2015
Iphe nako go nna le Mmoloki
Sedimonthole 2015


Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha, Sedimonthole 2015

Iphe nako go nna leMmoloki

Paka e nngwe ya Keresemose e gorogile le ngwaga o mosha oa atumela. Go lebega e kare maabanyane re ne re ipelela matsalo a Mmoloki le go dira maitlamo.

Mo maitlamong a ngwaga o, rene ra ikaelela go nna le nako mo matshelong a rona le gore Mmoloki a nne mo pelong tsa rona? Go sa kgathalesege gore re atlegile gole kae rene rele kgakala ka maitlamo, Ke a tshepa rotlhe re ka dira botoka. Paka e ya Keresemose ke ye e siametseng go ka sekaseka le go shafatsa maatla a rona.

Mo matshelong a rona a ditshwarego, go le tse dintsi tse dire tlhokang, go botlhokwa gore re tseye tshwetso, maikaelelo go tsisa Keresete mo matshelong a rona le mo malwapeng a rona. Go botlhokwa gore, jaaka Banna ba ba Botlhale gotswa botlhaba, re nne re lebagane le naledi ya gagwe le “go tla go mo obamela.”1

Mo tsamaong ya nako ya tshika, molaetsa go tswa go Jeso o santse o tshwana. O ne a raya Petere le Enduru mo lotshitshing la Galalea, a re, “Ntshaleng morago.”2 Go Fiipi go tsile pitso, “Ntshale morago.”3 Go Molefi yo nnang go amogela dithoto go tsile taelo, “Ntshale morago.”4Go nna le wena, fa re ka reetsa, go tlaa tla taletso e e tshwanang: “Ntshale morago.”5

Jaaka re sala dikgato tsa gagwe mo bogompienong le sekao sa gagwe, re ka kgona go segofatsa matshelo a ba bangwe. Jeso o re laletsa go intsha setlhabelo: “Morena o batla pelo le tlhaloganyo tse di eletsang.”6

Aa gona le mongwe yo o ka mo tswang thuso mo Keresemoseng e? A gona le yo o emetseng ketelo ya gago?

Mo dingwageng tse di fetileng kene ka etela lelwapa la mogodi wa moswagadi. Ga ke sale koo, bele ya lebati ene ya lela. Ko lebating gone go eme ngaka e e itsegeng. O ne a sa bitswa; mme, o ne a nnile le maikutlo a go etela molwetse yo o bolawang ke bodutu.

Mo pakeng e, pelo tsa bao ba eletsang go thusa le go eletsa ketelo ya Keresemose. Keresemose nngwe fa kene ke etetse lefelo la tlhokomelo, Ke ne ka nna ka bua le bomme ba bagodi bale batlhano, yo mogolo ale 101. O ne a le sefofu, mme a kgona go lemoga lentswe lame.

“Bishopo, o tsile morago ngwaga o!” O ne a re. “Ke ne ke tsaya gore ga o ne otla.”

Re nnile le nako e e itumedisang mmogo. Mongwe wa balwetsi, o ne a lebega a jewa ke bodutu mme a ipoeletsa a re, “ke itse fa ngwanake wa mosimane a tlaa tla go ntlhola tsatsi jeno.” Ke ipotsa gore a o tlaa dira jalo, ka go na le dipaka tsa Keresemose tse a neng a sa nteletsa.

Go na le nako ngwageng ono go ka thusa, go supa lerato, le mowa wa neelano— ka mantswe a mangwe, go sala morago sekao sa Mmoloki le go thusa jaaka fa a ne a ka re thusa. Jaaka fa re mo direla, re ka se lese ditshono, jaaka mong wa manno wa maloba, 7 go mo fa nako mo matshelong a rona, le bonno mo pelong tsa rona.

A reka itse ka botlalo tsholofelo eo e mo molaetseng wa moengele e e filweng badisa ba le ko mafudisong: “Ke lo tsisetsa molaetsa wa boitumelo.” … Go lona go tshotswe mo tsatsing le … Mmoloki, e bong Morena Keresete”?8

Fa re amogana dimpho ka Keresemose, a re gakologelweng, re lebogele, le go amogela mpho e kgolo go di feta tsotlhe— mpho ya Mmoloki le Morekolodi, gore re nne le botshelo jo bosakhutleng.

“Go solegela mosola jang gore motho a fiwe mpho, mme a se e amogele? Bona, ga a itumelele mpho e a e neetsweng, le go itumelela yo a mo neetseng mpho.”9

A re mo saleng morago, re mo direle, le go mo tlotlomatsa, le go amogela mpho ya gagwe mo matshelong a rona, gore re nne, jaaka mafoko a ga Lihae, “a re dikologe ka matsogo a gagwe a lorato.”10

Dithuto go tswa Molaetseng o

Moporesidente Monson o re biletsa go “tsaya tshweetso e e tlhomamisegang, ebile e nitame go tsisa Keresete mo matshelong a rona le mo malwapeng a rona.” Nna le puisanyo le bao o ba rutang ka fa baka dirang tshwetso e e tlhomameng ka bonosi le ka malwapa. O ka ba kopa go akanya ka bangwe kgotsa malwapa a baka a direlang le go a etela Keresemose e. “Gona le nako ye o ka thusang ka yone mo ngwageng e, pelo e e lorato, le mowa wa neelano.”

Gatisa