2014
Gotla go Itse Nkuku
Phukwi 2014


Banana

Gotla go Itse Nkuku

Mokwadi o tshela kwa Virginia, USA.

Mo go nngwe ya di borojeke tsa Basadi Potlana, Ke ne ka ithaopela go thusa nkuku wame gore a bone masika a gagwe ka go phuthulola dishiti tsa maekerofilimi kwa senthareng ya ditsong tsa lelwapa mo Mesa, Arizona, USA. E ne yare re nna ka go bapa mme re senka ba malwapa a rona, Ke ne ka simolola o ipotsa: “A mme gone Ke itse go le gontsi thata ka nkuku yo o bapileng le nna gone fa?”

Re ne ra bona maloko a mantsi a lelwapa, ra bankanyetsa ditlhaeletsanyo ka ga bone, mme reya kwa Tempeleng ya Mesa Arizona go ya go ba direla kolobetso le tlhomamiso ya bone. Ene yare go ise go ye kae, nkuku a mpha go menaganye ditso tsa lelwapa la gagwe.

Ka gore o ne a lwaa rheumatoite ya arethritise, go botlhoko fela thata gore nkuku a thaepe. Ke ne ke itumelela go mo thusa mo khumpuothareng. Mmogo, re ne ra kwala dipolelo gotsweng mo botshelong jwa gagwe re direla gore lelwapa la rona le tle le amogele semoya. Ke ne ke rata go nna karolo ya botshelo jwa gagwe le go ithuta gole gontsi ka ditso tsa Kereke jaaka re ne re berekisana mmogo mo di porojekeng tse.

Gatisa