Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha, Ngwanatsele 2015
Nna Sekao le Lesedi
Jaaka fa re sala morago sekai sa Mmoloki, sa rona e tlaa nna tshono ya go nna lesedi mo matshelong a ba bangwe.
Bakaulengwe, go molemo go nna le lona gape. Jaaka le itse, sale rele mmogo ka Moranang, re nnile le tatlhegelo ya ba Aposetolo bale bararo: Moporesidente Boyd K. Packer, Elder L. Tom Perry, le Elder Richard G. Scott. Ba boetse ko legaeng la bone ko legodimong. Reba tlhoafaletse. Rea lebogisa sekao sa ga Keresete jaaka lorato le dithuto tse di tlhotlheleditsweng tse ba dire tlogeletseng.
Re amogela ka dipelo tsa rona Baaposetolo ba bashwa, Elder Ronald A. Rasband, Elder Gary E. Stevenson, le Elder Dale G. Renlund. Ba ke borre ba ba dirang tiro ya Morena ka bonatla. Ba a tshwanela go nna mo maemong a a botlhokwa a ba a bileditsweng.
Mo bosheng, jaaka ke ntse ke bala ke bo ke akanya ka buka ya efangedi, temana nngwe tse pedi dine tsa nna mo go nna. Botlhe rea ba itse. Santlha se tswa mo thutong ya kwa Thabeng: “A lesedi la gago le phatsime mo bathong, gore ba bone ditiro tsa gago tse di molemo, mme ba galaletse Rara wa rona yo o ko legodimong.”1 Temana ya bobedi e ntletse mo tlhaloganyong fa ke akanya gore ya ntlha e raya eng. Ele lekwalo lwa Moaposetolo Paulo go Timoti: “Nna sekao sa maitshwaro, mo mafokong, mo puong, mo bopelotlhomoging, mo moweng, mo tumelong,2
Ke dumela gore temana ya bobedi e tlhalosa, ka botlalo, ka fa re ka fitlhelelang ya ntlha. Re nna sekao sa badumedi ka go tshela efangeli ya ga Jeso Keresete mo mafokong, ka puisanong, mo bopelotlhomoging, mo moweng, mo tumelong, le mo Fa re dira jalo, lesedi la rona le tlaa bonesa gore le ba bangwe ba le bone.
Mongwe le mongwe wa rona o tlile mo lefatsheng a filwe Lesedi la ga Keresete. Jaaka re sala morago sekao sa Mmoloki le go tshela jaaka a tshedile le jaaka ane a ruta, lesedi leo le tlaa galalela mo go rona le go supegetsa ba bangwe tsela.
Moaposetolo Paulo ofa dikai tsa tumelo dile thataro, dikai tse di tlaa letlang gore lesedi la rona le galalele. A re di lebe ka nngwe le nngwe.
Ke bua ka dikai tsa ntlha tse pedi mmogo— eleng sekao mo mafokong le mo puisanong. Mafoko a rea dirisang aka tsholetsa le go kgatlha, kgotsa di ka nna kotsi le go nyenyafatsa. Mo lefatsheng malatsi ano gona le go tshameka ka leina la Modimo mo go feteletseng mo go lebegang go re dikologile gongwe le gongwe ko re go yang. Go thata goka tila go utlwa leina la Morena le dirisiwa motlhofo go sena kakanyo. Mafoko aa botlha a lebega ele one aa dirisiwang thata mo dithelebisheneng, di baesekopo, dibuka, le moopelo. Re emetswe ke dikgokgontsho le ditshwaelo tse di shakgetseng di sa batle kakgelo ya rona. A re buwe le ba bangwe ka lorato le tlotlo, mafoko ele aa phepa le go hema mafoko kgotsa dikakgelo tse di ka kgopisang. A re saleng morago sekai sa Mmoloki, yo o buileng ka kamogelo le bopelonomi fa a le mo bodireding jwa gagwe.
Sekai se se latelang se Paulo a buileng ka sone ke mautlwelo botlhoko, se se tlhalosiwang ele “lorato lo lo phepa la ga Keresete.”3 Ke a tshepha gore go na le bangwe magareng ga rona ba ba bodutu, ba ba lwalang, le ba ba tlhokang kgothatso. Sa rona ke sebaka sa go ba thusa le goba tsholetsa mewa. Mmoloki o tlisitse tshepho mo go ba ba senang tshepo le matla mo go ba ba bokowa. One a fodisa balwetse; O ne a dira gore digole di tsamaye, difofu di nne le pono, bosusu ba utlwe. O ne a tlisa baswi mo botshelong. Mo nakong yotlhe ya bodiredi jwa gagwe O ne ama ba ba neng ba tlhoka ka bopelotlhomogi Jaaka fa re etsa sekao sa gagwe, re segofatsa matshelo, go akaretsa le arona.
