pitso ya gago, Modimo o tlaa go tshegetsa mo maikarabelong a bao o ka bong o ba pholositse fa o ne o diragaditse tiro ya gago.”? [Dithuto tsa Boporesidente jwa Kereke: John Taylor (2001), 164] Gona le batho ba ba tlhokang go tshegediwa, go kgothadiwa, go kaelwa tsela le go bolokiwa. Masego a bosakhutleng a go emetse. Ke tshono ya gago gore o seka wa nna mmogedi fela mme o nne motsayakarolo mo bodireding.”6

Dintlha

  1. “What Have I Done for Someone Today?” Liahona, Nov. 2009, 85.

  2. “Until We Meet Again,” Liahona, May 2009, 113–14.

  3. “What Have I Done for Someone Today?” 86, 87.

  4. “The Savior’s Call to Serve,” Liahona, Aug. 2012, 5.

  5. “Bona Others as They May Become,” Liahona, Nov. 2012, 68.

  6. “Willing and Worthy to Serve,” Liahona, Motsheganong 2012, 69.

  7. Teaching, No Greater Call: A Resource Guide for Gospel Teaching (1999), 12

Go ruta go tswa Molaetseng o

“ Fa o na le lorato lwa ga Keresete, o tlaa bo o le mo seemong se se botoka go ruta efangele. O tla tlhotlhelediwa go thusa ba bangwe go itse Mmoloki le go Mo sala morago”.7 Rapelela bopelonomi go rata ba o ba etelang. Jaaka o gola mo loratong la ga Keresete, o tlaa bona go nna motlhofo go ba direla ka tsela e e kgotsofatsang Morena le ba o ba rutang.

Gatisa