2014
Tirelo le Botshelo jo Bosakhutleng
Mopitlo 2014


Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha, Mopitlo 2014

Tirelo le Botshelo jo Bosakhutleng

Setshwantsho
Moporesidente Henry B. Eyring

Mmoloki ke sekao sa rona sa tirelo e e sa ikgagapeleleng. Botshelo jwa Gagwe jo bo itekanetseng ka botlalo bone bo ineetse go direla Rara wa Legodimo le botlhe bana ba ga Rara. Maikaelelo a a kopanetsweng ke Rara le Morwa ke gore neela rotlhe mpho ya bosasweng le tshegofatso ya botshelo jo bosakhutleng (bona Moshe 1:39.

Go atlega go botshelo jo bosakhutleng, re tshwanetse go fetolwa ka Tefo ya ga Jeso Keresete—re tsholwe sesha le go phepafadiwa go tswa mo sebeng, Bana ba bannye ba ba ka fa tlase ga dingwaga tse di borobabobedi, le fa gontse jalo, gabana sebe ebile ba rekolotswe ka Tefo (bona Mosaeya 3:16, 21; Moronae 8:10–12).

Go rona rotlhe ba re gorogang go dingwaga tsa maikarabelo, go nale lenaneo le le gakgamatsang gore letlelela go phepafadiwa gotswa mo sebeng le go baakanyediwa botshelo jo bosakhutleng. Paakanyo eo e simolola ka kolobetso ka thata ya boperesiti le go amogela Moya o o Boitshelo. Jalo re tshwanetse ka metlha go gakologelwa Mmoloki le go tshegetsa ditaelo tseo a re di neetseng.

Kgosi Benjamin o boleletse batho ba gagwe mo Bukeng ya ga Momone ka boitumelo jo bo tlang go tswa mo go utlweng maitshwarelo go tswa mo sebeng ka Tefo ya ga Jeso Keresete. Jalo a ba ruta gore go tshegetse phimolo ya dibe tsa bone, ba tshwanetse go ruta bana ba bone go direla mong ka ene le gore ba tshwanetse go abelana jaaka ba ka kgona go tlamela matlhoko a senama le a semowa a bao ba ba dikologileng. (Bona Mosaeya 4:11–16.)

Gape a ruta, “Mme bonang, Ke lo bolelela dilo tse gore lo ka ithuta tlhalefo; gore lo ithute gore fa lo le mo tirelong ya beng ka lona lo fela mo tirelong ya Modimo wa lona” (Mosaeya 2:17).

Jeso a tsamaya a ruta efangele ya Gagwe le go dira molemo (bona Ditiro 10:38). O fodisitse balwetse. O tsositse baswi. Ka thata ya Gagwe a jesa dikete fa bane ba tswerwe ke tlala ebile ba sena dijo(bona Mathaio 14:14–21; Johane 6:2–13). Morago ga Tsogo ya Gagwe mo baswing a neela dijo go bangwe ba Baaposetole ba Gagawe jaaka bane ba tla fa lotshitshing la Lewatle la Galalea (bona Johane 21:12–13). Mo Amerika, O fodisitse balwetse le go segofatsa bana ka bongwe ka bongwe (bona 3 Nifae 17:7–9, 21).

Jakobe wa Moaposetole a re ruta ka fa keletso ya go direla ba bangwe e tswa mo go ipeleng ga rona ka seo Morena a se re diretseng:

“ Mme ope fela yoo a lebang molao o o itekanetseng ka botlalo wa kgololesego, mme a tswelela mo go one, e se moreetsi yoo a lebalang , mme wa modiri wa tiro, monna yoo o tlaa segofadiwa mo tirong ya gagwe. …

“Tumelo e e itshekileng ebile e sa leswafala fa pele ga Modimo le Rara ke e, Go etela bao ba sena borraabone le baswagadi mo pogisegong tsa bone, le go itshegetsa a sa amege mo go tsa lefatshe” (James 1:25, 27).

Nngwe ya go rurifadiwa ga gore o a itshekisiwa ke koketsego ya keletso ya go direla ba bangwe go Mmoloki. Thuto ya molwapeng le thuto ya ketelo e nna thata boipelo le eseng tiro. O ipone o ithaopa kgapetsa kgapetsa mo sekolong sa se legae kgotsa o thusa go tlhokomela bahumanegi mo kgaolong ya gago. Le ntswa o nale madi a mannye go neela bao ba nang le mo go nnye, o eletsa o kabo o nale a mantsi gore o kgone go neela a mantsi (bona Mosaeya 4:24). O ipone o kgothatsega go direla bana ba gago le go ba bontsha gore ba ka direla ba bangwe jang.

Jaaka fa tlholego ya gago e fetoga, o tlaa ikutlwa o eletsa go neela tirelo e kgolo o sa lemogiwe. Ke itse barutwana ba Mmoloki bao ba neetseng dimpho tse dikgolo tsa madi le tirelo ka thokgamo gore mongwe ope mme Modimo le bana ba bone ba itse ka tsone. Modimo o lemogile tirelo ya bone ka go ba segofatsa mo botshelong jo, ebile o tlaa ba segofatsa mo botshelo jwa bosakhutleng jo bo tlang (bona Mathaio 6:1–4; 3 Nifae 13:1–4).

Jaaka o tshegeditse taelo ya go direla ba bangwe (bona Mathaio 22:39), o utlwile phetogo mo maikutlong a gago a boikgogomoso. Mmoloki o gakolotse Baaposetole ba Gagwe fa ba ngangisana ka gore ke mang yoo a tlang nnang yo mogolo mo go bone. O ne a re:

“Kante lo se bitswe barena: gonne a lo mongwe ke Morena, e bong Keresete.

“Mme yoo mogolo mo go lona o tlaa nna motlhanka” (Mathaio 23:10–11).

Mmoloki o re ruta gore re ka ithuta jang go direla ba bangwe. O diretse ka botlalo, mme re tshwanetse go ithuta go direla jaaka a ithutile —tsela ka tselana (bona D&D 93:12–13). Ka tirelo eo re e neelang, re ka tshwana thata le Ene. Re tlaa rapela ka moko otlhe wa dipelo tsa rona go rata baba ba rona jaaka Ene a ba rata (bona Mathaio 5:43–44; Moronae 7:48). Jalo la bofelo re ka itekanedisiwa go botshelo jo bosakhutleng le Ene le Rara wa rona wa Legodimo.

Ke solofetsa gore re ka direla mo go itekanetseng ka botlalo jaaka fa re sala morago dithuto tsa Mmoloki le sekao.

Go ruta go tswa Molaetseng o

Mogolwane M. Russell Ballard wa Khoramo ya Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi o re rotloeditse go rapelela ditshono tsa go direla: “Mo thapelong ya gago ya maphakela a letsatsi le le lesha, kopa Rara wa Legodimo go go kaela go lemoga tshono go direla mongwe wa bana ba bantle ba Gagwe. Jalo mo tsamaong ya letsatsi …o lebeletse mongwe yoo o ka mo thusang” (“Be Anxiously Engaged,” Ensign or Liahona, Nov. 2012, 31). Tlhatlhanya ka go laletsa bao ba rutang go baya maikaelo a go rapelela tshono maphakela mangwe le mangwe go direla le jalo le go di batla mo tsamaong ya letsatsi.

Gatisa