2016
Bopilwe mo Setshwanong sa Modimo
Mopitlo 2016


Molaetsa wa Thuto ya Ketelo, Mopitlo 2016

Bopilwe mo Setshwanong sa Modimo

Ka thapelo ithute tiriso e mme o senke go itse gore o ka abelana eng. Go tlhaloganya “Lelwapa: Kanamiso go Lefatshe” go ka oketsa tumelo ya gago mo Modimong le go segofatsa bao o ba tlhokometseng ka thuto ya ketelo jang? Go bona molaetsa ka botlalo, etela reliefsociety.lds.org.

Setshwantsho
Kano ya Mokgatlho wa Thuso

Tumelo, Lelwapa, Thuso

“Mme Modimo a re, A re dire motho mo setshwanong sa rona, morago ga sebopego sa rona. …

Jalo Modimo a bopa motho mo setshwanong sa gagwe, mo setshwanong sa Modimo a ba bopa; monna le mosadi bone a ba bopa” (Genesise 1:26–27).

Modimo ke Rara wa rona wa Legodimo, ebile o re bopile mo setshwanong sa Gagwe. Ka boammaaruri jo, Moporesidente Thomas S. Monson a re: “Modimo Rara wa rona o nale ditsebe tseo di reetsang dithapelo tsa rona. O na le matlho ao a bonang ditiro tsa rona. O na le molomo o a buang le rona ka o ne. O na le pelo eo a utlwang bo pelotlhomogi le lorato. O nnete. O a tshela. Re bana ba gagwe ba ba dirilweng mo setshwanong sa gagwe. Re lebega jaaka ene le ene o lebega jaaka rona.”1

“Baitshepi ba Malatsi a Bofelo ba bona batho botlhe jaaka bana ba Modimo mo tlhaloganyong e tletseng ebile e feletse; ba tsaya motho mongwe le mongwe ele wa ntlha wa selegodimo, tlholego, le bokgoni.”2 Mogwe le mongwe ke “moratwa wa morwa le morwadie wa semowa wa batsadi ba legodimo.”3

“[Moporofiti] Joseph Smith le gone o ithutile gore Modimo o eletsa gore bana ba Gagwe ba amogela go godisetswa kgalalelo ga go nna teng ga mo go tswanang moo re leng ba tsayakarolo.”4 Jaaka Modimo a buile, “Gonne bonang, se ke tiro ya me le kgalalelo ya me—go tsisa go diragatsa bosasweng le botshelo jo bosakhutleng jwa motho.” (Moses 1:39).

Dikwalo tse di boitshepo tse di tlaleletsang

Genesise 1:26–27; 1 Bakorinta 3:17; Doctrine and Covenants 130:1

Gotsweng Dikwalong tse di boitshepo

Mokaulengwe wa ga Jerete mo Bukeng ya ga Momone o ne a batla tsela ya go tshuba dikepe tse di borobabongwe tse di agilweng go tshedisa Bajeredaetse go kgabaganya metsi go ya lefatsheng la tsholofetso. O ne “mme o ne a nyerisa go tswa mo lefikeng matlapa a mannye a le lesome le borataro”mme a rapela gore Modimo a “kgome matlapa a” ka monwana wa Gagwe “gore a ka phatsima mo lefifing.” Mme Modimo “a otlolola letsogo la gagwe mme a kgoma matlapa ka bongwe ka bongwe.” Sesiro sa tsewa gotswa mo matlhong a mokaulengwe wa ga Jaerete, mme “a bona monwana wa Morena; mme e ne e le monwana wa motho. …

“Mme Morena a re go ene: A o dumela mafoko ao Ke tlaa a buang?

“Mme a araba: Ee, Morena.”

Mme “Morena a iponatsa go [mokaulengwe wa ga Jerete]” mme a re, “A o bona gore lo bopilwe mo setshwanong sa me? Ee, batho botlhe ba bopilwe mo tshimologong morago ga setshwano sa me.” (Bona Ethere 3:1–17.

Dintlha

  1. Thomas S. Monson, “I Know That My Redeemer Lives,” in Conference Report, Apr. 1966, 63.

  2. Setlhogo sa Efangele, “Becoming Like God,” topics.lds.org; le gone bona Moshe 7:31–37.

  3. “The Family: A Proclamation to the World,” Liahona, Nov. 2010, 129.

  4. Setlhogo sa Efangele, “Becoming Like God,” topics.lds.org; le gone bona Teachings of Presidents of the Church: Joseph Smith (2007), 221.

Akanyetsa Se

Go itse gore motho mongwe le mongwe o bopilwe mo setshwanong sa Modimo go re thusa jang mo botsalanong jwa rona?

Gatisa