Molaetsa wa Ketelo, Motsheganong 2016.
O Tlaa go Baya mo Magetleng a Gagwe mme A go Sikarela Gae
Fela jaaka Modisa o o Molemo a bona dinku tsa Gagwe tse di latlhegileng, fa fela o tsholeletsa pelo ya gago go Mmoloki wa lefatshe, O tlaa go bona
Nngwe ya dikgopodiso tsa go gola ga bongwana jwame di simolola ka go goa mo go kgakala ga saerine mophefong e e neng e ntsosa mo borokong. Pele ga lobakanyana, modumo o mongwe, go tlhodia le go duma ga difofane, ka bonya ka bonya go oketsega go fitlha go roromisa le yone phefo. Ke katisitswe sentle ke mmaarona, ngwana mongwe le mongwe o ne a phamola kgetsi le go sianela kwa godimo ga lentswe go tshireletso ya bomo. Jaaka re itlhaganela mo lefifing le le kitlaneng bosigo, matswao a go sha a a botala le bosweu a ne a wa go tswa kwa marung go supa go fitlhelela ga badirisa dibomo. Mo go gakgamatsang, mongwe le mongwe o ne a bitsa matshwao a go sha ditlhare tsa Keresemose.
Ke dingwana tse nne, e bile Ke mosupi wa ntwa ya lefatshe.
Dresden
E seng kgakala go tswa kwa lelwapa lame le neng le le teng e ne e le toropo ya Dresden. Bao ba neng ba nna teng ba bone gongwe ga sekete seo Ke se boneng. Molelo o mogolo wa leru, o dirwa ke dikete tsa ditone tsa diphatlakanyi, di laila mo Dresden, di senya go feta diperesentetse tse 90 tsa toropo le go tlogela go le go nnye mme makgarakgachana le molora
Mo nakong e khutshwane, toropo eo go le gale e neng e teeletswe ka “Jewel Box” e ne e seo. Erich Kästner, mokwadi wa mo Jeremane, o ne a kwala ka tshenyego, “Mo dinwageng tsa sekete bontle jwa gagwe bone bo agilwe, mo bosigong bo le bongwe o ne a senngwa gotlhelele.”1 Nako ya bonana jwame Ke ne ke sa gopole ka fa tshenyego ya ntwa ya batho ba ga rona ba e simolotseng e ka fenngwa. Lefatshe go dikologa le ne le bonala gotlhele le sena tsholofelo e bile le sena lobaka lo lo tlang.
Ngwaga e e fitileng Ke ne ka nna le sebaka sa go boela ko Dresden. Ngwaga tse masome a supa morago ga ntwa, gangwe le gape, ke “Jewel Box” ya toropo. Masalela a ntshitswe, e bile toropo e buseleditswe le gone e tokafaditswe.
Nako ya go lekola ga me Ke bone Kereke ya Lutere e ntle Frauenkirche, Kereke ya Mohumagadi wa Rona. Lantlha e agilwe mo go bo 1700, e ne e le nngwe ya letlotlo le le phatsimang la Dresden, mme ntwa ya e fokotsa go nna makgarakgachana. Dingwaga tse dintsi e ne e ntse jalo, go fitlha la bofelo e tlhomiwa gore Frauenkircheo tlaa agiwa
Matlapa go tswa mo tshenyegong ya kereke a ne a beilwe le go tshegediwa e bile, fa go kgonega,a ne a dirisiwa mo go e ageng gape. Gompieno o kgona go bona matlapa a a sheleng a ipadile kwa ntle ga dipota. “Mabadi” ano ga se fela kgakololo ya ditso tsa ntwa ya kago eno mme gape se fikantswe sa tsholofelo—sesupo se se gakgamatsang sa bokgoni jwa motho go bopa botshelo jo bosha go tswa mo moloreng.
Jaaka Ke tlhatlhanya ditso tsa Dresden le go gakgamalela botsetseleko le boikaelelo jwa bao ba buseditseng seo se neng gotlhelele se senyegile, Ke ne ka utlwa tlhotlheletso e ntle ya Moya o o Boitshepo. Ka nnete, Ka akanya, fa motho a ka tsaya makgasa, makgarakgachana, le masalela a toropo e e thubegileng le go agiwa ga kago e e tlhotlheletsang e namatsha e e tlhatlhogileng go ya magodimong, go ka kgonega mo go kana kang mo Rara Mothataotlhe a ka go buseletsang go bana ba Gagwe ba ba weleng, basokola, kgotsa ba latlhegile?
