2016
Maitshenkelo
Motsheganang 2016


Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha, Motsheganong 2016

Maitshenkelo

A go ya go ileng re itshenkele mo go siameng go le thata go na le mo go phoso go le motlhofo.

Bakaulengwe, pele fa ke simolola molaetsa wa me gompieno, Ke tlaa rata go itsise ditempele tse nne tse disha tseo, mo dikgweding tse di tlang le dingwaga, di tlaa agiwang mo mafelong a a latelang: Quito, Ecuador; Harare, Zimbabwe; Belém, Brazil; le tempele ya bobedi mo Lima, Peru.

Fa Ke ne ke nna leloko la Khoramo ya Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi ka 1963, go ne go na le ditempele tse di dirang di le 12 mo Kerekeng yotlhe. Ka tshwaelo ya Temepele ya Provo City Center beke tse pedi tse di fitileng, jaanong go na le ditempele tse 150 tse di dirang lefatshe ka bophara. Re lebogela jang ditshegofatso tse re di amogelang mo matlong a a boitshepo a.

Jaanong, bakaulengwe, Ke eletsa go itsise tlhaloganyo ya me ya malebogo le lobaka la go abelana megopolo e se kae le lona maphekela ano.

Ke ntse ke akanya bosheng ka maitshenkelo. Go builwe gore lobati la ditso le bulega mo digokelong tse dinnyenyane, le o ne matshelo a batho. Maitshenkelo a re a dirang a tlhoma bowelo jwa rona.

Fa re tlogela go nna teng ga rona ga pele le go tsena mo go sweng, re tlile ka mpho ya go itlhophela. Boikaelelo jwa rona ke go amogela kgalalelo ya selesetiale, e bile maitshenkelo a re a dirang a tlaa, mo karolong e tona, a tlhome gore kgotsa nnyaa re tlaa fitlhelela boikaelelo jwa rona.

Bontsi jwa lona lo itse buka e etlhophegileng ka Alice mo Lewis Carroll Bogatlhamela masisi jwa ga Alice mo Wonderland. Lo tlaa gakologelwa gore o ne a goroga go marakanelo a ditsela go le mmila e mebedi fa pele ga gagwe, mongwe le mongwe o otlologetse go ya pele mme mo dintlheng tse di farologaneng. Jaaka a akanya tsela e a tlaa e tsayang, a latelwa ke Katse ya Cheshire, eo Alice a e botsa, “Ke ka sala mmila ofe morago?”

Katse ya araba, “Moo go tswa fela gore o batla go ya kae. Fa o sa itse kwa o batlang go ya teng, ga go reye sepe ka mmila e o tlaa e tsayang.”1

E seng jaaka Alice, re itse kwa re batlang go ya teng, e bile ga go reye sepe ka tsela e re e yang, gonne mmila e re e salang morago mo botshelong jo ke e e isang kwa re yang gone mo botshelong jo bo latelang.

A re tlhopheng go aga mo go rona tumelo e kgolo le thata e e tlaa nnang phemelo e e tlhaga kgatlhanong le togamaano ya moganetsi—tumelo e tlhwaafetseng, tumelo e ka yone e tlaa re etleetsang le go oketsa keletso ya rona go itshenkela mo go siameng. E seng ka tumelo eo, ga reye gope. Ka yone, re ka fitlhelela boikaelelo jwa rona.

Le ntswa gole botlhokwa gore re itshenkela ka botlhale, go na le dinako fa re tlaa dira maitshenkelo a boeleele. Mpho ya boikwatlhao, e e neetsweng ka Mmoloki wa rona, e re kgonisa go baakanya thulaganyo ya motlhala wa rona,gore re boele go mmila o o tlaa re isang kwa kgalalelo ya selesetiale e re e batlang.

A re tshegetseng bopelokgale go ganetsa tumalano. A ka metlha re itshenkele mo go siameng go le thata go na le mo go phoso go le motlhofo.

Jaaka re gopola ditshwetso tse re di dirang mo matshelong a rona tsatsi le letsatsi—gongwe go dira boitshenkelo jo kgotsa boitshenkelo jona—fa re itshenkela Keresete, re tlaabo re dirile boitshenkelo jo bo siameng

Gore sena ka metlha se ka nna jalo ke thapelo ya maikutlo a pelo le boikokobetso mo leineng la ga Jeso Keresete, Morena le Mmoloki, amene.

Ntlha

  1. Adapted from Lewis Carroll, Alice’s Adventures in Wonderland (1898), 89.

Gatisa