2014
Thomo ya Selegodimo ya ga Jeso Keresete: Lesedi la Lefatshe
Mopitlo 2014


Molaetsa wa Thuto ya Ketelo, Mopitlo 2014

Thomo ya Selegodimo ya ga Jeso Keresete: Lesedi la Lefatshe

Ka thapelo ithutuntshe sedirisiwa se mme o batle go itse gore o ka abelana eng. Go tlhaloganya botshelo le thomo ya Mmoloki go ka oketsa tumelo ya gago jang mo go Ene le gore go ka segofatsa jang bao o ba tlhokometseng ka thuto ya ketelo? Go bona molaetsa yo montsi, ya ko reliefsociety.lds.org

Tumelo, Lelwapa, Thuso

Jaaka fa re tla mo go tlhaloganyeng gore Jeso Keresete ke Lesedi la Lefatshe, re tlaa oketsa tumelo mo go Ene le go nna lesedi go ba bangwe. Keresete o file bopaki jwa bodiredi jwa Gagwe jaaka “lesedi la boammaruri leo lesedimosetsang monna mongwe le mongwe [le mosadi] bao ba tlang mo lefatsheng” (D&D 93:2) mme a kopa gore “re tshegetse lesedi gore le ka phatsimela go lefatshe” (3 Nifae 18:24).

Baporofiti ba rona gape ba file bopaki jwa Lesedi la ga Keresete. Moporesidente Henry B. Eyring, Mogakolodi wa Ntlha mo Boporesidenteng jwa Ntlha, a re: “Nako nngwe le nngwe eo o itlhophelang go leka go tshela thata jaaka Mmoloki, o tlaa nna le bopaki jo bo nonofileng. Mo nakong o tlaa itse ka bo wena fa e le Lesedi la Lefatshe. … O tlaa senolela go ba bangwe Lesedi la ga Keresete mo botshelong jwa gago.”1

Mogolwane Quentin L. Cook wa Khoramo ya Baaposetole ba ba Lesome Le Bobedi a re ka go nna lesedi go lefatshe: “Re tshwanetse go sireletsa malwapa a rona le go nna kwa pele mmogo le batho botlhe ba letlhogonolo mo go direng sengwe le sengwe se re ka se kgonang go ipeela lesedi, tsholofelo le boitsholo jo bo itshekileng mo dikgaolong tsa rona.”2

Gotsweng Dikwalong tse di boitshepo

Johane 8:12; Dithuto le Dikgolagano 50:24; 115:5

Gotsweng mo Ditsong tsa Rona

Basadi ba Baitshepi ba Matsatsi a Bofelo gompieno ba tswelela ka go tshegetsa lesedi la bone.

Mo bodilong jwa kago e tsholetsegileng ya bo 80 kwa Hong Kong, China, kgaitsadi oo a sa nyalwang a nale bogole—Moitshepi wa Matsatsi a bofelo fela a le nosi mo lelwapeng la gagwe—a dira legae leo e leng legodimo koo ene le baeng ba ka utlwang thotloetso ya Moya. O beile dikwalo tse di boitshepo, dibuka tsa gagwe tsa Mokgatlho wa Thuso, le buka ya kopelo gautshwane. O ne a tsamaya a ya tempeleng go dira ditlhomo tsa badimo ba gagwe.3

Kwa Brazil mme wa mosiami o godiseditse bana ba gagwe mo leseding la efangele. Dipina tsa poraemari tsa tlatsa mowa mo ntlong ya gagwe ya ditena tse dikhubidu, le ditshwantsho go tswa mo Liahona tsa tempele, baporofiti ba Modimo, Mmoloki a thiba mabotana. Ene le monna wa gagwe a itshokela go tshwaragangwa mo tempeleng gore bana ba bone ba tsholelwe mo kgolaganong. Thapelo ya gagwe ka metlha ene e le gore Morena a mo thuse go tsisa bana ba gagwe mo leseding, boammaruri le nonofo ya efangele.4

Dintlha

  1. Henry B. Eyring, “A Living Testimony,” Ensign or Liahona, May 2011, 128.

  2. Quentin L. Cook, “Let There Be Light!” Ensign kgotsa Liahona, Nov. 2010, 30.

  3. Bona Daughters in My Kingdom: The History and Work of Relief Society (2011), 163–64.

  4. Bona Daughters in My Kingdom, 164.

Gatisa