2016
Ithute mo go Nna
Mopitlo 2016


Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha, Mopitlo 2016

“Ithute mo go Nna”

Mo Kerekeng ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo, rotlhe re baruti ebile rotlhe re baithuti. Go botlhe go tla taletso gotswa go Morena wa rona: “Ithute mo go Nna … mme lo tlaa bona boikhutso go mewa ya lona.”1

Ke laletsa Baitshepi botlhe ba Malatsi a Bofelo go tlhatlhanya maiteko a bone a go ruta le go ithuta le go lebelela Mmoloki jaaka Mokaedi mo go direng jalo. Re a itse se gore “moruti o tswa kwa Modimong”2 o ne a feta go menagane moruti fela. Ene yoo a re rutileng go rata Morena Modimo wa rona ka dipelo tsa rona tsotlhe, mewa ya rona yotlhe, nonofo yotlhe ya rona, le ditlhaloganyo tsotlhe tsa rona, le go rata beng ka rona jaaka re ithata, ke Morena wa Baruti le Sekao sa botshelo jo boitekanetseng.

Ke Ene yo a neng a bolela: “Tlayang, lo ntshaleng morago.”3 “Ke lo beetse sekao.”4

Fa Ese fela Le Sokologa

Jeso o ne a ruta boammaruri jo bo motlhofo mme bo le bokete jaaka bo gatisitswe mo go Mathaio. Morago ga Ene le barutwa ba ga Gagwe ba sena go fologelela mo Thabeng ya Phetolo Mmele, ba itapolosa kwa Galalea mme ba ya kwa Kaperenama. Mme koo barutwana ba tla go Jeso, ba botsa:

“Ke ofeng yo o mogolo mo bogosing jwa legodimo?

“Mme Jeso a biletsa ngwana yo monnye go ene, mme a mmaya mogare ga bone,

“Mme a re, Ammaaruri Ke a lo raya, Fa e se fela lo sokologa, mme le ne jaaka bana ba banyenyane, ga lo ka ke la tsena ka bogosi jwa legodimo.”5

Mo Kerekeng, maikaelelo a go ruta efangele ga se go tshela molaetsa mo ditlhaloganyong tsa Bana ba Modimo, le gone mo lapeng, mo phaposeng ya borutelo, kgotsa mo lefelo la boanamiso efangele. Ga se go supa ka fa motsadi, moruti, kgotsa moanamisa efangele a itseng ka teng. Gongwe go oketsa fela kitso ka ga Mmoloki le Kereke ya Gagwe.

Maikaelelo a botlhokwa a go ruta ke go thusa barwa le barwadie ba Rara yoo kwa Legodimong go boela go ponalong ya gagwe le go itumelela botshelo jo bosakhutleng le Ene. Go dira se, go ruta efangele go tshwanetse go ba kgothaletsa go tsamaya mo tseleng ya tsatsi le letsatsi ya borutwana le ya dikgolagano tse di boitshepo. Maitlamo ke go rotloetsa batho ka bong go akanya ka, go ikutlwa ka, le go dira sengwe ka go tshela melawana ya efangele. Ntlha ke go tlhabolola tumelo mo go Morena Jeso Keresete le go sokologela go efangele ya gagwe.

Go ruta mo go segofatsang le go sokolola le go boloka ke go ruta mo go etsang sekao sa Mmoloki. Baruti bao ba etsang sekao sa Mmoloki ba rata bao ba ba rutang le go direla bao ba ba rutang. Ba rotloetsa bareetsi ba bone ka dithuto tsa bosakhutleng tsa boammaaruri jwa selegodimo. Ba tshela matshelo a boleng jo bo eletsegang.

Rata le go Direla

Bodiredi jotlhe jwa Mmoloki bo supile sekao sa lorato lwa mong ka wena. Ka nnete, Lorato lwa Gagwe le tirelo ka metlha e ne e le thuto ya Gagwe. Mo go tshwanang, baruti bao Ke ba gakologelwang thata ke baruti bao ba itseng, ba ratile le go kgathala ka baithuti ba bone. Ba batlile nku e e latlhegileng. Ba rutile dithuto tsa botshelo tseo ka metlha Ke tlaa di gakologelwa.

Mongwe wa baruti bao ke Lucy Gertsch. O ne a itse mongwe le mongwe wa baithuti ba gagwe. O ne a ka se tlodise go leletsa bao ba sa bonalang ka Sontaga kgotsa bao ba neng ba sa tleng. Re ne re itse fa a kgathala ka rona. Ga go ope wa rona yoo a kileng a mo lebala kgotsa dithuto tse a di re rutileng.

Dingwaga tse dintsi moragonyana, fa Lucy a atumalana le bokhutlo jwa botshelo jwa gagwe, Ke ne ka mo etela. Re ne ra ikgakolola mabapi le matsatsi ao a fitileng pele fa ene e le moruti wa rona. Re ne ra bua ka mongwe le mongwe wa tlelase ya rona le go buisana ka seo mongwe le mongwe a se dirang. Lorato la gagwe le go kgathala go itshupile ka nako yotlhe ya botshelo.

