2015
Mekgwa ya Selegodimo ya ga Jeso Keresete: A tladitswe ka Bopelonomi le Lorato
Diphalane 2015


Molaetsa wa Thuto ya Ketelo, Phalane 2015

Mekgwa ya Selegodimo ya ga Jeso Keresete: A tladitswe ka Bopelonomi le Lorato

Ka thapelo ithute tiriso e mme o senke go itse gore o ka abelana eng. Go tlhaloganya botshelo le thomo ya Mmoloki go ka oketsa jang tumelo ya gago mo go Ene le go segofatsa ba o ba lebeletseng ka thuto ya ketelo? Go bona molaetsa yo montsi, ya ko reliefsociety.lds.org.

Tumelo • Lelwapa • Thuso

Kaelo ya Dikwalo tse di Boitshepo e tlhalosa bopelonomi jaaka “bo kwa godimo, bosiami, lorato lo le maatla” (“Bopelonomi”). Ke lorato lo le itshekileng la ga Jeso Keresete. Jaaka re ithuta ka ga Jeso Keresete le go leka go nna jaaka Ene, re tlaa simolola go utlwa lorato la Gagwe le le itshekileng mo matshelong a rona le go tlhotlheletswa go rata le go direla bangwe jaaka Ene a ka dira. “Bopelonomi ke go nna le bopelotelele le mongwe yoo a sa re direlang sentle,” ga bua Moporesidente Thomas S. Monson. “Ke go palela maikutlo a go kgopisega motlhofo. Ke go amogela makowa le go tlhaela ga setho. Ke go amogela batho jaaka ba ntse. Ke go lebelela go feta ditebego tsa senama le go ineelela mo go seo se ka se nyeleleng le nako. Ke go palela maikutlo a go goboka ba bangwe.”1

Mo Bukeng ya ga Momone, re ithutile boammaaruri jo bogolo gore re “rapelang go Rara ka maatla otlhe a pelo, gore [lo] ka tlala ka lorato lo, lo a lo beileng mo go botlhe ba e leng balatedi ba boammaaruri ba ga morwawe, Jeso Keresete; gore [lo] ka tla lwa nna barwa [le barwadie] Modimo; gore fa a tlaa bonala re tlaa bo re tshwana le ene, gonne re tlaa mmona jaaka a ntse; gore re tle re nne le tsholofelo e; gore re tle re itshekisiwe le fela jaaka a itshekile.” (Moronae 7:48).

Dikwalo tsa tumelo tse di tlaleletsang

John 13:34–35; 1 Corinthians 13:1–13; 1 Nephi 11:21–23; Ether 12:33–34

Gotsweng mo Ditsong tsa Rona

Kgaitsadi mongwe yoo a tlhokafaletsweng ke monna o ne a itumeletse baruti ba ketelo bao ba hutsafetseng le ene le go mo gomotsa. O ne a kwala: ‘Ke ne ke le mo le tlhokong le le pitlaganeng go mongwe yoo nka ikaegang Ka ene; mongwe yoo a ka ntheetsang. …Mme ba ne ba ntheetsa. Ba ne ba nkgomotsa. Ba ne ba lela le nna. Mme ba ne ba ntlamparela …[le] go nthusa go tswa mo matlhotlhapelo a boteng le matshwenyego a dikgwedi tsa ntlha tsa bodutu.’

Mosadi mongwe o ne a tlhalosa maikutlo a gagwe fa e ne e le moamogedi wa bopelonomi ka boammaaruri go tswa go baruti ba ketelo: ‘Ke ne ke itse gore Ke ne ke feta go nna palo ya pego ya dibuka tsa gagwe tsa loeto. Ke ne ke itse gore o kgathala ka nna.’”2

Jaaka bokgaitsadi ba, Baitshepi ba Malatsi a Bofelo ka bontsi go dikologa lefatshe ba ka supela boammaaruri jwa polelo e ka Moporesidente Boyd K. Packer (1924–2015), Moporesidente wa Khoramo ya Baaposetole Ba ba Lesome le Bobedi: “Go gomotsa jang go itse gore kae kapa kae[koo lelwapa le ka] yang, lelwapa la Kereke le ba letile. Go tswa mo letsatsing leo ba gorogileng, o tlaa nna mongwe wa khoramo ya boperesiti le gore o tlaa nna wa Mokgatlho wa Thuso.”3

Dintlha

  1. Thomas S. Monson, “Charity Never Faileth,” Liahona, Nov. 2010, 124.

  2. Daughters in My Kingdom: The History and Work of Relief Society (2011), 119–120.

  3. Daughters in My Kingdom, 87.

Akanyetsa Se

Ke ka ga jang ka fa Keresete e leng sekao se se itekanetseng sa lorato le bopelonomi?

Gatisa