Se se latelang, re tshwanetse ra nna sekao mo moweng. Mo go nna go raya gore re tshwanetse ra leka go nna le bopelontle, ditebogo, boitshwarelo, le thusano. Boleng jo bo tlaa refa mowa o o tlaa fetolang matshelo a ba re tshelang le bona. Se e nnile sebaka mo dingwageng go ka amana le batho ba mowa o o ntseng jalo. Re itemogela maikutlo a a haphegileng fa rena le bone, maikutlo aa dirang gore re batle go amana le bone le go sala morago sekao sa bone. Lesedi la ga Keresete letswa ntlha tsotlhe go re thusa go nna le maikutlo a lorato.
Go re supegetsa gore lesedi le le tswang mo moweng oo tshelang o lemogiwa ke ba bangwe, ke lo bolelela maitemogelo a ngwaga tse di fetileng.
Ka nako eo, boeteledi pele jwa Kereke bo kopane le bagolwane ko Jerusalem go dira tumalano e Kereke eneng e tla nnang le dikago ko Jerusalem. Gore re kgone re bone diteseletso tse re di tlhokang, kereke ene ya dumalana gore kanamiso ya efangedi e tlaa se diragadiwe ke maloko ba ba direlang mo dikagong tseo. Morago ga tumalano eo e dirwa, mongwe wa bagolwane ba Iseraele, yoo neng a itse ka kereke le maloko a yone, o ne are o itse fa kereke e tlaa diragatsa tumalano ya go sa anamisa efangedi. “Mme,” o ne are, a lebanye le baithuti ba ba tlaa tsenang koo, “rea go dira jang ka lesedi le le leng mo matlhong a bone?”4 A go nne le lesedi le le faphegileng mo go rona, gore le lemogwe le go amogelwa ke ba bangwe.
Go nna sekao sa tumelo go raya gore re beye tshepho mo Moreneng le mafoko a Gagwe. Go raya gore re nna le go matlafatsa tumelo e e tlaa laolang dikakanyo tsa rona le ditiro tsa rona. Tumelo ya rona mo go Morena Jeso Keresete le Rara wa rona yoo ko Legodimong e tlaa rotloetsa tsotlhe tse re di dirang. Gareng ga tsietsego ya malatsi ano, ditumalano tsa maranyane, le mathata a re tshelang le one malatsi otlhe, go tshela ka tumelo e nna boremelelo jwa matshelo a rona. Tumelo le pelaelo ga di kake tsa nna mo tlhaloganyong ele nngwe ka nako ele nngwe, gonne e nngwe e tlaa phatlhalatsa enngwe. Ke boeletsa se kese boleletswe makgetho ale mmalwa gore re nne le tumelo e re e tlhokang, go botlhokwa gore re bale, re bo re akanye ka se re se balang mo lekwalong la tumelo. Puisano le Rara wa rona yoo ko Legodimong ka thapelo e botlhokwa. Re ka se itlhokomolose selo se, ka mmaba le ba a dirang nabo ba batla phatlha mo itshireletsong ya rona, le go iketla mo tumelong ya rona. Morena o ne are, “Batlisisa ka kelotlhoko, rapela ka nako tsotlhe, o nne le tumelo, mme dilo tsotlhe di tlaa go siamela.”5
Sa bofelo, re tshwanetse ra nna phepa, go raya mo mmeleng, tlhaloganyo le mowa. Re a itse gore mebele ya rona ke tempele, e tshwanetse ya tshwarwa sentle le go tlotliwa. Ditlhaloganyo tsa rona di tshwanetse tsa nna di akantse tse di kgothatsang le tse di tlotlomatsang mme di kgatjwe mo go se se sa di siamelang. Gore re nne rena le Mowa oo Boitshepo ka nako tsotlhe, re tshwanetse ra tshela mo o tlaa amogelesegang. Bakaulengwe, go nna phepa go tla re leretse kagioso mo tlhaloganyo mme go tla re kgontsa go amogela O ne are, “Go sego ba ba pelo di phepa: go nne ba tlaa bona Modimo.”6
Fa re supa sekao mo mafokong, mo puisanong, mo bopelotlhomoging, mo moweng, mo tumelong, le mo bophepeng, re ka nna lesedi la lefatshe.