Ke rata taelo ya Morena eo e bonwang mo Doctrine and Covenants:

“Ke lo neela taelo gore lo rutane dithuto tsa bogosi.

“Ruta ka tlhagafalo mme letlhogonolo la me le tlaa nna le lona.”6

Lucy Getsch o rutile ka tlhagafalo ka ntlha ya gore o ratile mo go tsepameng.

A fa Tsholofelo le Boammaaruri

Moaposetolo Petere a gakolola, “Nna o iketleeditse ka metlha go neela karabo go monna mongwe le mongwe yo o go botsang lebaka la tsholofelo e e mo go wena.”7

Ka gongwe tsholofelo e kgolobogolo eo moruti a ka e fang ke tsholofelo e e bonwang mo boammaruring jwa efangele ya ga Jeso Keresete.

“Mme ke eng seo o tlaa se solofelang?” Momone a botsa. “Bonang Ka re go lona gore lo tlaa nna le tsholofelo ka tefo ya ga Keresete le thata ya tsogo ya gagwe, go tsoswa go botshelo jo bosakhutleng, mme se ka ntlha ya tumelo ya lona mo go ene.”8

Baruti, tsholetsang mantswe a lona mme lo pakeng go boammaaruri jwa tlholego ya bo Modimo-mogolo. Bolela bosupi jwa gago mabapi le Buka ya ga Momone. Buisana ka boammaaruri jo bo galalelang ebile bo le bontle jo bo leng mo thulaganyong ya pholoso. Dirisa di dirisiwa tse di letleletsweng tsa Kereke, bo golo jang dikwalo tse di boitshepo, go ruta boammaaruri jwa efangele ya puseletso ya ga Jeso Keresete ka boitsheko le motlhofo. Gakologelwa taelo ya Mmoloki ya go “senka dikwalo tse di boitshepo; gonne mo go tsone o akanya o na le botshelo jo bosakhutleng: mme ke tsone tseo di pakang ka nna.”9

Thusa bana ba Modimo go tlhaloganya seo se tlhwaafetseng le se se botlhokwa mo botshelong. Ba thuse go tlhabolola nonofo go itlhophela tsela eo e tlaa ba tshegetsang ba sireletsegile mo tseleng ya botshelo jo bosakhutleng.

Ruta boammaaruri, mme Moya o o Boitshepo o tlaa go thusa mo matsapeng a gago.

“Ithute mo go Nna”

Ka ntlha ya gore Jeso Keresete o ne a obamela mo go itekanetseng le go ineela go Rara wa Gagwe, O ne a “oketsegelwa ke botlhale le sebopego le boitlhophelo le Modimo le batho.”10 A re na le maikaelelo a go dira mo go tshwanang? Fela jaaka Jeso “a amogetse letlhogonolo go letlhogonolo,”11 re tshwanetse go itshokela le go tswelela ka bonokopila re batla lesedi le kitso go tswa Modimong mo matsapeng a rona go ithuta efangele.

Go reetsa ke karolo nngwe e e botlhokwa ya go ithuta. Fa re ipaakanyetsa go rutwa, re rapelela go batla tlhotlheletso le tlhomamiso go tswa go Moya o o Boitshepo. Re a tlhatlhanya, re a rapela, re diragatsa dithuto tsa efangele, ebile re batla thato ya ga Rara go rona.12

Jeso “o rutile … dilo tse dintsi ka tshwantshiso,”13 tseo di batlang ditsebe go reetsa, matlho go bona, le dipelo go tlhaloganya. Jaaka re tshela go itekanela semoweng, re ka kgona go utlwa botoka tlhotlheletso ya Moya o o Boitshepo, o o ka re “rutang dilo tsotlhe, le go tsisa dilo tsotlhe go kgakologelo ya [rona].”14

Fa re diragatsa taletso ya Morena ka tshisibalo, “Ithute mo go Nna,” re nna batsayakarolo mo thateng ya Gagwe ya selegodimo. A re, mme jalo, reye pele mo moweng wa kobamelo, re sale morago Sekao sa rona ka go ruta jaaka Ene a kare re rute le go ithuta jaaka Ene a kare re ithute.

Go ruta go tswa Molaetseng o

Moporesident Monson o re laletsa go “tlhatlhanya matsapa a [rona] a go ruta le go ithuta le go lebelela go Mmoloki jaaka Mokaedi wa rona mo go direng jalo.” O ka akanya ka fa lo ka senkang mo dikwalong tse di boitshepo le bao o ba etelang go batla ditiragalo le ditselana tseo Jeso Keresete a rutileng le go ithuta. O ka simolola ka dingwe tsa dikwalo tse di boitshepo tse Moporesidente Monson a di nankotseng, jaaka Mathaio 11:29, Johane 5:30, and Mareko 4:2. Lo ka buisana ka fa seo lo se ithutileng ka ga Keresete se ka lo thusang “go nna batsayakarolo ba thata ya Gagwe ya selegodimo.”

Gatisa