2016
Ditlhomo le Dikgolagano tsa Tempele
Seetebosigo 2016


Molaetsa wa Thuto ya Ketelo, Seetebosigo 2016

Ditlhomo le Dikgolagano tsa Tempele

Ka thapelo ithute tiriso e mme o senke go itse gore o ka abelana eng. Go tlhaloganya “The Family: A Proclamation to the World” go ka godisa tumelo yame mo Modimong jang le go segofatsa bao ke ba tlhokometseng ka thuto ya ketelo? Go bona molaetsa yo montsi, ya ko reliefsociety.lds.org

Setshwantsho
Kano ya Mokgatlho wa Thuso

Tumelo, Lelwapa, Thuso

Ditlhomo tsotlhe tse di botlhokwa go pholoso le kgalalelo ya bosakhutleng di patilwe ke dikgolagano tsa Modimo. “Go dira le go tshegetsa dikgolagano go raya go itlhophela go ipofa go Rara wa Legodimo le Jeso Keresete,” ga bua Linda K. Burton, moporesidente wa kakaretso wa Mokgatlho wa Thuso.1

Mogolwane Neil L. Andersen wa Khoramo ya Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi a re, Morena a re, ‘Mo ditlhomong … thata ya bomodimo ya itshupa.’

“Go na le ditshegofatso tse di kgethegileng go tswa go Modimo go mongwe le mongwe yo nang le tshwanelo ya go kolobediwa, a amogela Moya o o Boitshepo, le ka metlha a tsayakarolo ya sakaramente.”2

“Fa banna le basadi ba ya tempeleng, ga bua Mogolwane M. Russell Ballard wa Khoramo ya Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi, “botlhe ba humisiwa semowa ka thata e e tshwanang, e eleng thata ya boperesiti …

“… Banna botlhe le Basadi botlhe ba na le phitlhelelo ya thata eno go ba thusa mo matshelong a bone. Botlhe ba ba dirileng dikgolagano le Morena le bao ba tlotlomatsang dikgolagano tseo ba kgona go amogela tshenolo ya mong, go segofadiwa ka go direlwa ke baengele, go buisa le Modimo, go amogela efangele ka botlalo, le, kwa pheletsong, go nna ba rua boswa le Jeso Keresete go tsotlhe tse Rara wa rona a nang le tsone.3

Dikwalo tse di boitshepo tsa tlalaletso

1 Nephi 14:14; Doctrine and Covenants 25:13; 97:8; 109:22

Dipolelo tse di Tshelang

Ka 2007, matsatsi a mane morago ga thoromo ya lefatshe e bokete mo Peru, Mogolwane Marcus B. Nash wa ba ba Masome a Supa a kopana le moporesidente wa lekalana Wenceslao Conde le mosadi wa gagwe, Pamela. “Mogolwane Nash a botsa Kgaitsadi Conde gore bana ba gagwe ba bannye ba tsogile jang. Ka monyenyo, a fetola ka gore ka bosiami jwa Modimo botlhe ba ne ba sireletsegile e bile ba tsogile sentle. A botsa ka lelwapa la bo Conde.

“‘Le ile,’ a bua motlhofo.

“… ’Mme jalo,’ Mogolwane Nash a tshwaela, ‘o a nyena jaaka re bua.’

“’Ee,’ a re, Ke rapetse e bile ke na le kagiso. Re na le tsotlhe tse re di tlhokang. Re teng, re na le bana ba rona, re kannwe mo tempeleng, re na le Kereke e e gakgamatsang e, e bile re na le Morena. Re ka aga gape ka thuso ya Morena.’ …

“Ke eng ka go dira le go tshegetsa dikgolagano le Modimo seo se re neelang thata go nyenya mo mathateng, go fetola pitlagano go nna phenyo … ?”

“Motswedi ke Modimo. Phitlhelelo ya rona go thata eo ke ka dikgolagano tsa rona le Ene.”4

Dintlha

  1. Linda K. Burton, “Thata, Boitumelo, le Lorato lwa go Tshegetsa Kgolagano,” Liahona, Nov. 2013, 111.

  2. Neil L. Andersen, “Power in the Priesthood,” Liahona, Nov. 2013, 92.

  3. M. Russell Ballard, “Men and Women in the Work of the Lord,” Liahona, Apr. 2014, 48–49.

  4. Bona D. Todd Christofferson, “The Power of Covenants,” Liahona, May 2009, 19 20–21.

Akanyetsa Se

Ditlhomo le dikgolagano tsa tempele di re nonotsha le go thatafatsa jang?

Gatisa