2015
Mowa o o Boitshepo e nne Mopati
Ngwanatsele 2015


Molaetsa wa Thuto ya Ketelo, Ngwanatsele 2015

Mowa o o Boitshepo e nne Mopati

Reka kgona, fa re tshela ka fa re tshwanetseng, go segofadiwa ka Mowa o o Boitshepho ka nako tsotlhe, eseng ga nakwana.

Bakaulengwe, Ke itumelela go bo kena le lona Sabata se sa komferense ya Kereke ya Morena. Ke ikutlwetse, jaaka le lona, Moya o o Boitshepo, ofa bopaki ka mafoko a nnete aa builweng abo a opelwa.

Yame tiro gompino ke go oketsa keletso ya lona le maikaelelo a lona go amogela mpho e e tshepisitsweng rotlhe morago ga re kolobediwa. ka nako ya tlomamiso ya rona re utlwule mafoko a: “Amogela Mowa o boitshepho”1 Gotswa nako eo, matshelo a rona ane a fetogela ruri.R

e ka kgona, fa re tshela ka tsela e e tshwanetseng , ra nna le tshegofatso ya Mowa o Boitshepho, mme e seng nako dingwe, jaaka mo maitemogelong a tshwanang le a gompieno, nako tsotlhe, Lo a itse go tswa mo mafokong a thapelo ya selalelo ka fa tsholofelo e e diragaditsweng ka teng: “Rara, Rraetsho wa bosakhutleng, re a go lopa ka leina la Morwao, Jeso Keresete, go segofatsa le go rekolola senkgwe se go mewa ya botlhe ba ba tla go tsayang, gore ba je mo segopotong sa mmele wa Morwao, ba supe go wena, Rara, Rraetsho wa bosakhutleng, gore ba ikaelela go tsaya leina la Morwao,ba mo gopole ka dinako tsotlhe le melawana e a e ba neetseng.”

Mme go tla tshepiso e e galalelang: “Gore ba nne ka nako tsotlhe le Mowa wa gagwe” D&C 20:77; go tsentswe kgatelelo.

Go nna re na le Mowa o Boitshepho ke go nna le tlhotlheletso le ketapele ya Mowa o Boitshepho mo matshelong a rona. Re ka kgona go tsibosiwa ke Mowa o Boitshepho go sa raelesege go dira bosula.

Ka lebaka leo, go motlhofo go bona gore ke eng batlhanka ba Morena ba leka go oketsa keletso ya rona ya go obamela Modimo fa phuthego e amogela selalelo. Fa re ja selalelo ka tumelo, mowa o o boitshepho o ka re sireletsa le ba re ba ratang mo ditekong tse di tlang kgapetsa.

Mowa o o boitshepho o dira gore se se molemo se kgatlhise mme diteko di fokotsege. Seo ka bonosi se lekane go dira gore re amogele mowa o o boitshepho ka nako tsotlhe.

Jaaka Mowa o o Boitshepho o re tiisa kgatlhanong le bosula, O re fa matla go itemogela nnete mo makeng. Nnete e e leng botlhokwa go fitisa e rurihatswa ke tshenolo e e tswang ko Modimong. Mabaka a rona a setho le Re tshela mo dinakong tse le matlhale a tshwanelang go farologanya nnete mo tsietsong.

Morena o rutile Moaposetolo Tomase, yo a neng a batla sesupo sa gore Mmoloki o tsogile mo baswing ka go mo supetsa dintho, gore tshenolo ke yone sesupo: “Jeso o ne are go ena, Tomase, ka gore o mpone, wa dumela: go sego yo o dumelang mme asa bona” Johane 20:29

Nnete e e kaang tsela ya goya ko Modimong e rurifatswa ke Mowa o o Boitshepho. Ga re kake ra boela kwa sekgweeng ra bona Rara le Morwa ba bua le Joseph Smith. Ha gona bosupi jwa senama kgotsa ngangisano e utlwalang go ka netefatsa gore Elija o ne a tla jaaka go ne go solofeditswe go tla go neela dilotlolo tsa boperesita tse di tshotsweng di bo di dirisiwa gompieno ke moporofiti yo o tshelang, Thomas S. Monson.

Netefatso ya boammaruri e tla ko go morwa kgotsa morwadia Modimo yo o nnilelng le tshwanelo ya go amogela Mowa o Boitshepho. Ka gonne go tlhoka nnete le maaka, di ka bewa pele ga rona nako nngwe le nngwe, re tlhoka tlhotlheletso ya Mowa wa Boammaaruri go re dibela mo dipakeng tsa ngoselo.