Ga go reye sepe go re go senyega ga matshelo a rona go ntse jang. Ga gore reye sepe go re bohibidu jwa dibe tsa rona bo ntse jang, bogalaka bo bo teng jo bo ntseng jang, ese mo gontseng jang, tlogetse kgotsa go thubega dipelo mo go ntseng jang. Le eleng bao ba senang tsholofelo, ba ba tshelang ka go ngomoga pelo, ba ba raetsweng go tlhoka tshepo, ba ineetse mo thokgamong, kgotsa ba fetogetse Modimo ba ka agiwa sesha. Fa e se fela ba se kae barwa tatlhego, ga gona botshelo bope jo bo senyegileng jo bo ka se buselediweng.
Dikgang tsa boipelo tsa efangele ke tse: ka ntlha ya thulaganyo ya bosakhutleng ya boitumelo e e neetsweng ke Rara wa rona wa Legodimo le ka setlhabelo sa bosafeleng sa ga Jeso Keresete, ga re kake fela ra rekololwa go tswa mo seemong sa rona sa go wa le go buseletswa mo go itshenkeleng, mme gape gopola go feta botshelo jwa rona jwa go swa le go nna barua boswa ba botshelo jo bo sa khutleng le batlhakanedi ba Modimo mo kgalalelo e e ka se tlhalosweng.
Setshwantsho sa Nku e e Latlhegileng
Nako ya bodiredi jwa Mmoloki, baeteledipele ba bodumedi jwa letsatsi la Gagwe ba ne ba sa dumalane le Jeso a tsaya nako le batho ba ba bitsang “baleofi.”
Gongwe go bone gone go lebega ekete O ne a letlelela kgotsa le eleng go leseletsa boitsholo jwa boleofi. Gongwe ba ne ba dumela gore tsela ee siameng ya go thusa baleofi go ikwatlhaya e ne e le go ba sekisa, go basotla, go ba tlhabisa ditlhong.
Fa Mmoloki a lemoga seo Bafasarai le bakwadi ba se akantseng, Abolela polelo:
“Ke ofe monna mo go lona, yo o nang le dinku di le lekgolo, e re go latlhegelwa ke ele nngwe, a seke a tlogele tse masome a robang bongwe le borobabongwe mo sekgweng, mme a latele ee latlhegileng, go filthela a e bona?
Mme fa a sena go e bona, a e sikare mo magetleng a gagwe, a itumetse.”2
Go yeng ka makgolo a dingwaga, setshwantsho se se ne se tlhaloswa jaaka pitso go dira go tlisa gape nku e latlhegileng le go otlologela go bao ba latlhegileng. Le ntswa seo se tshwanetse e bile se le molemo, Ke ipotsa fa go na le mo gontsi mo go sone.
A go a kgonega gore maikaelelo a ga Jeso, lantlha le mo gogolo, a e ne e le go ruta ka tiro ya Modisa yo o Molemo?
A go a kgonega gore O ne a fa bopaki ka Lorato la Modimo go bana ba gagwe ba ba duleng mo tseleng?
Go a kgonega gore molaetsa wa ga Mmoloki e ne e le wa gore Modimo ka botlalo o etse tlhoko bao ba latlhegileng—le gore o tlaa ba bona, O tlaa otlogela go bone, le gore a o tlaa ba namola?
Fa go ntse jalo, dinku di tshwanetse go dira eng go fitlhelela thuso ya selegodimo?
A dinku di tlhoka go itse gore go dirisiwa tsa boranyane jo bothata go balelela dintlha? A e tlhoka go kgona go dirisa GPS go tlhalosa lefelo? A e tshwanelwa ke go nna le dikitso go bopa tsa seranyane tse di tlaa bitsang thuso? A dinku di tlhoka go rurifalediwa ke ba dithuso pele ga Modisa yo o Molemo a tla go di thusa?
Nyaa. E seng jalo! Dinku di tshwanelwa ke thuso ya selegodimo fela ka ntlha ya go ratwa ke Modisa yo o Molemo.
Mo go nna, setshwantsho sa nku e e latlhegileng ke nngwe ya se segolo se se fang tsholofelo mo go tsotlhe dikarolo tsa lokwalo lo lo boitshepo.
Mmoloki wa rona, Modisa yo o Molemo, wa re itse le go re rata. O a go itse e bile wa go rata.
