2015
Fetsa Toche Ya Gago e Ntse e Tshubile
Diphalane 2015


Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha, Phalane 2015

Fetsa ka Toche ya Gago e Ntse e Tshubile

Mo Gerikeng wa bogologolo, batabogi ba ne ba gaisana mo lebelong la neelano leo le neng le bidiwa lampadedromia.1 Mo lebelong, batabogi ba ne ba tshwara toche mo seatleng sa bone mme ba e fitisetse go yo latelang go fitlhelela go leloko la bofelo la setlhopha le fetsa ka go kgabaganya mola.

Seetsele se ne se sa abelwe go setlhopha se o se tabogile ka lobelo le kwa godimo—se ne se abelwa go setlhopha sa ntlha seo se kgomileng mola wa go fetsa ka toche e sa ntse e tshubile.

Go nale thuto e e kgethegileng fano, nngwe e o e rutilweng ke baporofiti ba bogologolo le ba malatsi ano: le ntswa go le botlhokwa go simolola lobelo, go botlhokwa thata gore re fetse ka toche ya rona e santse e tshubile.

Solomone o Simolotse ka Maatla

Kgosi e kgolo Solomone ke sekai sa mongwe yo o simolotseng ka maatla. Fa a ne a le monnye, o ne a “rata Morena, a tsamaya mo ditaelwaneng tsa ga Rraagwe Dafite” (1 Dikgosi 3:3). Modimo o ne a mo itumelela mme a re, Kopa seo ke tlaa se go neelang” (1 Dikgosi 3:5).

Go nale gore a kope dikhumo kgotsa botshelo jo botelele, Solomone a kopa “pelo e e tlhaloganyang go atlhola batho ba gago, gore Ke lemoge magareng ga se se siameng le se se bosula” (1 Dikgosi 3:9).

Seno sa itumedisa Morena thata moo a neng a segofatsa Solomone e seng fela ka botlhale mme gape le ka bohumi jo bo feteletseng le botshelo jo botelele.

Le ntswa Solomone gone a ne a le botlhale le go dira dilo tse dintsi tse dikgolo, o ne a seka a fetsa ka maatla. Ka kutlobotlhoko, kgabagare mo botshelong jwa gagwe, “Solomone a dira bosula fa pele ga Morena, mme a seka a tla ka botlalo morago ga Morena” (1 Dikgosi 11:6).

Go Fetsa Lobelo lwa Rona

Ke makgetho a ma kae re simolotseng sengwe mme re se fetse? Maikutlo? Diragatsa mananeo? Maikaelelo a go bala dikwalo tse di boitshepo malatsi otlhe? Ditswetso tsa go nna morutwana o o botoka wa ga Jeso Keresete?

Ke makgetho a ma kae re dirang maikaelelo ka Hirikgong mme re a diragatse ka thokgamo e e tseneletseng malatsi a sekae, dibeke di se kae, kgotsa le e leng dikgwedi di se kae fela go bona ka Phalane, thokgamo ya rona go maikaelelo e sa le e le nnye go feta molora o o tsididi?

Letsatsi lengwe ke ne ka kgabodisa setshwantsho se se kgatlhang sa ntsha e robetse go bapa le pampiri e e kgagotseng. E ne e balega jaana, “Setlankana sa Ikatiso sa Ntsha e e Obametseng.”

Nako tse dingwe re ntse jalo.

Re na le maitlamo a siamemng; re simolola ka maatla; re batla go nna botoka. Mme mo bokhutlong re tlogele maitlamo a rona a kgagotswe, a tlogetswe, le go lebalwa.

Ke tlholego ya motho go kgojwa, go palelwa le nako tse dingwe go batla go tswa mo lobelong. Mme jaaka barutwana ba ga Jeso Keresete, re itlamile e seng fela ka go simolola lobelo mme gape go le feleletsa—le go fetsa ka toche tsa rona di santse di kganya ka go tuka. Mmoloki o solofeditse barutwana ba Gagwe, “Yoo a tla itshokang go ya bokhutlong, ene yoo o tlaa bolokwa” (Mathaio 24:13).