Fa leloko la Bokopano jwa Baapostole ba ba Lesome le bobedi, George Q. Cannon a re kgothaditse go nna mo letsomong la Mowa gore o nne le rona. o tshephisitse, le nna ke a tshephisa, gore fa re sala morago tsela e, re “tla seke re tlhaele kitso” ya boammaaruri, “re tla seke re ngosele kgotsa go nna mo lefifing,” mme le “tumelo ya rona e tla matlafala, lethabo [la rona] … le tla penologa.”2

Re tlhokana le thuso ya Mowa o o Boitshepho ka lebaka le lengwe. Loso la mongwe yo re mo ratang le ka tla ka tshoganyetso. Ke bopaki jwa Mowa o o Boitshepho gore lorato lwa Rara yo o ko Legodimong le Mmoloki yo o tsogileng mo baswing lo lo re fang tsholofelo le kgomotso fa re latlhegelwa ke yo re mo ratang. bopaki joo bo tshwanetse jwa nna teng fa loso le diragala.

Ka mabaka a a mantsi, re tloka go patiwa ke Mowa o o Boitshepho. Rea e eletsa, mme rea itse gore ga go motlhofo go ka e tshegetsa. Rotlhe re akanya, re buwa, le go dira dilo mo matshelong a malatsi otlhe tse di kgopisang mowa o o Boitshepho. Morena o re rutile gore Mowa o o boitshepho o tlaa nna mopati wa rona fa pelo tsa rona di tletse bopelotlhomogi le tshiamelo mo dikakanyong tsa rona di nne ka nako tsotlhe (bona D&C 121:45).

Go nne ba ba sokolang ka melao e e ha go dingwana ba tlhoka go patiwa ke Mowa o o Boitshepho, ke ba fa kgothatso e. Gona le nako tse o utlwileng thotloetso ya Mowa o o Boitshepho. Go ka tswa go godiragaletse gompieno.

O ka tsaya metsotso ya kgothatso jaaka peo ya tumelo e e tlhalositsweng ke Alma (bona Alma 32:28). Lema nngwe le nngwe. O ka dira seo ka tlhotlheletso e o e utlwileng. Tlhotlheletso ya konokono ke fa o itse se Moimo o batlang o se mo direla. Fa e le go ntsha ditsa bosome kgotsa go lekola tsala e latlhegetsweng, o tshwanetse wa dira jalo. E ka nna eng kgotsa eng, dira. Fa o supa go kgatlhegela go obamela, Mowa o tla go romelela maikutlo a se Modimo o eletsang o se mo direla.

Fa o obamela, maikutlo go tswa mo Moweng a tlaa tla kgapetsa kgapetsa, rebo re nna gaufi le mowa o o boitshepho. Matla a gago go tlhopha se se siameng a tlaa oketsega.

O ka itse fa maikutlo a go diragatsa atswa mo Moweng gona le maikaelelo a gago. Fa maikutlo a a lekana le se Mmoloki le baporofite le baaposetolo ba se buileng, oka tlhopha go obamela ona le tshepho. Mme Morena o tlaa romelela Mowa wa gagwe go go thusa.

Sekai, fa o amogela maikutlo a go obamela sabata, bogolo jang fa go lebega gole thata, Modimo o tlaa romela mowa wa gagwe go go thusa.

Thuso eo e tlile ko go ntate dingwaga tse di fetileng fa tiro ya gagwe ene ya mo isa Australia. One ale esi ka Tshipi, mme one a batla goja selalelo. One asa kgone go bona kitso epe ka phuthego ya Latter-Day Saints. Mme one a simolola go tsamaya. One a rapela mo marakanelong a ditsela go itse gore a tsamaye jang. Morago ga oura, o ne a ema a rapela gape. o ne a tlelwa ke maikutlo a go tsamaya mo mmileng mongwe. Mme o ne a utlwe moopelo otswa mo nngwe ya dikago e e gaufi. O ne a leba ka seokomela bagwe mme a bona batho ba ntse sentle gaufi le tafole e e khurumeditsweng ka letsela le le sweu le sejana sa selalelo.

Jaanong, jaaka go lebega e kare ga se sepe mo go wena, mme ene ele sengwe mo go ene. O ne a itse gore thapelo ya selalelo e tlaa diragadiwa: “Nna o mo gakologelwa le go obamela melawana e a e ba fileng; gore ba nne bana le mowa o o boitshepho” D&C 20:77).