O a itse fa o latlhegile, e bile O itse kwa o teng. O itse bohutsana jwa gago. Dikopo tsa gago tsa tidimalo. Poifo tsa gago, Dikeledi tsa gago
Ga go gore sepe go re o latlhegile jang—kante ka ntlha ya go itshenkela ga gago mo go bokowa kgotsa ka ntlha ya diemo tse di fitileng go di laola ga gago.
Se se botlhokwa ke gore o ngwana wa Gagwe. E bile wa go rata O rata bana ba Gagwe.
Ka ntlha ya gore wa go rata, O tlaa go senka O tlaa go sikara mo magetleng a Gagwe, a itumetse Mme fa a go tlisa gae, O tlaa re go mongwe le botlhe, “Itumeleng le nna, gonne Ke bone nku ya me e e neng e latlhegile.”3
Re Tshwanetse go Dira Eng?
Mme, o ka tswa o akanya, maikarabelo ame ke eng? Ka nnete Ke tshwanetse ke go dira mo gontsi go na le fela go emela go thusiwa.
Le ntswa Rara wa rona o o lorato a eletsa gore botlhe bana ba Gagwe ba boele go Ene, Ga a kake a pateletsa ope go ya legodimong.4 Modimo a ka se re thuse e se go rata ga rona.
Jalo re tshwanetse re direng?
Taletso ya Gagwe e motlhofo.
“Boela … go nna.”5
“Tlaa go nna”6
“Atumalanang le nna le Nna ke tlaa atumalana le lona.”7
Seo ke fa re mo supegetsang gore re batla go thusiwa.
Go tlhoka tumelo e nnyenyane. Mme o seka wa ngomoga pelo. Fao ka seka wa ikgobokanyetsa tumelo jaanong, simolola ka tsholofelo.
Fa o ka seka wa re o itse gore Modimo o teng, o ka solofela gore O teng. O ka eletsa go dumela.8 Seo se lekanye go simolola.
Jalo, go diragatsa tsholofelo, ya go Rara wa Legodimo. Modimo o tlaa atolosa lorato la Gagwe go wena, le tiro ya Gagwe ya go namola le go fetoga go tlaa simolola.
Fa nako e tsamaya, o tlaa lemoga seatla sa Gagwe mo botshelong jwa gago. O tlaa utlwa lorato la Gagwe. Le keletso ya go tsamaya mo leseding la Gagwe le go sala morago tsela ya Gagwe go tlaa gola le kgato nngwe le nngwe ya tumelo e o e tsayang.
Re bitsa dikgato tse tsa tumelo. “go obamela.”
Se ga se lefoko le le tlhwaelesegileng malatsing a. Mme go obamela ke ntlha e e tumedisang mo efangeleng ya ga Jeso Keresete ka gonne re a itse gore “ka Tefo ya ga Keresete, batho botlhe ba ka bolokwa, ka go obamela melao le ditlhomo tsa Efangele.9
Jaaka fa re oketsa tumelo, le gone re tshwanetse go oketsa boikanyego. Go le pele Ke nankotse mokwadi wa mo Jeremane yoo hutsafaletseng tshenyego ya Dresden. O ne a kwala seele “EsgibtnichtsGutes, ausser: Man tut es.” Go bao ba sa bueng puo ya selesetiale seno se ranolwa jaaka “Ga gona sepe se se molemo fa e se o se dirang.”10
Nna le Wena re ka bua mo go ntle thata ka dilo tsa semowa. Re ka tlanyetsa batho ka botlhale jwa rona jwa go tlhalosa setlhogo sa bodumedi Re ka bua mo gokgethegileng ka bodumedi le “toro ya manno a [rona]kwa godimo.”11 Mme fa tumelo ya rona e sa fetole tsela e re tshelang ka yone—fa tumelo ya rona e sa fetole maikutlo a ditshwetso tsa rona tsa letsatsi—bodumedi jwa rona bolefela, le tumelo ya rona, fa e saswa, gotlhelele ga go a siama e bile e mo kotsing ya go swa.12
Go obamela ke botshelo jwa madi a tumelo Ke ka go obamela gore re kgobokanyetsa lesedi mo meweng ya rona.
Mme nako tse dingwe ke akanya gore ga re tlhaloganye go obamela. Re ka bona go obamela jaaka bokhutlo, go na le tsela ya bokhutlo. Kgotsa re ka thuga tshwantshiso ya hamole ya go obamela kgatlhanong letshipi ya ditaelo mo go diragatseng bao re ba ratang,ka go tswelela re fisa le go boeletsa go betla, mo go boitshepo, kgang tsa selegodimo.
