2014
Tsholofetso ya Dipelo di Fetoga
Phukwi 2014


Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha, Phukwi 2014

Tsholofetso ya Dipelo di Fetoga

Setshwantsho
Moporesidente Henry B. Eyring

Mme wame, Mildred Bennion Eyring, o goletse mo motseng wa temo-thuo wa Granger, Utah, USA. Mongwe wa barwarraagwe, Roy, o ne a sala morago kgwebo ya lelwapa ya go rua dinku. Jaaka a ne a le monna yo mmotlana o ne a nna dibeke a seo mo gae. Mo sebakeng a seka a kgatlhegela thata mo go tsa Kereke. Kgabagare o ne a ya go nna kwa Idaho, USA, a nyala, mme a nna le bana bale bararo. O ne a swa ale dingwaga tse 34 fa mosadi wa gagwe ane ale dingwaga tse 28 mme bana ba bone bane bale bannye.

Le fa ntswa lelwapa le lennye la ga Roy le ne le le kwa Idaho mme a fudugetse kwa New Jersey, USA, di mmaele tse 2,500 (Dikilomethara tse 4,025), o ne kgapetsakgapetsa a ba kwalela mekwalo ya lorato le kgothatso. Lelwapa la ga Malome ka lorato le raya mme le re ke “Mmamane Mid.”

Dingwaga dine tsa feta, mme letsatsi lengwe Ke ne ka amogela mogala o tswa ko mongweng wa bo ntsalake. Ke ne ka bolelelwa gore motlholagadi wa ga Roy o tlhokafetse. Ntsalake o ne are, “Mmamane Mid o ne a batla gore o itse.” Mmamane Mid o ne a sa bolo go tsamaya, mme lelwapa la gagwe le ne le ntse le ikutlwa lorato lwa gagwe mme la otlolela go nna go mpolelela.

Ke ne ka tlhajwa ke ka fa mme a tladitseng ka teng tirelo mo lelwapeng la gagwe e e tshwanang le ka fa baporofiti ba ba Nifae ba e tladitseng mo malwapeng a bone ka go nna gaufi le masika a bone go batla go tlisa efangele ya ga Jeso Keresete. Nefai o ne a kwala mokwalo yo a neng a solofetse gore otlaa tlhotlheletsa bana ba bo morwarraagwe go boela mo tumelong ya mopathiriaka, Lehi. Barwa ba ga Mosaeya ba ne ba supa lorato le le lengwe jaaka ba ne ba rerela efangele go dikokomane tsa ga Lehi.

Morena o file ditsela go rona go ikutlwa lorato mo malwapeng a rona leo le ka tswelelang goya go ile. Batho ba bannye mo Kerekeng gompieno ba ikutlwa mo dipelong tsa bone gore di fetogela kwa malwapeng a bone. Ba senka maina a bamalwapa a maloko a bone bao ba ba neng ba sena tshono ya go amogela ditlhomo tsa pholoso mo botshelong jo. Ba tsaya maina ao go a isa kwa tempeleng. Fa ba tsena mo metsing a kolobetso, ba nna le tshono ya go ikutlwa lorato la Morena le la maloko a lelwapa leo ba le direlang ditlhomo tseo mo boemong jwa lone.

Ke santse Ke gakologelwa lorato mo lentsweng la ga ntsalaka yo a neng a leditse mme a re, ‘Mme wa rona o tlhokafetse, mme Mmamane Mid o ne a batla o itse.”

Lona bao le diragaletsang ditlhomo go maloko a ba lelwapa lo otlololela ka lorato, jaaka go dirile barwa baga Mosaeya le Moporofiti Nefai. Fela jaaka bone, lo tlaa ikutlwa boipelo go bao ba ba amogelang mpho ya lona. Lo tlaa re gape le solofele go ikutlwa kgotsofalo e e tshwanang e kgolo jaaka Amone, yo o buileng ka bodiredi jwa gagwe jwa mmishene gareng ga maloko a a kgakala a lelwapa:

“Jalo he, tlaa re galaletseng, ee, re tlaa galaletsa ka Morena; ee, re tlaa nna le boitumelo, gonne boipelo jwa rona bo tletse; ee, re tlaa rorisa Modimo goya goile. Bonang, ke mang yo o ka galaletsang thata mo Moreneng? Ee, ke mang yo a ka buang thata ka maatla a gagwe a magolo, le kutlwelobotlhoko ya gagwe, le boitshoko jo bo leele go bana ba batho? Bonang, Kare go lona, Ga ke kake ka bua karolo e nnye eo Ke e ikutlwang” (Alema 26:16).

Ke bega bopaki jwa gore maikutlo a lorato ao lonang nao mo malokong a malwapa a lona— ko ba ka tshwang bale gone— ke tiragatso ya tsholofetso ya gore Elija o tlaa tla. O setse a tlile. Dipelo tsa bana di fetogela go bo rraabone, gape dipelo tsa borraabo di fetogela go bana ba bone (bona Malaki 4:5–6; Joseph Smith—History 1:38–39). Fa o ikutlwa go batla maina a badimo ba gago le go tsaya maina a bone o a isa kwa tempeleng, yo nna le maitemogelo a go diragatsa porofito eo.

Ke masego go tshela mo nakong ya ditsholofetso tsa dipelo tse di fetogang di diragadiwa. Mildred Bennion Eyring o ne a ikutlwa jalo mo pelong ya gagwe. O ne a rata lelwapa la ga kgaitsadiaagwe, mme o ne a otlololela go bone. Ba ne ba ikutlwa dipelo tsa bone di fetoga ka lorato go Mmangwaneabone ka gore bane ba itse fa a ba rata.

Go ruta go tswa Molaetseng o

O kanna wa batla go bala porofito ka ga moya waga Elija le bao o ba etelang (bona Malaki 4:5–6; Joseph Smith—History 1:38–39). Buisanya ka ditsela tsa go tsaya karolo le ditso tsa lelwapa le bone, go balelwa le didirisiwa tseo di tshwanang le go intekesa ka go tshwantsha ga senepe, le go bologa. Fa bao o ba etelang ba sa tlwaela FamilySearch.org, akanyetsa mo go tseyeng nako go ba bontsha.

Gatisa