2014
Thobo ya Modimo
Phatwe 2014


Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha, Phatwe 2014

Thobo ya Modimo

Setshwantsho
Ka Moporesidente Dieter F. Utchtdorf

Mosadi mongwe a bidiwa Christa o kile a bo a berekela kompone e nnye ya peo. O ne a rata tiro ya gagwe. E ne ele motswedi o mogolo wa kgakgamatso gore peo e nnyenye eo a e rekisitseng e na le kgonagalo ya gore e iphetole go nna sengwe sa dikgakgamatso— e ka tswa ele kherote, khabeitshe, kgotsa le tota setlhare sa mokgwere.

Christa o ne a rata go nna kwa khomputareng ya gagwe a tsaya di theko le go araba dipotso. Mme nako nngwe o ne a amogela ngongorego eo e neng ya mo tshwenya.

“Dipeo ga di bereke,” moreki a bua. “Ke di rekile dikgwedi tse pedi tse di fetileng mme ga go na sepe le jaanong.”

“Ao di jwadile mo mmung o o siameng mme wa di fa metsi le lesedi le le tlhokegang?” Christa o ne a botsa.

“Nnyaa, ke dirile karolo yame,” moreki a fetola. “Ke rekile dipeo. Le kwantleng ga se, di solofeditswe gore di gole.”

“Mme ga o ise o di jwale?”

“Nnya ka Magodimo, Seo se tlaa raya gore ke tlatse diatla tsame leswe.”

Christa o ne a akanya ka ga se mme a tsaya tshwetso ya gore kaelo ya go jwala e tlaa tshwanelwa ke gore e kwadiwe. O ne a netefadisa gore kaelo ya ntlha e tlaa nna e e feng: “O tshwanelwa ke go sala morago ditaelo gore dipeo di tlhoge. Ga o kake wa di baya mo shelefong mme wa solofela gore di gole.”

Go ne go se sebaka pele ga ngongora e nngwe e mo tshwenya.

“Dipeo ga di ungwe,” moreki o ne a kaya jalo.

“A o di jwadile mo mmung o o siameng?” Christa a fetola. “Ao di file metsi a a lekaneng le lesedi la letsatsi?”

“Oo, ee,” moreki o ne a gatelela. “Ke dirile gotlhe―tota fela jaaka go bua mo paketeng. Mme ga di bereke.”

“A sepe se ne sa direga gotlhelele? A dine tsa tlhoga?”

“Ga gona sepe se se diregileng,” moreki a bua. “Ke dijwetse fela jaaka ke kaetswe. Ke ne ke solofetse go nna le ditamati ka sefitlholo. Jaanong Ke maswabi fela thata.”

“Ema pele,” Christa o ne a fetola. “A ware o jwetse dipeo gompieno?”

“O seka wa nna yo o sa utlwesesing,” ga araba moreki. “Ke di jwetse beke e e fetileng. Ke ne ke sa solofetse go bona ditamati ka letsatsi la ntlha, Ke ne kele pelotelele. Nte ke go bolelele, go nnile le go nosetsa mo gontsi le go ema gareng ga nako eo le jaanong.”

Christa o ne a itse gore o tlaa tshwanelwa ke go oketsa kaelo e nngwe: “Dipeo tse di dumalana le melao ya tsa tlholego (baeloji). Fa o jwala dipeo mo mosong mme o bo o solofela go ja ditamati morago ga beke, o tlaa nna ka maswabi. O tshwanetse go nna pelotelele mme o emele tiro ya tsa tlholego gore e diragale fa pele ga gago.”

Tsotlhe di ne tsa tsamaya sentle go fitlhela Christa a amogela ngongora e nngwe gape.

“Ke maswabi ka dipeo tsa gago,” moreki o ne a simolola. “Ke di jwetse fela jaaka pakete ene e kaela. Ke di file metsi, ke netefaditse gore dina le lesedi la letsatsi, mme ka ema go fitlhelela di ungwa thobo ya tsone.”

“Go utlwala o dirile sengwe le sengwe sentle,” Christa o ne a bua.

“Seo sotlhe se siame,” moreki o ne a fetola. “Mme seo Ke se boneng ke Zucchini!”

“Dikwalo tsame di mpontsha gore ke dipeo tse o di rekileng,” Christa o ne a buwa.

“Mme ga ke batle zucchini; Ke batla maphutshe!”

“Ga ke go sale morago.”

