2014
Mmishene wa Selegodimo waga Jeso Keresete: Mmueledi
Phukwi 2014


Molaetsa wa Thuto ya Ketelo, Phukwi 2014

Mmishene wa Selegodimo waga Jeso Keresete: Mmueledi

Ka thapelo ithute tiriso e mme o batle go itse gore o ka abelana eng. Go tlhaloganya botshelo le thomo ya Mmoloki go ka oketsa jang tumelo ya gago mo go Ene le go segofatsa bao ba lebeletseng ka thuto ya ketelo? Go bona molaetsa yo montsi, ya ko reliefsociety.lds.org.

Tumelo • Lelwapa • Thuso

Jeso Keresete ke Mmueledi wa rona le Rara. Lefoko mmueledi le na le medi ya Selatino le raya “mongwe yo o ikuelang mo boemong jwa ba bangwe.”1 Mmoloki o lelela go rona, a dirisa, a tlhaloganya, a atlhola, le a supa kutlwelobotlhoko. Go itse se go ka re tlatsa ka lorato le ditebogo mo Tefong ya Gagwe.

“Reetsa [Jeso Keresete] yo eleng mmueledi le Rara, yo o ikuelang tirego ya gago fa pele ga gago.—

“Are: Rara, bona tshotlego le loso la yo o, yo o sa dirang sebe sepe, yo o eleng gore o ne o mo itumeletse; bona madi a Morwaago ao a tshololetsweng, madi ao a gagwe yo o mo fileng gore o tle o galalediwe;

“Jalo he, Rara, boloka bana bo morwarre bao b aba dumelang mo leineng lame, gore batle batle gonna le gore ban ne le botshelo jo bosa khutlheng” (D&D 45:3–5).

Ka ga Keresete ele Mmueledi wa rona, Mogolwane D. Todd Christofferson wa Khoramo ya Baaposetola baba Lesome le bobedi o ne are: “Ke mo goleng gogolo go nna, gore ke ka nna ka nako nngwe le nngwe ka seemo sengwe le senngwe ka atamela ka thapelo bogosi jwa matlhogonolo, jo Rraetsho yo o kwa Legodimong a tlaa utlwang topo yame, gore Mmueledi wame, ene yo a sa dirang sebe sepe, yo madi a gagwe a tsholotsweng, a tlaa mpuelelang.”2

Gotsweng Dikwalong tse di boitshepo

Mosaeya 15:8–9; Moronae 7:28; Dithuto le Dikgolagano 29:5; 110:4

Gotsweng mo Ditsong tsa Rona

Go ya ka ditso tsa Kereke ya Morena, barutwana ba bo mme ba ga Jeso Keresete ba setse sekai sa Gagwe morago. Esther o ne a le boikanyego gape a le mmueledi yo o pelokgale. Ntsalae o ne a mo romelela kgatiso ya taolo ya kgosi go Bajuta gore ba senngwe, mme o ne a mo kopa gore a “dire kopo eo fa pele ga [kgosi] mo boemong jwa batho ba gagwe.” O ne a tlatsa ka gore: “Mme ke mang yo o itseng gore otletse mo bogosing ka nako e e tshwanang le e?” (Esther 4:8, 14.)

Lentswa go ne go le kotsi go nna mmueledi wa batho ba gagwe, Esther o ne a dumela: “Jalo Ke tlaa tsamaya go ya kwa kgosing, moo go neng go se kafa molaong: mme fa ke nyelela, Ke tlaa nyelela” (Esther 4:16).

Esther o ne a bua ka boikokobetso go kgosi mme “a wela mo dinaong tsa gagwe, mme o mo kopa ka dikeledi … go fetola dikwalo … go senya Bajuta.” O ne a tlatsa ka gore, “Ke ka itshokela jang go bona tshenyo ya masika ame?” (bona Esther 8:3, 5–6). Pelo ya kgosi e ne ya nna boleta, mme o ne a mo fa tetla.3

Dintlha

  1. Bona Russell M. Nelson, “Jesus Christ—Our Master and More” (Brigham Young University fireside, Feb. 2, 1992), 4; speeches.byu.edu.

  2. D. Todd Christofferson, “I Know in Whom I Have Trusted,” Ensign, Motsheganong 1993, 83.

  3. Bona gape Daughters in My Kingdom: The History and Work of Relief Society (2011), 180.

Akanyetsa Se

Boemedi jwa ga Jeso Keresete bo ka re tlhotlheletsa jang gore re otlololele kutlwelo-botlhoko le boitshwarelo go ba bangwe?

Gatisa