2016
Rara wa rona, Motlhatlheledi wa rona
Seetebosigo 2016


Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha, Seetebosigo 2016

Rara wa rona, Motlhatlheledi wa rona

Ao kile wa bula bokoso ya dikarolo, wa goga ditaelo tse di di agang, mme wa akanya, Se ga se fe tlhaloganyo gotlhelele”?

Nako tse dingwe, go sa kgathalesege maikaelelo le matlhagatlhaga a rona a siameng, re goga karolo mme re botse, “Se ke sa eng?” kgotsa “Se se lekana jang?”

Matshwenyego a rona a gola fa re leba bokoso le go lemoga molaetsa o o latolang o re, Go aga mo go tlhoka— dingwaga tse 8 le go ya kwa godimo.” Ka ntlha ya gore ga rena lesedi, seo jalo ga se godise thokgamo ya rona le boleng jwa rona.

Nako tse dingwe re na le maitemogelo a tshwanang ka efangele. Jaaka fa re lebelela nngwe ya karolo ya yone, re ka ingwaya ditlhogo le go gakgamalela gore karolo eo ke ya eng. Kgotsa jaaka fa re sekaseka nngwe ya karolo, re ka lemoga gore le gone morago ga go leka ka thata go tlhaloganya ka botlalo, ga re kgone go lemoga gore ke eng karolo eo e akareditswe.

Rara wa rona wa Legodimo Ke Motlhatlheledi wa Rona

Le fa gontse jalo, Rara wa rona wa Legodimo o re neetse ditaelo tse di gakgamatsang go rulaganya matshelo a rona le go dira gotlhe mo re ka go kgonang. Ditaelo tseo di dira go sa kgathalesege dingwaga tsa rona kgotsa seemo. O re neetse efangele le Kereke ya ga Jeso Keresete. O re neetse thulaganyo ya thekololo, thulaganyo ya pholoso, le eleng thulaganyo ya boitumelo. Ga a re tlogela rele esi mo go tsotlhe tse di sa itsegeng kgotsa dikgwetlho tsa botshelo, a re, “Fano a reye koo. Nna le lesego. Ichebachebele.”

Fa fela re nna pelotelele le go leba ka pelo e ikokobetsang le ka tlhaloganyo e e bulegileng, re tlaa lemoga gore Modimo o re neetse di dirisiwa tse dintsi go tlhaloganya botoka ditaelo tsa Gagwe tse di akaretsang boitumelo mo matshelong a rona.

  • O re neetse mpho e e senang tlhwatlhwa ya Moya o o Boitshepo, eo e nang le bokgoni go nna ya rona, morutuntshi wa legodimo jaaka re ithutuntsha lefoko la Modimo le go leka go tlisa megopolo ya rona le ditiro mo tlhamalalong le lefoko la Gagwe.

  • O re neetse phitlhelelo go Ene ya 24/7 ka dithapelo tsa tumelo le ditopo tsa maikaelelo a tlhwaafetseng.

  • O re neetse baaposetole le baporofiti ba malatsi ano, bao ba senolang lefoko la Modimo mo matsatsing a gompieno e bile ba na le taolo go bofa kgotsa go kana mo lefatsheng le kwa legodimong.

  • O buseditse Kereke ya Gagwe—mokgatlho wa badumedi bao ba dirang mmogo go thusanya jaaka fa ba direla pholoso ya bone ka poifo, baroroma, le boitumelo jo bo sa lekanyediweng.1

  • O re neetse dikwalo tse di boitshepo—lefoko la Gagwe le le kwadilweng.

  • O re neetse di dirisiwa tse dintsi tsa maranyane a sesha go re thusa mo go tsamaeng ga rona ga borutwana. Bontsi jwa di dirisiwa tse di gakgamatsang di ka bonwa kwa LDS.org.

Ke eng fa Rara wa rona wa Legodimo a re neetse thuso e e ntsi jaana? Ka ntlha ya gore wa re rata. Le ka ntlha ya gore, jaaka a buile ka Boene, “Se ke tiro yame le kgalalelo yame—go tlisa go diragatsa bosasweng le botshelo jo bosakhutleng jwa motho.”2

Ka mafoko a mangwe, Rara wa Legodimo ke Modimo wa rona, e bile Modimo ke motlhatlheledi wa rona.