Ga go pelaelo ka gone, go na le dinako tse re tlhokang pitso ya boikwatlhao e e tlhwaafetseng. Ka nnete, go na le bangwe ba ba fitlheletsweng fela ka mokgwa o.
Mme gongwe go na le tshwantshiso e e ka tlhalosang gore ka goreng re obamela ditaelo tsa Modimo. Ka gongwe go obamela ga se fela tsamaiso ya go kona, go soka le go thuga mewa ya rona mo sengweng se re seng sone. Le fa gontse jalo tsamaiso e re lemogang se ka boammaaruri re dirilweng ka sone.
Re bopilwe ke Modimo Mothatayotlhe. Ke Rara wa rona wa Legodimo. Re bana ba Gagwe ba mowa. Re dirilwe ka sedirisiwa se se golo se se ntle thata e bile se kgethegile, mme jalo re tshotse mo go rona sedirisiwa sa selegodimo.
Fano mo lefatsheng, le fa go ntse jalo, dikakanyo tsa rona le ditiro diimelwa ke seo se leswafetseng, se se boitshepo, mme se sa itsheka. Lerole le makgapha a lefatshe a kgamathetsa mewa ya rona, di dira thata go lemoga le go gakologelwa tshiamelo ya botsalwa le maikaelelo.
Mme tsena tsotlhe ga di kake tsa fetola ba re leng bone. Motheo wa selegodimo wa tlholego o sala o ntse fela. E bile nako fa boitshenkelo bo tlisa dipelo tsa rona go Mmoloki o o rategang le go baya dikgato mo mmileng wa borutwana, sengwe se se gakgamatsang se a diragala. Lorato la Modimo le tlatsa dipelo tsa rona, lesedi la boammaaruri le tlatsa ditlhaloganyo tsa rona re simolola go latlhegelwa ke keletso ya go dira sebe, e bile ga re batle go tsamayagotlhelele mo lefifing.13
Re tla mo go boneng go obamela e se kotlhao mme tsela ya go fitlhelela go bowelo jwa selegodimo. Mme ka bonya ka bonya, sebodu, lerole le dilekanyetso tsa lefatshe le di simolole go wela kwa. Kgabagare, mo go senang tlhwatlhwa,moya wa bo sa khutleng wa beng ba legodimo mo go rona bo senolwe, mme tebego ya bomolemo e nne tlholego ya rona
O Tshwanetswe Ke go Namolwa
Bakaulengwe le bokgaitsadi bame, ditsala tsa me, Ke fa bopaki gore Modimo o re bona jaaka ka boammaaruri re ntse—e bile O re bona re tshwanetswe ke go namolwa.
O ka utlwa gore botshelo jwa gago ke makgasa. O ka tswa o leofile. O ka tswa o boifa, o le bogale, hutsafetse, kgotsa tlhokofadiwa ke pelaelo Mme jaaka Modisa o o Molemo a senka dinku tsa Gagwe tse di latlhegileng, fa fela o ka tsholeletsa pelo ya gago go Mmoloki wa lefatshe, O tlaa go bona.
O tlaa go namola.
O tlaa go tsholetsa le go go baya mo magetleng a Gagwe
O tlaa go kukela gae.
Fa diatla tsa senama di fetola makgarakgachana le makgasa mo bontleng jwa ntlo ya kobamelo,re ka nna le boikanyego le tshepo ya gore Rara wa rona yo o re ratang wa Legodimo o kgona le go re aga sesha. Thulaganyo ya Gagwe ke go re aga mo sengweng se se fetang mo go golo jaaka re ne re ntse—mo go fetang thata mo re ka go akanyang Ka kgato nngwe le ngwe ya tumelo mo tseleng ya borutwana, re gola mo bong jwa kgalalelo ya bosakhutleng le boitumelo jwa bosafeleng jo re diretsweng go nna bone.
Seno ke bopaki jwame, tshegofatso yame le thapelo yame ya boikokobetso mo leineng le le boitshepo la Mong wa rona, mo leineng la ga Jeso Keresete, amene.
© 2016 by Intellectual Reserve, Inc. All rights reserved. E gatisitswe mo USA. Tetla ya Sekgoa: 6/15. Tetla ya Thanolo: 6/15. Thanolo ya boVisiting Teaching Message, May 2016. Setswana. 12865 763