E ke nngwe ya dikai tsa thapelo le mowa o o boitshepho o mmolelela se Modimo areng a se dire. O ne a e baya dingwaga, jaaka fa nna le wena re tlaa dira. O ne a seke a buwa ka semowa. O ne a dira dilo tse di nnye tsa Morena tse a neng a tlelwa ke kakanyo ya go di dira.

Nako tse ditlhopha tsa Latter-day Saints ba kopa gore a buwe, o ne a dira jalo. O ne ase tsapa le fisang pelo le fa batho bale kgotsa 50 kgotsa a lapile. O ne aa fa bopaki ka Rara, le Morwa, le Mowa o o Boitshepho le ka baporofita fa mowa o mo gwetlha go dira jalo.

Pitso ee kgolo e a nnileng le yone mo Kerekeng ene ele ya Bonneville Utah Stake high council, ye a neng a direla mo tshimong, le go ruta sekolo sa tshipi. Mo dingwageng, fa ane a tlhoka, Mowa o o Boitshepho one o nna ole teng go mo pata.

Kene ka ema fa thoko ga ga ntate mo phapusing ya gagwe ko kokelong. Mme, ebong mosadi wa gagwe dingwaga tse 41, o ne ale mo bolaong. Rene ra moleba dioura. Rene ra bona ditsela tsa setlhabi di nyelela mo sefatlhegong sa gagwe. Menwana ya matsogo a gagwe, ye e neng e kopelegile, ye phuthologa. Matsogo a gagwe nna mo thoko ga gagwe.

Ditlhabi tsa kankere tsa dingwaga dine di fela. Kene ka bona mo sefatlhegong sa gagwe tebego ya kagiso. O ne a hema mo go khutshwane, mme a tloga a neela mowa. Rene ra ema foo go bana gore aa o tlaa hema gape.

Labofelo, Ntate a buwa ka lentswe le le ko tlase, “Ngwana wa mosetsana o ile lwapeng.”

O ne a seka a lela. Seo ene ele ka gore Mowa o o Boitshepho o ne o mofile setshwantsho sa gore ke mang, gore o ne atswa kae, gore o ne a nnile eng, le gore o ne aya kae. Mowa one o file bopaki makgetho ale mantsi ka lorato lwa ga Rara wa Legodimo, ka Mmoloki yo oneng a fentse loso, le dithuto tsa tempele gore ba kopantswe le mosadi le lelwapa.

Mowa o ne o mo tlhomamiseditse gore tshiamo ya gagwe le tumelo e tlaa mo dira gore a boele ko lwapeng le le ko legodimong ko a tlaa gokologelwang ke bana ba gagwe le go amogelwa ka tlotla.

Go ntate, seo ene ele tsholofelo. Mowa o o Boitshepho o ne o dirile seo nnete.

Jaanong, bangwe ba kare mafoko a gagwe le setshwantsho se se mo tlhologanyong ya gagwe ka lelwapa le le ko legodimong ene ele dikakanyo fela, tsa motho a latlhegetswe. Mme o ne a itse nnete ka tsela e aneng a e itse.

E ne ele motho wa tsa maranyane yo neng a batlisisa nnete ka lefatshe botshelo jwa gagwe jotlhe. O ne a dirisa didirisiwa tsa maranyane mo a neng a tlotlomadiwa ke badiri ka ene lefatshe ka bophara. Tse di ntsi tse a di dirileng mo go tsa chemistry di tlile ka go nona tlaloganyo ya gagwe e tsamaela ntlha tsotlhe le go dira ditekeletso.

Mme o ne a sala mogago tsela e sele go itemogela nnete e e botlhokwa mo go ene le mo go rona. Fela ka Mowa o o Boitshepho reka bona batho le ditiragalo jaaka Modimo a di bona.

Mpho eo ene ya tswelela ko kokelong morago ga go tlhokafalelwa ke mosadi. Rene ra phutha dilwana tsa ga mme ra di isa lwapeng. Ntate o ne a ema go leboga ba bongaka ba re neng re kopana le bona fa reya ko koloing. Ke. a gopola ke ikutlwa, ka tenego, gore re tsamaye re ye go nna nosi ka kutlobotlhoko ya rona.

Ke a lemoga jaanong gore o bone fela dilo tse Mowa o Boithepho o neng o ka di mo kaeela. O ne a bona batho bao jaaka baengele ba ba rometsweng ke Modimo go tlhokomela moratiwa wa gagwe. Ba katswa ba ne ba ipona jaaka baitseanape ba booki, mme Rre o ne a ba lebogela thuso ya bone mo boemong jwa ga Keresete.