Rara wa rona wa Legodimo o itse matlhoko a bana ba Gagwe go feta mongwe le mongwe. Ke tiro ya Gagwe le kgalalelo go tswelela a re thusa, a re neela di dirisiwa tse di gakgamatsang tsa senama le semowa go re thusa mo tseleng ya go boela go Ene.

Rre mongwe le mongwe Ke Motlhatlheledi

Mo nngweng ya dikarolo tsa lefatshe, borre ba tlotliwa ke malwapa le mokgatlho mo kgweding ya Seetebosigo. Go siame ka metlha go tlotlomatsa le go tlotla batsadi ba rona. Borre ba dira dilo tse dintsi tse di siameng go malwapa a bone e bile ba na le mekgwa e mentsi e e eletsegang. Ditiro tse pedi tse di botlhokwa tse di dirwang ke borre mo matshelong a bana ba bone ke go nna sekai le motlhatlheledi. Borre ba dira go feta go na le go bolelela bana ba bone se siameng le se se phoso; ba dira go feta go ba latlhelela buka ya dikaelo le go solofela gore ba ka ichebachebela mo botshelo ka bo bone.

Borre ba tlhatlhelela bana ba bone ba bantle le go ba supegetsa ka sekai sa bone tsela ya boikanyego ya botshelo e tshelwang ka teng. Borre ga ba tlogele bana ba bone ba le esi mme a itlhaganela go ba namola, ba ba thusa go ema ka maoto a bone fa ba kgojwa. Mme nako tse dingwe ke sengwe se se botlhale, fa borre ba letlelela bana ba bone go sokola, ba lemoga gore se e ka nna tsela nngwe e e siameng go ba letlelela gore ba ithute.

Rotlhe Re Batlhatlheledi

Le ntswa borre ba mo lefatsheng ba dira se go bana ba bone, mowa wa go tlhatlhelela ke sengwe seo re se tlhokang go se fa bana botlhe ba Modimo, go sa kgathalesege dingwaga, lefelo, kgotsa seemo. Gakologelwa, Bana ba Modimo ke bokgaitsadi le bokgaitsadio; rotlhe re ba lelwapa le le tshwanang la bosakhutleng.

Mo go akanyetseng se, a rotlhe re nne batlhatlheledi — re le tlhaga go atolosa le go thusanya go nna botoka. Ka ntlha ya gore re bana ba Modimo, re na le kgonagalo ya go nna jaaka Ene. Go rata Modimo le bangwe ka rona, go tshegetsa ditaelo tsa Modimo, le go sala morago sekai sa ga Keresete ke go tlhamalala, mo go sesane, le boitumelo jwa tsela e e boelang mo ponalong ya batsadi ba rona ba legodimo.

Fa Modimo wa lebopo a kgathala thata ka rona gore e nne motlhatlheledi wa rona, gongwe le rona re ka atologela go bangwe ka rona, gosa kgathalesege mmala, letso, itsholelo, diemo, puo, kgotsa bodumedi. A re nneng batlhatlheledi ba ba tlhotlheleditsweng le go segofatsa matshelo a ba bangwe—e seng fela a bana ba rona mme le gone botlhe bana ba Modimo go yeng mo lefatsheng.

Dithuto go tswa Molaetseng o

O ka simolola ka go botsa bao o ba rutang go akanya ka nako gore ke leng Rara wa Legodimo a ba tlhatlhelela. O ka ba botsa jalo go akanya mo go tshwanang ma gareng ga nako e le nako ya fa ba utlwa ba tlhatlhelelwa ke rre wa mo lefatsheng. Ba laletse go kwala mo go tshwanang ka fa ba tlhatlheletsweng ka teng. O ka ba gwetlha go leka go etsa selo se ba se kwadileng mo maitekong a bone a go nna sekai se se botoka go ba bangwe.

Gatisa