“Ke jwetse dipeo tsena mo tshingwaneng ya maphutshe— mmu o ne yo o ntshitseng maphutshe ngwaga o o fitileng. Ke ne ke galaletssa dimela malatsi otlhe, ke di bolelela ka fa eleng maphutshe a a mantle ao eyang go nna one. Mme mo boemong jwa maphutshe, a a kgolokwane, ale bosetlha jwa namoni, Ke ne ka bona, zucchini e e tala ele telele. Ngata ya yone!”

Christa o ne a itse gore mela ya kaedi ga e a lekana le gore go a tlhokega go bega molawana. “Peo e o e jwalang le nako ya fa o e jwala e laola seo tlaa se robang.

Molao wa Thobo

Moaposetola Paulo o ne a ruta ka go roba ga Modimo:

“O seka wa tsietsega; Modimo ga go ikgatliwe ka ene: go nne sepe se motho a se jwalang, seo ke sone se a tlaa se robang.

“Gonne ope yo o ijwalelang senama o tlaa roba tsietsego; mme ope yo o jwalang Semoya o tlaare ka Semoya a robe botshelo jo bo sa feleng.

“Mme tla re sekeng ra lapisiwa ke go dira tse dintle: gonne ka paka ya teng re tlaa roba, fa re sa itlhoboge” (Bgalatia 6:7–9).

Mo nakong ya bosheng, Morena o ne a re file botlhale jobo tlaleletsang le lesedi mo molaong yo o o fetogeng:

“Go na le molao, wa taolo e e sa fetogeng o o dirilweng kwa legodimong pele ga ditshimologo tsa lefatshe le, o ka one tsotlhe masego a lomagantsweng ka one—

“Mme fa re amogela masego ape fela go tswa mo Modimong, ke ka kobamelo ya molao o o lomagantsweng le one.” (D&D 130:20–21).

Seo re se jwalang re a se roba.

Thobo ya Modimo e kgakgamatso eo e ka se keng e akanngwe. Go bao ba ba Mo tlotlang, masego a Gagwe a tla’ ka bontsintsi jo bo nametsang, a gateletswe tlase, le go tshikinngwa mmogo, le go penologa. … Gonne ka selekanyo seo se betsang ka sone se tlaa lekanngwa go wena gape” (Luke 6:38).

Fela jaaka dipeo tsa lefatshe di tlhokana le perekelo le bopelotelele, go jalo fela ka masego a mantsi a legodimo. Ga re kake ra beela bodumedi jwa rona mo shelefong mme re solofele go roba masego a semoya. Mme fa re jwala le go otla sekale sa efangele ka malatsi a botshelo jwa ba malwapa a rona, gona le kgonagalo e kgolo ya gore bana ba rona batlaa gola go ntsha leungo la semoya le legolo ka tlhwatlhwa go bone le mo dikokomaneng tse di tlang.

Dikarabo tsa Modimo go dithapelo tsa rona ga di nke di tla ka nako tsotlhe ka ponyo ya leitlho— fa gongwe ga di bonege di tla gotlhelele— mme Modimo o itse seo eleng go gaisa go bana ba Gagwe. Ka nnete, letsatsi lengwe re tlaa bona sentle thata; mme ka letsatsi leo re tlaa lemoga bomolemo le bopelotona jwa legodimo.

Kgabagare, sekgele sa rona le boipelo jwa rona bo bogolo ke go tsamaya mo dikgatong tsa Mongwarona le Mmoloki le go tshela bonolo le botshelo jo bo tlhotlhilweng gore masego a a solofeditsweng le thobo e e boleng e e senang tlhwatlhwa ya Modimo e nne ya rona.

Seo rese jwalang, re a se roba.

Seo ke molao wa legodimo.

Seo ke molao wa thobo ya Modimo.

Go ruta go tswa Molaetseng o

Buisanya le bao o ba etelang gore molao wa thobo ya Modimo o tsena yang mo boitsalanyong, go sokologeng le bopaki, kgotsa tsa pereko le dikgele tsa thuto tsa bone. A o ka se bale le go akanyetsa dikwalo tsa tumelo tseo di amaneng le molao o, jaaka Diane 11:18; 2 Bakorintha 9:6; le Alema 32. Ba rotloetse go itibisa dikgele tse di fitileng mme ba tlhome dikgele tse di sha go bona maduo a tshiamo. Ba thuse go tlhabolola thulaganyo ya go dira ba sa fapoge gore ba sutlhelele maikaelelo a bone a sebaka se se telelele.

Gatisa