2015
Mekgwa ya Selegodimo ya ga Jeso Keresete: Bopelotlhomogi le Bopelontle
Sedimonthole 2015


Molaetsa wa Thuto ya Ketelo, Sedimonthole 2015

Mekgwa ya Selegodimo ya ga Jeso Keresete: Bopelotlhomogi le Bopelontle

Ka thapelo ithute tiriso e mme o senke go itse gore o ka abelana eng. Go tlhaloganya botshelo le thomo ya Mmoloki go ka oketsa jang tumelo ya gago mo go Ene le go segofatsa ba o ba lebeletseng ka thuto ya ketelo? Go bona molaetsa ka botlalo, etela reliefsociety.lds.org.

Tumelo • Lelwapa • Thuso

“Mo dikwalong tsa tumelo, bopelotlhomogi bo raya ‘go sokola le.’ ‘Go raya gape go nna le kutlwelobotlhoko le go tlhomogelana pelo.’1

“Jeso o re neetse dikai tsa go nna le bopelotlhomogi,” go bua Moporesidente Thomas S. Monson. “Monna wa segole kwa Bethesida; mosadi yo o dirileng boaka; mosadi wa kwa sedibeng sa ga Jakoba; morwadie Jarose; Lasaro, kgaitsadie Maria le Maratha — botlhe ba supa matlhotlha pelo mo tseleng ya Jeriko. Mongwe le mongwe o ne a tlhoka thuso.

“Jeso o ne a re, go segole sa Bethesida, ‘Ema, o tseye bolao jwa gago, mme o tsamaye.’ Go mosadi wa modira dibe ga tla kgakololo, ‘Tsamaya, mme o se tlhole o leofa gape.’ Go thusa yo a neng a tsile go ga metsi, O ne a ntsha sediba sa metsi ‘a a elelang go ya botshelong jo bosakhutleng.’ Go morwadie Jarose yo a neng a tlhokafetse go tsile taelo, ‘Morweetsana, ke go raya kere, ema.’ Go Lasaro yo o neng ale mo lebitleng, ‘Tsoga.’

“Mmoloki o nna a supa bopelotlhomogi a a senang bokhutlo. … A re buleng pelo tsa rona, gore Ene — sekai sa bopelotlhomogi ka nnete — a ka tsena.”2

Dikwalo tsa Tumelo tse di tlaleletsang

Psalm 145:8; Zechariah 7:9;1 Peter 3:8; Mosiah 15:1, 9;3 Nephi 17:5–7

Gotsweng Dikwalong tsa Tumelo

“Monna wa me le nna re ne ra khubama fa thoko ga morwadia rona yo o dingwaga tse 17 go mo kopela botshelo,” ga bua Linda S. Reeves, mogakolodi wa bobedi mo boporesidente jwa kakaretso jwa Mokgatlho wa Thuso. “Karabo ene e le nnyaa, mme . … re sa tswa go itse … gore … [Mmoloki] o re tlhomogela pelo mo kutlhobotlhokong ya rona.”3

“Nngwe ya dipolelo tse ke di ratang tsa botshelo jwa Mmoloki ke polelo ya ga Lasaro. Dikwalo tse di boitshepho di re bolelela fa ‘Jeso a ne a rata Maratha, … mogolowe [Maria], le [kgaitsadia bone wa gagwe] Lasaro.”4 Fa Lasaro a simolola go lwala, mafoko ane a isiwa ko go Jeso, mme ya re A goroga a fitlhela Lasaro a tlhokafetse. Maria one a tabogela ko go Jeso, a wela fa maotong a gagwe, mme a lela. Fa Jeso a bona Maria a lela, “O ne a tshwenyega mo moweng, mme … a lela” (John 11:33, 35).

“Seo ke maikemisetso a rona. Re tshwanetse ra ikutlwa le go ipona re thusa bana ba ga Rraetsho yo ko Legodimong go ikutlwa ba bona le go itse fa Mmoloki a tsere dibe tsa rona le matlhoko a rona gore a itse kafa re ikutlwang ka teng le gore o ka re gomotsa jang.”5

Dintlha

  1. Kaelo go Dikwalo tsa Tumelo, “Bopelotlhomogi.”

  2. Thomas S. Monsonm “Mpho ya Bopelotlhomogi,” Liahona, Mar. 2007, 4– 5, 8.

  3. Linda S. Reeves, “The Lord Has Not Forgotten You,” Liahona, Nov. 2012, 120.

  4. Linda S. Reeves, “The Lord Has Not Forgotten You,” 118.

  5. Linda S. Reeves, “The Lord Has Not Forgotten You,” 120.

Akanyetsa Se

Ke mang yo o ka segofadiwang ke bopelotlhomogi jwa gago?

Gatisa