2014
Selemo sa Tirelo
Tlhakole 2014


Banana

Selemo sa Tirelo

Mokwadi o tshela kwa Virginia, USA.

Ka selemo sengwe nkile ka nna sebaka mo lefatsheng le sele ke bereka le bana ba ba nang le bogole. Lantlha ke kopana le bone, ke ne ke tshogile tota. Ke ne ke sa itse puo ya bone, mme ke ne ke tshepa gore Moya o tla nthusa go itsanye le bone. Fa ke ntse ke ba tlwaela, ke ne ka lemoga fa puo e ne e se sekgoreletsi sa lorato. Ke ne ke kgona go tshameka, go tshega le go dira tiro ya diatla le bana ba mme ka tlalelelwa ke lorato. Ke kgabodisitse lorato le Rraetsho yo o kwa Legodimong a re ratang ka lone, mme boitumelo jo bo neng jwa tlala mo pelong yame bo ne bo sena bokao.

Nako nngwe le nngwe e ke direlang ba babangwe, ke utlwa ke ba rata le go feta e bile ke utlwa lorato lame la Modimo le oketsega. Ka nnete ke ne ka tla go itse gore “fa re le mo tirelong ya batho-ka-rona re mo tirelong ya Modimo” (Mosaeya 2:17). Lebaka la tirelo yame, go sa kgatlhalesege gore a tiro e kgolo kgotsa ke ditiro tse dinnye tsa bopelonomi, ke go galaletsa Modimo (bona Mathaio 5:16). Ke solofela gore jaaka ke direla ba bangwe, batho ba tlaa lemoga lorato lame lwa Modimo le Lesedi la ga Keresete le le tukang mo go nna.

Gatisa