A ke naanele seo Mmoloki a se solofeditseng mo malatsing a rona: Fa re tshegetsa ditaelo tsa Gagwe le go fetsa ka toche di santse di tshubile, re tlaa nna le botshelo jo bosakhutleng, jo bo leng bogolo go tsotlhe dimpho tsa Modimo (bona D&C 14:7; bona gape 2 Nifae 31:20).

Lesedi leo ka Gotlhe le Sa Timeng

Nako tse dingwe morago ga go kgopiwa, go palelwa, kgotsa le gone go itlhoboga, re kgobega marapo le go dumela gore lesedi la rona le timile le gore lobelo le fedile. Mme Ke paka gore Lesedi la ga Keresete ga le ka ke la timiwa. Le phatsima mo lefifing la bosigo mme le tlaa phatsimela gape dipelo tsa rona fa fela re tlisa dipelo tsa rona go Ene (bona 1 Dikgosi 8:58).

E seng gore ga kae kgotsa bokgakala jo bo kae, Lesedi la ga Keresete le tswelela ka go tuka ka kganya. Le tota mo boteng jwa lefifi, fa re gatela kwa go Ene, Lesedi la Gagwe le tlaa fenya matshwenyego le go fa mewa ya rona nonofo go tswelela.

Lobelo le la borutwana ga se go taboga ka bonako; ke go taboga ka boineelo. Mme go dira pharologanyo e nnyenyane ka bonako jo re bo dirisang. Nnete ke gore, tsela fela eo re ka palelwang ka gone mo lobelong labofelo ke go ineela kgotsa go itlhoboga.

Jalo fa jaaka re tshwelela ka go tlhatlhoga le go tsamaela go ya go Mmoloki, re ikgaphela lebelo leo ka ditoche tsa rona dituka ka go kganya.

Ka toche ga se ka bo rona kgotsa seo re se dirang.

Ke ka Mmoloki wa Lefatshe.

Mme ke Lesedi leo le ka sekeng ka gope le fokotsege. Ke Lesedi leo le metsang lefifi, lefodise dintho tsa rona, le go maatlafatsa le mo gare ga khutsafalo e e boteng teng le matshwenyego a magolo.

Ke Lesedi le le fetang go tlhaloganya.

A mongwe le mongwe wa rona a fetse tsela eo re e simolotseng. Le ka thuso ya Mmoloki le Morekolodi wa rona, Jeso Keresete, re tlaa fetsa ka boitumelo le ka ditoche tsa rona di santse di tshubile.

Ntlha

  1. Harpers Dictionary of Classical Antiquities (1898), “Lampadedromia,” www.perseus.tufts.edu/hopper. Pausanias o tlhalosa pharologanyo ya lobelo la toche leo motshodi wa toche, gongwe mongwe go tswa mo letsong lengwe le lengwe, a neng a sa neele yo mongwe toche ya bone. Mme jaaka mo lampadedromia, mofenyi e ne e le wa ntlha go kgoma bokhutlo jwa lobelo ka toche e santse e tshubile.

Go ruta go tswa Molaetseng o

Akanyetsa ka go rotloetsa bao o ba rutang go tlhatlhanya ka gore ba fo kae mo “lobelong” la bone la botshelo. A ditoche tsa bone di tuka ka go kganya? O ka bala padi e e reng Lesedi la ga Keresete ke “Lesedi leo le metsang lefifi, lefodise dintho tsa rona, le go maatlafatsa le mo gare ga khutsafalo e e boteng teng le matshwenyego a magolo.” Jalo akanyetsa ka go buisana le bao o ba rutang ka fa Lesedi la ga Keresete le rotloeditseng matshelo a bone nako e e fitileng le ka fa le rotloetsang matshelo a bone jaanong.

Gatisa