2014
Karabo ya Thapelo ya Gagwe
Mopitlo 2014


Banana

Karabo ya Thapelo ya Gagwe

Mokwadi o nna mo Gauteng, Southa Africa.

Bosigo bongwe, tsala yame ya tumelo e sele, e ne ya nketela. Ke tlwaetse go bala makwalo a boitshepo ke le nosi, mme bosigo joo, ke ne ke ntse ke bala go ithuta go tswa mo go one. Ke ne ka tlhotlheletswa go mo laletsa go ithutuntsha le nna lefoko la tumelo, mme ke ne ka tshaba ka jalo ka simolola go bala ke le nosi. Ke ne ke itse gore ke itlhokomolositse tlhotlheletso ya Moya. Morago ga metsotso e se kae ka mmotsa ka go tshaba, “Ao ka rata go bala le nna dikwalo tsa tumelo?” Ka ponyo ya leitlho tsala yame a fetola a re, “Ee.”

Re ne ra bala go tswa mo Bukeng ya ga Momone. O ne a mpotsa dipotso dingwe, mme ka utlwa Moya o nkaela fa ke di araba. Ke ne ka fa bopaki ka boammaruri jwa Buka ya ga Momone. Morago ga se, a mpolelela, “Ke ntse ke lela ebile ke tshogile letsatsi lotlhe. Ke ne ke rapelela thuso ya Modimo fa o nkopa gore ke bale dikwalo tsa tumelo le wena. Ke ikutlwa ke le botoka jaanong. Ke a leboga.”

Morena o ntirisitse jaaka sedirisiwa go araba thapelo le go direla mongwe wa bana ba Gagwe mo letlhokong. Ke a itse gore ditlhotlheletso ke dikaelo tsa selegodimo go tswa go yoo botlhale, Rara yoo galalelang. Fa re beela kwa thoko dipoifo tsa rona, re Mo letlelela go supa thata ya Gagwe ka kobamelo ya rona.

Gatisa