Nka le raya lotlhe, mme segolo jang banana, gore jaaka lefatshe le tsamaela kgakala le dithuto le melawana ye re e filweng ke Rara yoo ko Legodimong, re tlaa bonala mo bontsing ka re farologana le bona. Re tlaa bonala ka kapari ya rona ke e e siameng. Re tlaa farologana ka gore ga re dirise mafoko aa sa siamang le gore ga re tsee dilo tse di sa siamelang mebele ya rona. Re tlaa farologana ka gore re tila metlae e e sa siamang le go nyenyahatsa. Re tlaabo re farologana fa re sa tlatse tlhaloganyo tsa rona ka itloso bodutu e e nyenyahatsang ebile e koba moya oo boitshepo mo malwapeng a rona le mo matshelong a rona. Re tlaa bonala fa re tsaya ditshwetso tse di amang se se siameng — ditshwetso tse di tsamaelanang le dithuto tsa efangedi. Dilo tse di dirang gore re farologane le lefatshe di re fa lesedi le moya o o galalelang mo lefatsheng le le oketsegang ka lefifi.
Gantsi go thata go farologana le go ema ka nosi mo bontsing. Ke tlholego go nna le poifo ya gore ba bangwe ba tlaa akanyang kgotsa ba tlaa reng. Mafoko aa nametsang a dipesalema: “Morena ke lesedi lame le poloko yame; ke tlaa boifa mang? Morena ke matla a botshelo jwame; ke tlaa boifa mang?”7 Fa re dira Keresete pinagare ya matshelo a rona, poifo ya rona e tlaa fetolwa ke go nna le tumelo e e tiileng.
Botshelo ga boa re siamela rotlhe, mme nako tse dingwe dikgwetlho le bokete jo bo re lebanyeng bo kgona go re ketefalela, go bake gore lesedi la rona lesa galalele. Mme, ka thuso ya Rara yo o ko Legodimong, le thuso ya ba bangwe, reka nna le lesedi leo gape le le tlaa bonesang tsela e ree tsamayang gape le go tlisa lesedi le ba bangwe baka le tlhokang.
Go supegetsa, Ke le bolelela mafoko a mmoki yo ke mo ratang a kea badileng lantlha dingwaga tse di fetileng:
Ke kopane le motho kesa mo itse bosigo
Yo lobone la gagwe le neng lesa tlhole le phatsima.
Kene ka ema mme ka letlela gore a bonese
Lobone lwa gagwe mo go lame.
Sefefo sene sa tsoga
se se neng sa tshikinya lefatshe.
Fa diphefo di sena go feta
Lobone lwame lo ne lo timile!
Motho yo ke sa mo itseng a tla ko go nna—
Lobone lwa gagwe lo phatsima sentle!
Abo a tshotse molelo o o botlhokwa
Mme a tshuba lame!8
Bakaulengwe, sebaka sa go galalela se re dikaganyeditse malatsi otlhe, mo diemong tse re iphitlhelang mo go tsone. Fa re sala morago sekao sa Mmoloki, sa rona e tlaa nna chono ya go nna lesedi mo matshelong a ba bangwe, eka tswa ele ba malwapa a rona le ditsala, badiri ka rona, ba re kopanang le bone, kgotsa bahiti ka tsela.
Go lona lotlhe, Kare lo bana ba Modimo. Letswa ko mannong a gagwe gotla mo lefatsheng nakwana, go gakologelwa lorato le dithuto tse a re di fileng, le go letla lesedi la rona go phatsimela gore le ba bangwe ba le bone. Fa nako e e mo lefatsheng e fela, ga o dirile se o neng o tshwanetse go se dira, sa gago e tlaabo ela masego a go boela go nna le Ene goya goile.
Mafoko a Mmoloki a tlosa matshwenyego: “Ke lesedi la lefatshe: yo o tlaa ntshalang morago a kase tsamaye mo lefifing, mme o tlaa tsamaya mo leseding.”9 Ka ene ke fa bopaki. Ke Mmoloki wa rona, Mmueledi wa rona mo go Rara. Ke Sekao sa rona le maatla a rona. Ke “lesedi le le phatsimang mo lefifing.”10 Gore rotlhe ba re utlwang lentswe la gagwe re dumele go mo sala morago, re nne lesedi le le bonesetsang lefatshe, ke thapelo yame ka leina le le boitshepo, la ga Morena Jeso Keresete, amen.
© 2015 by Intellectual Reserve, Inc. All rights reserved. E gatisitswe mo USA. Tetla ya Sekgoa: 6/15. Tetla ya Thanolo: 6/15. Thanolo ya bo First Presidency Message, November 2015. Tswana. 12591 763