Tlhotlheletso ya Mowa o Boitshepho ya tswelela le ene fa a goroga kwa legaeng la batsadi bame. Ra bua metsotsonya mo phapusing ya boiketlo. Rre a kopa go ya fa phapusing ya gagwe ya borobalo e gaufi.

Morago ga metsotsonyana, a boela mo phapusing ya boiketlo. O ne a na le monyenyo o kgatlhisang. A tsamaela fa go rona a buela kwa tlase a re, “Ke ne ke tshwenyegile gore Mildred o tla goroga kwa lefatsheng la semowa a le nosi Ke ne ke ithaya kere o tla timela mo mmudubudung.”

A bua ka lethabo, “ke rapetse gone fela jaanong. Ke a itse gore Mildred o siame. Mme o ne a le teng go mo kgatlhantsha.”

Ke gakologelwa ke nyenya fa a bua jalo, ke gopola nkuku, maoto a gagwe a makhutshwane, a itlhaganetse mo gare ga mmudubudu go tlhomamisa gore o teng go amogela ngwetsi ya gagwe fa e goroga.

Jaanong, lengwe la mabaka a gore rre a kope a bo a fiwa kgomotso eo ke ka gore o ne a ntse a rapela ka tumelo go tswa bonnyennyaneng jwa gagwe. O ne a tlwaetse go nna le ddikarabo tse di tlang mo pelong ya gagwe go mo fa kgomotso le go mo supetsa tsela. Mo godimo ga go tlwaeleng go rapela, o ne a itse dikwalo le mafoko a baporofiti ba ba tshelang. Jaanong o ne a lemoga goseba ga Mowa mo a go tlwaetseng, o o ka tswang o o utlwile gompieno.

Go patiwa ke Mowa go ne go mo gomoditse ga bo ga bo kaela. Ga mo fetola ka ntata ya Setlhabelo sa ga Jeso Keresete. Fa re amogela tshephiso ya go nna le Mowa nako tsotlhe, Mmoloki o ka re fa tlotso e e tlhokafalang go nna le le botshelo jo bo sa khutleng, mpho e kgolo mo go tsotlhe tsa Modimo (bona D&C 14:7).

Le gakologelwa mafoko a Mmoloki: “Jaanong se ke molao: Ikotlhaele dibe, lotlhe mo lefatsheng, mme letle go nna le kolobediwe ka leina lame, gore le rekololwe ke Mowa o o Boitshepho, gore lo eme lo le phepa fa pele game ka letsatsi la bofelo” (3 Nefi 27:20).

Melawana eo etla ka tshepiso e e tswang ko go Morena:

“Mme jaanong, ammaa ruri, ammaa ruri, kea lo raya, baya tshepho ya gago mo Moweng o o isang ko go direng tshiamo—, go tsamaya ka boikokobetso, go atlhola ka tshiamo; se ke Mowa wame.

“Ammaa ruri, ammaa ruri, kea lo raya, ke tlaa lo naya Mowa wame, o o tlaa sedimosetsang tlhaloganyo tsa lona, o tlaa tlatsa mowa wa gago ka boitumelo” (D&C 11:12–13).

Ke fa bopaki gore Morena Modimo oa tshela, gore Jeso Keresete yo o tsogileng mo baswing o eteletse Kereke ya gagwe, gore Moporesidente Thomas S. Monson o tshotse dinotlele tsotlhe tsa boperesita, le tshenolo e e tswang mo Moweng o o Boitshepho e kaya The Church of Jesus Christ of Latter-day Saints le maloko a yone.

Ke tswelela ke fa bopaki mo go lona gore bo rre ba ba buileng le lona tsatsi jeno ke basipi ba Morena Jeso Keresete, maloko a BaAposetolo ba le Lesome le bobedi, ba biditswe ke Modimo. Kea itse gore Moporesidente Monson o ne a eteletswe ke Mowa o o Boitshepho go ba bitsa. Fa o ba reetsa le bopaki jwa bona, Moya oo Boitshepo o tlaa go rurifaletsa se ke se le bolelelang. Ba biditswe ke Modimo. Ke ba eme nokeng le go ba rata ebile kea itse gore Morena oa ba rata ebile o tlaa ba tshegetsa mo tirong ya bone. Ke dira ka leina la Morana Jeso Keresete, amen.

Dintlha

  1. Bona Handbook 2: Administering the Church (2010), 20.3.10.

  2. Bona George Q. Cannon, in “Minutes of a Conference,” Millennial Star, May 2, 1863, 275–76.

Gatisa