2014
Mmishene wa Selegodimo waga Jeso Keresete: Mesia
Phatwe 2014


Molaetsa wa Thuto ya Ketelo, Phatwe 2014

Mmishene wa Selegodimo wa ga Jeso Keresete: Mesia

Ka thapelo ithute tiriso e mme o batle go itse gore o ka abelana eng. Go tlhaloganya botshelo le thomo ya Mmoloki go ka oketsa jang tumelo ya gago mo go Ene le go segofatsa bao ba lebeletseng ka thuto ya ketelo? Go bona molaetsa yo o montsi, ya ko www.reliefsociety.lds.org.

Tumelo • Lelwapa • Thuso

Dikwalo tsa tumelo di ruta gore re ka nna fa pele ga Modimo ka “bokgoni, le kutlwelobotlhoko, le matlhogonolo a Mesia yo o Boitshepo” (2 Nefai 2:8). Mesih ke lefoko la “Searamaki le Seheberwa leo le raying ‘yo o tlodilweng. … Mo Kgolaganong e Ntsha Jeso o bidiwa Keresete, eleng Se Gerika ele selekanyo sa Mesia. Go raya Moporofiti yo o tloditsweng, Moperesiti, Kgosi, le Mogolodi.”1

Mogolwane Jeffrey R. Holland wa Khoramo ya Baaposetola ba ba Lesome le bobedi o ne a fa bopaki a re: “Ke itse fa [Jeso Keresete] ele Ene yo o Boitshepo wa Iseraele, Mesia yo letsatsi lengwe a tleng gape ka kgalaletsong ya bofelo, go busa mo lefatsheng ele Morena wa barena le Kgosi ya dikgosi. Ke itse gore ga go leina lepe le le filweng kafa tlase ga legodimo leo monna [kgotsa mosadi] a ka pholosiwang ka teng.”2

“[Jeso Keresete] ke Mmoloki le Morekolodi wa lefatshe,” go ne ga bua Moporesidente Dieter F. Uchtdorf, Mogakolodi wa Bobedi mo Boporesidenteng jwa Ntlha. “Ke Mesia yo o solofeditsweng. O tshidile botshelo jo bo tletseng le go lefela dibe tsa rona. O tla nna ka metlha mo letlhakoreng la rona. O tlaa lwa ntwa ya rona. Ke tsholofelo ya rona; Ke pholoso ya rona; Ke tsela.”3

Dikwalo tse di boitshepo tse di tlaleletsang

Johane 1:38–41; 4:25–26, 40–42; 2 Nefai 6:13; 25:16–17

Gotsweng Dikwalong tse di boitshepo

Barutwana ba ga Keresete ba bomme e nnile basupi ba tiro ya Gagwe ele Mesia. Marea Magatalena e ne ele morutwana wa ga Jeso Keresete. E ne ele ene wa ntlha go bona “letlapa leo le neng le tserwe go tsweng mo lekesing” mo mosong wa Tsogo ya Baswi ya ga Keresete. O “ne a ntse kwa ntle ga lekesi a lela” morago ga go lemoga gore mmele wa Gagwe ga o sa tlhole o le mo phuphung.

Jalo “ o ne a retologa kwa morago, mme a bona Jeso a eme, mme a sa itse gore ke Jeso.

“Jeso o ne are go ene, Mosadi, ke eng o lela? o batla mang? A ne a akanyetsa gore ke motlhokomedi wa tshimo, o ne a re go ene, Rre, fa ele gore o mo ntshitse fana, mpolelele gore o mo robaditse ko kae, mme Ke tlaa mo tsaya ke mo isa go sele.

“Jeso o ne are go ene, Marea. O ne a retoga, mme a re go ene, Rabboni; seo se rayang gore, Mong wame.” Marea o lemogile gore ga Se motlhokomedi wa tshimo mme ke Jeso Keresete, Mesia. (Bona Johane 20:1–17.)

Dintlha

  1. Kaelo ya Dikwalo tsa Tumelo, “Messiah”; scriptures.lds.org.

  2. Jeffrey R. Holland, “The Only True God and Jesus Christ Whom He Hath Sent,” Liahona, Nov. 2007, 42.

  3. Dieter F. Uchtdorf, “The Way of the Disciple,” Liahona, Motsheganong 2009, 78.

Akanyetsa Se

Ke eng fa go tlhokega go tlhaloganya tiro ya Mmoloki ele Mesia?

Gatisa